Aforika Borwa e kgaratlhela ponelo-pele ya Molaotheo

Vukuzenzele unnamed

Dingwaga tse di fetileng di le 60 ka la bo 31 Mo tsheganong 1961 puso ya tlhaolele ya Aforika Borwa e ne ya tsaya legato la gore e batla go nna naga ya rephaboliki, mme ka go dira jalo e ne ya supoga mo dinaleng tsa go laolelwa ke Bogosi jwa Britain.
 Ka bomadimabe le fa re itse gore naga ya 'rephaboliki' e raya gore ke naga e e ikeme-tseng e e laolwang ke baagi ba yona le batho ba ba ba tlhophileng, mo nageng ya Aforika Borwa seno se ne se se jalo.Molaotheo wa rephabo-liki ya puso ya tlhaolele o ne o ema nokeng Modimo a le mongwe fela, "yo a kgobokantseng badimo ba bona go tswa kwa dinageng tse dintsi tse di farologaneng mme ba ba neela lefatshe leno go nna la bona ba le esi".Ono e ne e le Molaotheo yo o kwadilweng ke morafe yo monnye mo merafeng ya ka kwano mme o kwaletswe bona, e bile o ne o dirisa tu-melo jaaka segai sa go sire-letsa bosula jo ba neng ba bo dira. Molaotheo ono o ne o tlhomile tsamaiso ya puso e e direlang fela batho ba mmala o mosweu, e bile e ne e le bona fela ba ba letleletsweng go tsenela ditlhopho le go emela baagi mo pusong. Mo go ona go ne go sena Molaotlhomo wa Ditshwanelo tsa Batho.Bontsi jwa baagi ba ne ba sa tseelwe tlhogong ka dikgatlhegelo tsa bona di ne di beetswe kwa tlasetlase mo ditaelong tsa motheo di le 121 di felelang teng tsa Molaotheo ono, mo kgaolong e e neng e reilwe setlhogo sa 'Taolo ya Merero ya Bathobantsho, jalo le jalo'. Mo molaetseng wa thelebišene Tonakgolo HF Verwoerd o ne a re: “Re tshwanetse go tlhabolola morafe yo mongwe le yo mongwe wa rona ka tsela e e rileng. Mo ntlheng eno thuso e re e tlhokang ke go busiwa ke botlhale jwa motho yo mosweu.”O ne a netefaletsa lefatshe gore, “re ipela go le maswe gore jaanong re setšhaba se le sengwe”.Fela boammaruri tota e ne e le gore seoposengwe se a buang ka sona mo bathong ba naga ya rona se ne se se teng.Re ne re le baagi mo nageng eo ditshwanelo tsa batho ba bangwe, katlego ya bona le botshelo jwa bona bo neng bo laolwa ke ba morafe yo mongwe.Sebaka sa dingwagasome di le pedi, Molao wa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1961 o ne o dirisi-wa jaaka komang kanna ya melao e e neng e gatelela 90% ya baagi ba Aforika Borwa.Segopotso seno se se re gopotsang manyaapelo a a diragetseng se diragetse ka kgwedi e le nngwe le eo re neng re keteka segopotso sa ngwaga wa bo 25 wa fa e sale re tlhoma Kokoano ya Molaotheo ya Molaotheo wa temokerasi ya rona e ntšhwa e e renang ka Molaotheo, e leng ona sesupo sa nnete sa merafe e e kopaneng go nna setšhaba se le sengwe.Gompieno re na le molao o le mongwe o o direlang setšhaba se le sengwe. Rona rotlhe re itlhophetse ka bo-rona thulaganyo ya puso e e supang bokao ba mmatota ba puso ya rephaboliki.Mo temokerasing ya rona ya rephaboliki re boletse gore motho mang le mang molao o tla ba direla ka go lekana, wa ba sireletsa ka go lekana le go ba tswela molemo ka go lekana.Gompieno mo nageng ya Aforika Borwa tsamaiso ya molao e mo diatleng tsa 'kgotlatshekelo tse di ikemetseng mme ditheo tsa molao di ikarabela mo Molaotheong.Re tshelela mo nageng eo mo go yona motho mang le mang a nang le tshwanelo ya go ka leba kwa kgotlatshekelo go sireletsa ditshwanelo tsa gagwe.Re tshela mo lefatsheng leo baagi ba ka tsenyang dikopo tsa semolao tsa go busediwa mafatshe a bokokokhukhu ba bona ba ba kileng ba ntshiwa mo mafatsheng a bona ka dikgoka, mo nageng eo batho le ba malapa a bona ba sire-letsegileng go ka ntshiwa mo malapeng a bona ka mabaka a a tsewang ke phefo.Re tshela mo lefatsheng leo motho mang le mang a letleletsweng go dira sengwe le sengwe se setso sa gagwe se mo laelang go se dira. Eno ke naga e mo go yona motho mang le mang a letleletsweng go ka tsenela mogwanto o mongwe le o mongwe o a ba-tlang go o tsenela a gwantela merero ya leago, dipolotiki le e mengwe le e mengwe e e mo gwetlhang ka fa teng.Molaotheo wa naga ya rona o kwadilwe ka tsela eo mo go ona puso e tshwanetseng go nna le maikarabelo, mo Batlhankedibagolo ba puso ba ikarabelang mo batlhankeding ba Palamente ba ba romilweng ke baagi go emela dikgatlhegelo tsa bona.Eno ke naga e mo go yona molao o dirisiwang ka go lekalekana mo baaging ba yona. Eno ke puso ya batho, e e direlang batho e bile e laolwa ke batho.Fa puso ya tlhaolele e ne e pepesa ka makoko Mo-laotheo wa yona mo lefatsheng dingwaga di le 60 tse di fetileng, e ne e ithaa e re e fentse.Mo lekwalong le Verwoerd a sa itshwenyang go le ara-ba le Nelson Mandela a mo kwaletseng lona kgwedi pele naga e tlhomiwa go nna ya re-phaboliki, mo teng o ne a eme ka le le reng mekgatlho ya go lwela kgololesego ya re nama ya kgapeletsa e thuba pitsa mme ka jalo e kgatlhanong le dikgato tsa go gapelediwa go busiwa ke puso ya basweu.O ne a re ga go Molaotheo kgotsa mofuta ope wa puso o o tlhophilweng go dirisiwa ntle le go sekegela bana ba mmala wa sebilo tsebe o o tla retiwang gore o na le botho.Ke boammaruri ga go thu-laganyo epe e e ganetsang batho ba bangwe go nna le ditshwanelo e e kileng ya tshelela saruri. Le fa go tsere dingwagasome di le tharo gore mekgatlho ya kgololese-go e iponele kgololesego eno, kwa bokhutlhong re e bone. Fa re konopela Molaotheo wa puso ya tlhaolele mo ditlakaleng tsa hisetori ya rona, re ne ra ikana ka Molaotheo o montšhwa mmogo le metheo e mengwe e mentšhwa. Fa ke ne ke eme Kokoano ya Molaotheo ka lefoko dingwaga di le 25 tse di fetileng ke ne ka gatelela gore Mo-laotheo wa rona o tshwanetse go se nne fela bokao jwa ma-foko jo bo kwadilweng mo pampitshaneng; o tshwanetse go diragatsa seo re se bo-nang ka matlho a nama mo matshelong a batho ba naga ya rona. Fa re sa dire jalo, tokomane eno ya phetogo le tswelopele mo matshelong a rona e tla felelwa ke mosola le bokao mo bathong ba naga ya rona.Ga re a bolo go tsaya ditshwetso tsa gore re batla go ipona re le setšhaba se se ntseng jang. Re batla go nna le setšhaba se se tlotlang seriti sa batho, se go nang le tekatekano mo go sona, se go nang le kgololesego e bile go sena tlhaolele. Sebaka sa kotara ya ngwagakgolo re ntse re tsweletse go aga setšhaba se re buang ka sona seno.Re dirile kgatelopele e go seng ope yo a ka e ganetsang, mme le fa go le jalo re santse re tobane le dikgwetlho tse di seng kana ka sepe mme e bile gape go santse go le go gontsi go re santseng re tlhoka go go dira. Jaaka re keteka segopotso sa go tsenya tirisong Molaotheo wa temokerasi ya rona, re tshwanetse go ikgopotsa gore re tswa kgakala go le kae moo puso ya nako eo e neng e itshametse ka tlhaolele ya bosemorafe, e ja batho ba bangwe ntshu, e tseela batho ba bangwe naga le dithoto le go ba gatelela mme ditiro tseo tsotlhe re ikinotse mo teng ga tsona.Re tshwanetse go gopola gape le gore ke rona ba re ka dirang gore ponelopele e e tlhagelelang mo Molaothe-ong wa rona e tshele mme re e bone le ka matlho a rona a namana. Fa re ka netefatsa gore maAforika Borwa otlhe a kgona go diragatsa ditshwanelo tsa bona tsa molaotheo ka botlalo ntle le go kgorelediwa, ke teng moo ka boammaruri re tla nnag seoposengwe.