Sireletsa bana mo dithogakanong tsa mo inthaneteng  

Kgaogelo Letsebe 

Bosetlhogo le ditlamo rago tse di sa jeseng  diwelang tsa ditho gakano tsa mo inthaneteng tse bana ba itemogelang tsona di tlhageletse mo pe peneneng mo dikgweding tse di sa tswang go feta.
Mo ditiragalong tsa sešweng tsa dithogakano tsa mo intha neteng kwa bokhutlong moru twana wa Mophato wa bo 10 e bong Lufuno Mavhunga, o feleditse a ipolaile morago ga gore morutwana mongwe a mobetse. Mavhunga o ipolaile ka go ikatela le go kometsa dipilisi go feta selekano ka ntlha ya gore bidio eo mo go yona a rekotilweng a bediwa e pepentshitswe mo mafara tlhatlheng a ditlhaeletsano.
Moitseanape wa pabalesego mo ditiragalong tseno tsa go tlhapaolwa mo inthaneteng yo a direlang Lekgotla la Di patlisiso tsa Saense le Intaseteri (CSIR) a re dithogakano tsa mo inthaneteng di utlwisa botlhoko jwa ntho mo baneng mme di ka dira gore ba iko bonye, ba hutsafale, ba fege lwe, ba tšhakgale, ba etsaetsege le go boifa.
“E ka dira gore ba feletse ba ikgalala, ba tlole molao, ba rate dintwa kwa dikolong, ba fetlhe mathata ka fa malapeng a bobona le go nna le megopolo ya go ipolaya,” go tlhalosa mobatlisisimogolwane wa kwa CSIR e bong Sipho Ngobeni.
Dithogakano tsa mo intha neteng di diriwa ke fa motho mongwe a dirisa didirisiwa tsa go tlhaeletsana tsa eleke teroniki go kgopisa mongwe ka bomo, go mo tshosetsa, go mo tshegisa ka batho, go mo  tlhabisa ditlhong, go mo kgo tlha ka monwana mo leitlhong, go mo sala morago, go mo ntsha  seriti kgotsa go dira gore batho ba mo je setshego.
Ngobeni a re dipatlisiso di bontsha gore 41% ya bana botlhe gantsi ba simolola go ikobonya morago ga gore ba rogakakwe mo inthaneteng, ba bangwe ba ba ka dirang 37% bona ba simolola go ikgalala, ba ba ka dirang 26% ba nna le megopolo ya go ipolaya mme ba ba ka dirang 25% ba simo lola go ikentsha dikgobalo mo mebeleng ya bona.
“Dipatlisiso di supa gore dithogakano tsa mo intha neteng ke ntlha e e tshwenyang thata. Go dira gore baagi botlhe ba nne le seabe mo ntlheng eno – bašwa, batsadi, barutabana, badisi ba kobamelo ya molao le ditlamo tsa bobegakgang – e tla bo e le selo sa botlhokwa thata mo go samaganeng le bothata jono,” o tlaleleditse ka go rialo.
Bontsi jwa dithogakano tseno tsa mo inthaneteng bo diragala mo mafaratlhatlheng ano a di tlhaeletsano, mo bathong bo tlhe ba ba dirisang Instagram , 42% ya bona e itemogela dithogakano tseno, mo ba ba dirisang Facebook , 31% ya bona e itemogela dithogakano tseno, mo ba ba dirisang Snapchat , 31% ya bona e itemogela dithogakano tseno, mo ba ba dirisang WhatsApp , 12% ya bona e itemogela dithoga kano tseno, mo ba ba dirisang YouTube , 10% ya bona e itemo gela dithogakano tseno fa mo bathong botlhe ba ba dirisang Twitter , 9% ya bona e le e e ite mogelang dithogakano tseno.
Moitseanape wa kwa CSIR e bong Rofhiwa Netshiya a re thuto ya tlhokagala go ruta batho ka mefuta yotlhe ya dithogakano tsa mo intha neteng.
“Re tshwanetse go ruta bana gore dithogakano tsa mo intha neteng di ka nna le ditlamorago tse digolo,” o tlhalosa jalo.
Gore ba kgone go lwantshana le dithogakano tsa mo intha neteng, setlhopha sa CSIR se samagane le tiro ya go dira epe ya go korola dithogakano tsa mo inthaneteng mo mafara tlhatlheng a ditlhaeletsano.
“Epe eno e tla korola ka gang dithogakano tsa mo intha neteng mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano mme di iletse batho ba ba dirisang puo e e tletseng letlhoo go dirisa ma -faratlhatlha ano. Pele e ka iletsa motho go dirisa mafaratlhatl ha  ano, e tla simolola pele ka go mo kgalemela makgetlo a se kae ka go mo romela melaetsa makgetlo a le mararo, mme fa motho yoo a itira thuntsebe, e tla mo iletsa go ka dirisa mafaratlhatlha ano,” ga rialo Netshiya.
O eletsa batsadi go tsenya diepe tse di disang tiriso ya inthanete mo megaleng ya seatla ya bana ba bona go bona gore ba dira eng fa ba le mo megaleng ya bona.
“Go na le diepe tse dingwe tse di sa bitseng go le kalo tse di ka disang ka fao bana ba gago ba dirisang megala ya bona ya seatla ntle le gore ba itse ka di go romela imeile go ya ka fao o batlang ka ga seo ba se dirang fa ba le mo megaleng.
Tsona di botlhokwa thata go bona gore ba etela diwebesaete di fe mo inthaneteng, ke eng se ba se taoneloutang, ba bua le bo mang e bile ba romelana le bo mang melaetsa.”CSIR e abela batsadi dike letso tse di latelang fa e le gore ba na le pelaelo ya gore bana ba bona ke batswasetlhabelo ba dithogakano tsa mo intha neteng:
• Netefatsa gore ngwana wa gago o ikutlwa a babalese gile, ba neele tshegetso e ba e tlhokang.
• Thusana le ngwana wa gago gore le kgone go utlwa na gore ke kgato e fe e le dumelanang ka yona gore e tshwanetse go tsewa.
• Tšhotlha kgang eno ya dithogakano tsa mo intha neteng le sekolo se se ame gang.
• Ikgolaganye le batsadi ba ngwana yo a rumulanang yono go batlisisa gore e ka bo matsapa di a tsaya kae mme o phimole melaetsa yotlhe e e rumulanang.
• Bula kgetse kwa sepodi sing fa e le gore go na le matshosetsi a go gobatsa ba bangwe kgotsa fa e le gore ba bangwe ba tshosediwa ka go phasalatsa diphiri tsa bona fa ba sa dire seo yo a rumulanang a batlang gore ba se dire, fa yo mongwe a ba setse morago, a ba so lofetsa go nna diphiri tsa bona ka marago fa ba ka dira se a se batlang le fa ba dirisiwa mo mererong ya thobalano etswa e le bana.
• Ruta bana ba gago gore mai tsholo a bona e tshwanetse go nna a mofuta mang fa ba le mo inthaneteng.
• Ruta bana go nna le mai tsholo tota. 