Naga ya Iseraele le ya Palestina di rotloediwa gore di itseele malebela mo nageng ya Aforika Borwa ka go kgaratlhela kagiso mo dinageng ka bobedi

vukuzenzele unnamed

Maitemogelo a  rona mo go  nneng le puso ya temokerasi ke seo re ithu tileng sona fa go tla mo ku tlwelobotlhokong, ditheri sanong le mo go ikentsheng setlhabelo.
Ntwa ya matlho a mahibidu e e tsweletseng go tuka ma lakabe magareng ga naga ya Palestina le ya Iseraele e totobatsa se rona maAforika Borwa re se tlhaloganyang sentle mme sona ke gore se tlhare sa dikgogakgogano ke go nna fatshe le buisane le go bontshana mabaka ka kagiso.
E re bontsha gape le gore fa mmidi wa bothata jo bo leng teng o sa utololwe ga go kitla go rena kagiso, mme jona ke jwa naga ya Iseraele ka go thopa ka dikgoka naga ya maPalestina mmogo le go ba tseela ditshwanelo le dithata  tsa go itlhophela gore ba batla go busiwa ke mang.
Ntwa ya sešweng jaana e bakilwe ke katlholo ya kgotlatshekelo ya Iseraele ya go koba malapa a maPale stina mo nageng ya bona kwa Sheikh Jarrah e e leng gaufi  le Botlhaba jwa Jerusalema e le maitlhomo a go tsaya naga eo gore maIseraele a age mo nageng eo.
Go bona banna, basadi le bana ba ntshiwa ka dikgoka mo dintlong tseo dikokoma tsa malapa a bona di nnileng mo mafelong ao sebaka sa dijarajara e re gopotsa mahu tsana ao bontsi jwa maAforika Borwa a fetileng mo go ona a go ntshiwa mo mafatsheng a rona ka dikgoka.
E ne e le lenyatso le le utlwi sang botlhoko leo ba lelapa la gaetsho mmogo le ba malapa a le mantsi a maAforika Borwa re itemogetseng lona. Ba lelapa la gaetsho ba ne ba ntshiwa ka dikgoka makgetlho a le mabedi mo ba neng ba nna me ba  fudusetswa kwa mafelong a a farologaneng ka fa nageng.
Go ntshiwa kwa lapeng la gaeno o supilwe ka tlhobolo ke selo se se roromisang mmele e bile ga se selo se se lebalegang, ke selo se se gopolwang le ke  dikokoma tse di tlang.
Ka fa nageng re santse re tshelela mo ditlamoragong tse di tlhodilweng ke dikgato tsa puso ya tlhaolele tsa go rulaganya mafelo a bodulo.
Rotlhe fa re le batho mme re dumela mo go lekalekaneng ga batho, bosiamisi le di tshwanelo tsa batho, re retele lwa ke go itshokela tšhakgalo e re leng mo go yona ya go bona batho ba ba jaaka rona ba maPalestina ba utlwisiwa botlhoko le go sotliwa jaaka go diragala; gonne seno se re gopotsa koo re tswang.
Se Iseraele e se dirang ke go gatakaka melao ya boditšhabatšhaba. E bontsha lenyatso le le tseneletseng la ditshwetso tse di tserweng ke Lekgotla la Tshireletso la Dinagakopano tse di laelang gore Iseraele e kgaotse go tsaya naga ya maPalestina ka dikgoka mmogo le go kgaotsa go gatakaka ditshwanelo tsa maPalestina.
Fa e sale sesole sa Iseraele se simolola go tlhasela barapedi kwa Mosekeng wa Al Aqsa kwa Jerusalema mo bekeng e e fetileng, ntwa eno jaanong e setse e aparetse le Gaza Strip, dikarolo tse dintsi tsa West Bank mmogo le diteropo di le dintsinyana tsa Iseraele.
Ntwa eno e setse e fetile ka bontsi jwa matshelo a batho, go tsenyeletsa le a bana.Ntlha e nngwe e e tshwe nyang tota ke gore sesole sa Iseraele se phutlhamisitse moago o o tlhatlhaganeng o ditlamo di le dintsinyana tsa bobegakgang di neng di direla mo go ona, seno se tsitsibanya mmele mme se re bontsha matshosetsi a bobegakgang bo tobanang le ona fa bo bega ka ntwa eno e e runtseng.
Ditlhaselo tse di setlhogo tsa sesole sa Iseraele le go pha mphololwa ga Gaza go tla nna le ditlamorago tse di sa jeseng diwelang mo bathong ba feta dimilione di le pedi ba ba nang le sebaka sa dingwaga di le 14 ba parakilweng ke Iseraele.
Re ikuela mo dinageng ka bobedi go emisa ntwa, go tlotla matshelo a batho ba bangwe mmogo le go baya marumo fatshe.
Re le naga ya Aforika Borwa re ema nokeng dikgato tsa dinaga tsa boditšhabatšhaba tsa maitlhomo a go busetsa sekeng merero ya sepolotiki e e tla busetsang sekeng naga ya maPalestina e e tla dirisanang le ya Iseraele, mme go rene kagiso mo melelwaneng ya dinaga ka bobedi e e tla the wang ka melao ya dinaga tsa boditšhabatšhaba.
Ditharabololo tsa dinaga ka bobedi di tshwanetse go tswela melemo baagi ba Ise raele le ba Palestina, mme ka jalo di tshwanetse go tswelela go tshegediwa.
Fa sesole sa Iseraele se ne se tlhasela barapedi kwa Mo sekeng wa Al Aqsa, rona mo nageng ya Aforika Borwa re ne re samagane le dithulaganyo tsa go ipaakanyetsa segopotso sa ngwagakgolo sa Dipolao tsa Batho ba le Bantsi kwa Bu lhoek mo lefelong le go neng go rapelwa kwa go lona kwa Ntabelanga kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba.
Ka la bo 24 Motsheganong 1921, sesole sa puso ya bokoloniale se tlhometse ka ditlhobolo tsa meratlatla le tse di feferang se ne sa fefera barapedi le go ba nesetsa ka dikolo, mo batho ba le kanaka 160 ba neng ba bolawa mme ba ba ka dirang 130 bona ba ne ba gobadiwa.
Dipolao tseno di ne tsa baya mo pepeneneng setlhogo, e seng fela sa Sesole sa Puso ya Aforika Borwa ya Bokoloniale, mme gape le sa thulaganyo ya tlhaolele e e neng e e disa.
Fela jaaka se se diragalang mo lefelong la Sheik Jarrah, dipolao tse di setlhogo tsa kwa  Bulhoek le tsona di ne di sa ikaega fela ka go se dumele lane ga dikgopolo; mo boteng jwa tsona di ne di ikaegile ka go tseela ba bangwe dithoto le naga, go thopa naga ka dikgoka, go tlhaola batho ba merafe e e rileng le go gatelela ba ba sa dumelaneng le tseno ka go dirisa dikgoka.
Fa re leba tlhakantsuke e e diragalang kwa Dinageng tsa Botlhabagare bogolosegolo tshotlego e maPalestina a leng ka fa gare ga yona, go tla re tswela molemo go ga kologelwa mafoko a ga Selby Msimang, yo le ene e leng yo mongwe wa ba ba tlhamileng mokgatlho wa dipolotiki wa African National Congress.
Morago ga setlhogo sa go bolawa ga batho kwa Bu lhoek o ne a kwala molaetsa a re: “Hisetori e re bontshitse ka matlho gore fa mowa wa motho o sa dumelane le ditiro tse di makgwakgwa o a tle o thulane le tsona ka tlhogo”.
Megwanto le ditshupetso tse di rebotsweng ke batho ba ba neng ba gatelelwa mo Aforika Borwa ba lwantshana le puso ya bokoloniale mmogo le puso ya tlhaolele di paka bokao jwa ponelopele eno.
Rona re le barati ba kgolo lesego le bosiamisi re ema no keng maPalestina mo ntweng ya bona ya go lwela boipuso, mmogo le mo go ikemele leng go lwa kgatlhanong le kgatelelo ya ditshwanelo tsa bona tsa botho le go ganediwa ka seriti sa bona.
Re le baagi ba re kgonneng go fedisa letlhoo la bosemorafe le tshololo ya madi mme ra aga setšhaba se se akaretsang bo tlhe se moodi wa sona o leng ka ga ditshwanelo tsa batho botlhe ka go tshwana, re solofela gore Iseraele le Palestina le tsona di tla gata mo motlhaleng wa rona; ba tla itshwarelana mme ga rena kagiso.