Go gosomela ka tlhogo mo motsokong o ka ipiletsa dingalo mo boitekanelong jwa gago

Kgaogelo Letsebe 

MO GO TLOTLENG  Letsatsi la Lefatshe la go Kgaotsa Tiriso ya Motsoko ka la bo 31 Motsheganong, ba Vuk’uzenzele  ba buisana le mongwe yo a neng a gosometse ka tlhogo mo motsokong gore ene o tswile jang mo nkgong eno ya tiriso ya motsoko.
Katlego Makhanda yo a nnang kwa Moiletswane kwa porofenseng ya Bokone Bophirima o tlhaloganya sentle gore go boima jang go tlogela motsoko.
Pele a ka tlogela motsoko mo dingwageng di le nne tse di fetileng, Makhanda wa dingwaga di le 28 o ne a goga metsoko e feta e le 30 ka letsatsi.
O ithutile go tsuba a na le dingwaga di le 18 ka ntlha ya go wetswa ke dithaka tsa gagwe.
“Ke ne ke sena kgatlhego epe mo go gogeng motsoko mme fa ke dira materiki dithaka tse ke neng ke tsalane le tsona di ne di nkgobera ka gore ke saletse morago mme ga ke tsamaye le dinako ka ke ne ke sa tsube.” Kwa tshimologong  Makhanda o ne a goga motsoko o le mong kgotsa e mebedi fela ka letsatsi, mme mo tsamaong ya nako palo eno e ne ya oketsega.
“Morago ga go konosetsa materiki, ke ne ka ya go ithuta kwa yunibesiti mme ka ntlha ya fa koo e le kwa mme ga a mpone, ke fetile ka wela mo nkgong ya notagi.
Mme le tiriso ya motsoko le yona e ne ya tlhatloga.” Ka ngwaga wa 2017, Makhanda o ne a bobola thata mme a tshwanelwa ke go robala kwa sepetlele.
Go ne ga fitlhelwa a na le legato la bobedi la bolwetse jwa tshukiri mme o bobotse sebaka sa dibeke a palelwa ke go tswa mo phateng.
“Ngaka e ne e tlhamaletse gore fa ke sa tlogele motsoko nka se fole. Ka ona motsotso oo ke ne ka tsaya tshwetso ya gore ke a o tlogela.”Ngaka Midah Maluleke wa kwa porofenseng ya Mpuma langa a re motsoko o kotsi thata mo dirweng tse dintsi tsa mmele.
“Malwetse a a jaaka bolwe tse jwa kankere, bolwetse jwa pelo, bolwetse jwa go swa letlhakore, bolwetse jwa mafatlha, bolwetse jwa tshukiri mmogo le malwetse a a fetelang a a kgoreletsang dirwe tsa go hema go dira ka tshwanelo a ka tlhodiwa ke go goga motsoko.
“Dipatlisiso di supa gore bagogi ba motsoko go na le kgonagalo e e kana ka 30% le 40% ya gore ba ka tshwarwa ke legato la bobedi la bo lwetse jwa tshukiri go gaisa ba ba sa gogeng. Go goga motsoko gape go dira gore go nne boima go alafa bolwetse jono,” o tlhalosa jalo.
Dikeletso tsa go go thu sa go tlogela motsokoMokgatlho wa Naga ya Aforika Borwa wa Merero ya Bolwetse jwa Kankere (CA NSA) o abelana ka dikeletso tse di latelang fa e le gore o batla go tlogela motsoko:  Nagana ka letsatsi le o batlang go tlogela ka lona mme o dire jalo fa le goroga.
  Latlha sengwe le sengwe se se ka dirang gore o kgalege motsoko. Fano re bua ka dipaki tsa me tsoko, dipitsana tse mo tsoko o thinthelwang mo go tsona, didirisiwa tse di kuketsang motsoko le sengwe le sengwe sa mothale ono.
  O nwe metsi a mantsi – a tla go thusa go ntsha masaledi a motsoko mo mmeleng wa gago.
  Itsese balelapa le ditsala gore o mo dikgatong tsa go tlogela motsoko gore le bona ba tle ba go tshegetse.
  Fa o sena go tlogela motsoko o tla ikutlwa ekete o tsewa ke sedidi, o opiwa ke tlhogo kgotsa o gotlhola. Seno ke se se tshwanetseng go dira -gala mme morago ga letsatsi kgotsa a mabedi o tla ikutlwa o le botoka mme morago ga matsa tsi a a sa feteng a le 14 o ka se tlhole o ikutlwa o le jalo.
Makhanda a re leeto la gagwe le ne le le boima tota, fela o ikemiseditse gore ga a sa batla go bona motsoko le mo o gatileng gone.
“Tleliniki ya kwa mo tseng o ke nnang kwa go ona mmogo le badiredi ba yona ba nkeme nokeng le go nnela tshedimosetso ka botlhokwa jwa go se goge motsoko. Kwa tshimologong monko wa motsoko o ne o batla go nkgogela mo thae long, fela jaanong ke setse ke itlwaolotse seno,” o tlaleletsa ka go rialo. 

