Bobegakgang jwa bogatlhamelamasisi jaanong bo tlhokagala thata go feta mo malobeng

vukuzenzele unnamed

Re tshela mo na geng eo baagi, e seng fela babega kgang, ba gololesegileng go ka ntsha maikutlo a bona, seo ba se akanyang le dingongorego tsa bona ntle le go boifa gore ba ka tle ba gatelelwa.
Re tswa kgakala mo badira gatsi ba neng ba ilediwa go diragatsa fa e le gore ba dira ditshupetso mo mererong ya loago, mo babegakgang ba ba neng ba utulola diphiri ba neng ba otlhaiwa ka go tshwariwa kgotsa go tswalela lefelo leo ba neng ba le direla.
Sešweng jaana Mokgatlho wa Babegakgang ba ba sa Beelwang Melelwane o phasaladitse Pegelo ya Kgo lolesego ya Makwalodikgang mo Lefatsheng ya ngwaga wa 2021, e leng pegelo e e bontshang ka fao bobega kgang bo gololesegileng go dira tiro ya jona ka teng mo lefatsheng lotlhe.
Go fitlhetswe gore ka gotlhe tshedimosetso ga e sa tswa ka fao e tshwanetseng mme e bile gape dikgoreletsi tsa go bega dikgang di tlhatlogile mo dinageng di le dintsi nyana.
Pegelo eno e re bobega kgang "bo thibetswe ka go tlhelele go dira tiro ya jona" mo dinageng di le 73 mme gape mo dinageng di le 59 "bo a kgorelediwa".
Se se tshwenyang tota ke gore mo pakeng ya lerobo robo la COVID-19  kgolo lesego ya bobegakgang go itlhokomolositswe yona thata, mme melaokiletso e e farologaneng e e tsentsweng tirisong e ntse e dirisiwa go thibela tiro ya bobegakgang mo dikgaolong di le dintsi nyana.
Mo pegelong eno ya sešweng Aforika Borwa e mo maemong a bo 32 mo di nageng di le 180. Pegelo eno e tlhalosa gore kgololesego ya bobegakgang mo nageng ya Aforika Borwa "e enngwe nokeng fela e santse e na le makoa a yona".
E tlhalosa gore le fa Mo laotheo wa naga ya Aforika Borwa o sireletsa kgololesego eno e bile gape e le setlwaedi gore bobegakgang bo dira dipatlisiso, go santse go na le dikgoreletsi di le dintsinyana tse di kgoreletsang babega kgang go dira tiro ya bona.
Tseno di tsenyeletsa go isiwa kwa kgotlatshekelo fa ba tsaya ditshwantsho tsa Meago e e Botlhokwa ya Puso kgotsa fa ba bega ka sengwe se se amanang le Tshirele tsego ya Puso.
Pegelo eno gape e nopola le matshosetsi a a tlhatlogang a go tshosetsa babegakgang mo ngwageng wa 2020, bogolo jang babegakgang ba bomme a a diriwang mo mafaratlha tlheng a ditlhaeletsano.
Ditiragalo tsa matshosetsi tsa mothale ono ga di amo gelesege ka gope, bogolo jang fa di totile babegakgang ba bomme e bile ka dinako dingwe di ba tshosetsa ka go ba betelela. Eno ke ntlha e e re tshwenyang tota mme ga se selo se se tla letlelelwang.
Le fa go le jalo, re itumelela kitso ya gore mo nageng ya rona re na le bobegakgang jo bo gololesegileng jwa boga tlhamelamasisi jo bo begang dikgang ntle le go tshaba kana go tsaya letlhakore la bao ba busang, bo bega ka dintlha tse di tlhobaetsang tse re tshelang mo go tsona, mmogo le go begela baagi tshedimosetso e e nepileng e e sa sokamang.
Mo nakong eno gore re kgone go thusana go tsoso losa ikonomi ya naga ya rona le setšhaba sa borona mo leroborobong la mogare wa corona , re tlhoka bobe gakgang jo bo gatlhamelang masisi.
Babegakgang ba Aforika Borwa ba nnile le seabe se se botlhokwa thata mo go utuloleng kitso e ga jaana re nang le yona ka ga bogolo jwa dikgato tsa go goga puso ka nko tseo di neng di diriwa ke batho ba ba ikgathalelang ba le esi, ba ba bonweenwee mmogo le ditheo tseo ba di direlang.
Ba ne ba tswelela go bega dikgang tsa bona le fa ba ne ba tshosediwa, ba fiwa tshedi mosetso e e fosagetseng le go sotliwa.
Bonweenwee ke jone kgwe tlho e le esi e naga ya rona e tobaneng le jone. Ka ntlha ya jone, maAforika Borwa a le mantsi letsatsi le letsatsi a tshelela mo khumanegong e bile ga ba thusiwe, ga ba lekane e se meno, ba abelwa kabo ya ditirelo e e bokoa e bile ga ba neelwe ditšhono.
Fa bobegakgang bo batla go tswelela ka tiro ya jone ya go tshegetsa temokerasi, babegakgang ba rona ba tshwanetse go se fele lentswe mo go begeng dikgang ntle le go tshaba kgotsa go tsaya le tlhakore ka merero e mengwe e e diragalang e re tshelang mo go yona.
Ba tshwanetse go bega dikgang tse di ka ga Pogiso e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV), bosenyi mo metseng e re nnang mo go yona mmogo le maitshwaro a a bodileng mo baaging a a jaaka tirisobotlhawa ya diritibatsi.
Bobegakgang jwa naga ya rona bo tshwanetse go bega dikgang tse di nang le tshedi mosetso e e nepileng e e sa tseyeng letlhakore, go thusa baagi gore ba kgone go itseela ditshwetso ka tshedimosetso eno, gore ba kgone go iponela ditšhono ba tle ba tokafatse matshelo a bona.
Ba tshwanetse go tswelela go diragatsa bobegakgang jo bo sa lebelelang fela gore ba tlhagise ditlhogo tse di ngokelang le dikgang tse di gatisiwang mo letlakaleng la ntlha la makwalodikgang mme di tswela batho mosola.
Ba tshwanetse go bega dikgang tse di itumedisang le tseo di sa itumediseng, kgatelopele e re e dirang le dikgwetlho tse re tsamayang re kopana le tsona.
Go tshepagala ke selo se se botlhokwa thata se se dirang gore baagi ba tshepe babe gakgang.
Fa babegakgang ba letlelela go dirisiwa kana gore di rala tsa bona di dirisediwe go emelela boradipolotiki ba ba rileng le go lwantshana le boradipolotiki ba ba rileng kgotsa gona go dirisediwa go ipusuletsana le go betsana ka noga e tshela, baagi ba latlhe gelwa ke tshepo mo go bona.
Fa babegakgang ba  phasalatsa dikgang tse di senang nnete kgotsa tseo ba itseng sentle gore ga se tsa boammaruri, baagi ba latlhe gelwa ke tshepo mo go bona.
Botlhe ba ba ratang naga eno ya rona mme ba eletsa gore e ka atlega ba tshwanetse go ema nokeng bobegakgang jwa ka fa nageng ya rona, le go netefatsa gore ga bo kgorelediwe mo go direng tiro ya jona.
Re le baagi, tla re tsweleleng go dirisana mmogo gore re sireletse kgololesego ya bobe gakgang ba naga ya rona.
Kgololesego eno e lwetswe ka thata mme ntle le yona, ga re kitla re slofela go atlega.