Re leboga baoki ba rona

Allison Cooper

Baoki ba ka fa nage ng, mmogo le badire di ba lekala la boite kanelo, ba ikentshitse setlha belo gore ba thuse ba ba ngwe mo leroborobong la Bole tse jwa Mogare wa Corona (COVID-19).
Letsatsi la Boditšhaba tšhaba la Baoki, le le keteki wang ka la bo 12 Motshega nong, ke letsatsi la go keteka mosola wa baoki ka ditirelo tsa bona mo go thuseng batho ba  bangwe.
Mooki Luyanda Ganuganu wa dingwaga di le 25, kwa Sepetlele sa Groote Schuur kwa porofenseng ya Kapa Bophi rima, a re letsatsi leno gape le naya baoki tšhono ya go babadiwa go bontsha botlhokwa jwa tiro e ba e dirang.“Ke tšhono ya gore mosola wa baoki o bonagale, le fa go le jalo re tshwanetse go se emise go tlamela ka tirelo ya tlhokomelo ya boitekanelo e e boleng, bo golojang fa re tobane le leroborobo leno,” a re jalo.
Ganuganu e ne e le yo mo ngwe wa ba ba neng ba di goga kwa pele mo lekhubong laditshwaetso tsa ntlha le tse di ipoang sebedi tsa leroborobo leno, mo a neng a dira mowateng ya sepetlele ya tlho komelo e e tseneletseng ya ba lwetse ba COVID-19 .
“Selo se se itumedisang ka go dira mo lefelong leno ke go di risana le balwetse, fela selo se se sulafatsang tota mo go dire leng mo wateng eno ke go bona batho ba tlhokafala ka bontsi.
Seno se ne se hutsafatsa tota.”Ganuganu, yo a nang le se baka sa dingwaga di le pedi a dira jaaka mooki, a re o  itlhophetse go nna mooki ka ntlha ya fa a na le lerato la go thusa batho.
“Ke goletse kwa metsesele gae mo porofenseng ya Kapa  Botlhaba mme ke godile ke bona tshotlego e batho ba itemogelang yona ka ntlha ya go tlhoka ditleliniki le  tlhokomelo ya baoki. Seno se ne sa ntlhotlheletsa gore ke nne le phisegelo ya go thusa batho,” o tlhalosa jalo.
Mo nakong ya leroborobo  Ganuganu o ne a tshwanela ke go ithuta go dira ka natla.
“Re ne re tshwanelwa ke go tsaya ditshwetso ka lepotla potla le go tla ka ditharabololo kabonako. Ke ne ka ithuta gape le go bua le balwetse ka tshwa nelo,” o tlaleleditse jalo.
Go ne go le boima mo go  Ganuganu fa re ne re tsena mo lekhubung la ditshwaetso tse di ipoang sebedi. Le fa a ne a batla go thusa batho ba ba ngwe, o ne gape a na le poifo ya go ka latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe le jwa ba lelapa la gagwe.
“Ka Sedimonthole 2020 ke ne ka tsaya sego sa metsi mme ga jaana mosadi wa me o  ithwele. Ka jalo ke bone basa di ba le bantsi ba ba ithwele ng ba thula botala ka  thogo mo wateng ya COVID19. Ke ne ka tshwa nelwa ke go nna kelotlhoko thata gonne ke ne ke sa batle go wetsa mosadi wa me mo mathateng,” o tlhalosa jalo.
Ganuganu o leboga go mena gane balaodi ba gagwe le badi rimmogo ka ene.
“Ke batla go leboga tshege tso ya bona le go nnaya tšhono ya go ithuta jaaka mooki.
Ke sengwe se se itumedi sang tota go dira le badi rimmogo ba ba tshege tsang badiri ba ba santseng ba ithuta tiro.”Molaetsa wa gagwe o a o  lebisang kwa baaging ke gore ba thusane le baoki ka go nna le maikarabelo.
“Re thuse gore re kgone go go thusa. Motho mang le  mang o itse sentle se a tshwa netseng go se dira mo pakeng ya  COVID-19 . Ka kopo tswe lelang go ikobela ditaolelo le dikiletso tsotlhe,” Ganuganu a re jalo. 
Mooki Luyanda Ganuganu ke yo mongwe wa ba ba di gogang kwa pele mogo lwantshaneng le COVID-19 kwa Sepetlele sa Groote Schuur.
