Boemelakepe jwa kwa Durban bo bulela ntletsentletse ya ditšhono mo nageng ya Aforika Borwa

vukuzenzele unnamed

Sešweng jaana ke sa tswa go etela Bo emelakepe jwa kwa Durban go iponela ka bo nna tiro e go samaganweng le yona mo go direng gore boemelakepe jono bo dire ka botswapelo le ka matse tseleko.
Morago ga kopano le botsa maisibogolo ba Transnet, ke ne ka tsena mo seketswaneng  se se supetsang dikepe tse dikgolo  tsela mo boemakepeng mme ka tsena ke tswa mo dika rolong tse di farologaneng tsa boemelakepe jono.
Go bona ka fao lefelo leno le dirisiwang ka teng o le mo sekepeng, seno se go gopotsa ka fao tiro ya lefelo leno e leng e kgolo ka teng le ka fao tiro ya teng e leng marara ka gone.
Fa boemelakepe jono bo sa dire ka manontlhotlho, lephata lotlhe la ikonomi le ka  phu tlhama, re bua ka barekisi ba ditlhagisiwa tsa kwa dinageng tsa kwa ntle ka fa nageng ya rona, barekisi ba ditlhagisiwa tsa ka fa nageng ya rona kwa dinageng tsa kwa ntle go tse nyeletsa le bareki.
Fela ka fa letlhakoreng le lengwe ke gore fa boemelakepe jono bo dira ka manontlhotlho, bo ka godisa ikonomi le go dira gore naga ya rona e nne yona e e dirisiwang ke dinaga tse di ka fa kgaolong e e ka fa borwa ya kontinente go tsenya le go ntsha ditlhagisiwa mmogo le go dirisiwa le ke dinaga tsa kontinente ka bophara.
Fa ke ne ke etetse Durban ka Diphalane 2019, dikgwebo di le dintsi mmogo le badirisi ba boemelakepe jono mo kgaolong eo ba ne ba tlhagisa dingo ngorego tsa bona mo go nna mabapi le ka fao Boemelakepe jwa kwa Durban bo dirang ka gone.
Ditlamo tse di rwalang dithoto di ngongoregile thata ka tshu betlhelano ya diteroko mmogo le sebaka se se engwang, tiegiso ya dikepe pele di ka folosa kgo tsa go pega morwalo mmogo le dinako tse di farologaneng tse di dirisiwang mo mabopong, go se tlhokomelo le go se tsosolose didirisiwa, meago le dithoto ka tshwanelo mmogo le go se dire ka botswapelo ga boemelakepe jono.
Leeto la me la sešweng jaana le ne le le mabapi  le go lekola  gore ditsholofetso tse di neng tsa diriwa go rarabolola dingo ngorego tseno di feleditse di diragaditswe kgotsa jang.
Tota go na le kgatelopele e kgolo e e dirilweng mo ngwa geng yo o fetileng mo go toka fatseng tiro ya boemelakepe jono, le fa tota COVID-19  e re  sitisitse.
Matsapa a a tserweng a setse a bonagala fa go tla mo tlhoko melong le mo tsosolosong ya didirisiwa, meago le dithoto, tshubetlhelano e fokotsegile, ga go sa emiwa sebaka mme e beli gape go setse go dirisiwa  diterene ka bontsi go na le go dirisa dirori le diteroko.
Le fa kgatelopele eno e le botlhokwa, go santse go na le namane e tona ya tiro e e santse ng e saletse morago mo go direng gore boemelakepe jwa Durban bo nne jwa maemo a a kwa godimo mo lefatsheng le mo maemong a kgaolo ya dinaga tse di ka fa letlhakoreng la borwa mo kontinenteng.
Mo dingwageng tse di fetileng, boemelakepe jono bo ntshitswe mo maemong a ntlha a bo neng bo le mo go ona mo kontine nteng go ya mo maemong a boraro, mo bo salang morago boemelakepe jwa Tangier kwa Morocco le boemelakepe jwa Said kwa Egepeta.
Go diega ga dirori le dite roko le gone go fokotsegile thata. Go fela jalo le ka didi risiwa tse di rwalang dithoto le merwalo ka 80% ya tsona di baakantswe mme ga jaa nong go gaufi le go dira gore 95% ya tsona di baakanngwe sentle go fitlhelela maemo a a beilweng a boditšhabatšhaba.
Sebaka se dikepe di se emang se fokotsegile ka mokgwa o o gagamatsang thata.
Dipalopalo tseno di ka tswa di bonagala e le tsa setegeniki e bile di sa tlhaloganyege, fela di na le seabe mo kgolong ya iko noming ya rona le mo mading a re a duelelang fa re reka dilo.
Re beile kwa setlhoeng dikga to tsa go tlhabolola tiro ya maemelakepe a rona go nna ya maemo a a kwa godimo ka go dirisa letsholo la Operation Vulindlela mme e bile gape re tsepamisitse mogopolo mo go tsosoloseng Transnet, e leng se sengwe sa ditheo tse di botlho kwa tsa puso ya rona.
Ba bolaodi jo bontšhwa jwa Transnet mmogo le ba maphata a bona a go diragatsa tiro ba ikemiseditse go fetola tiro e e bokoa ya boemelakepe jono.
Ba bolaodi ba na le maano a magolo a a itumedisang a go  atolosa lefelo leno mo dikaro long tsotlhe di le tlhano tsa lona.
Ona a tsenyeletsa a go atolosa lefelobotseno la Maydon Wharf go dira gore le dikepe tse dikgo lo le tsa sešweng di kgone go tsena mo boemelakepeng jono, go atolosa lefelopeelo la dithoto le merwalo la Lefelopeelo la  Ntlha le la Lefelopeelo la Bo bedi go thusa gore a kgone go amogela dikhontheinara di le dintsi tsa dithoto le merwalo mmogo le go aga lefelo le le ntšhwa la pholosetso ya dithoto le merwalo mo Lefelong le go Folosetswang Dithoto le Me rwalo mo go lona.
Madi otlhe a a tla tlhokagalang go tswa mo dipeeletsong tse dintšhwa mo go atoloseng ma faratlhatlha a boemelakepe jono a ka dira R100 bilione mo seba keng sa dingwaga di le lesome kgotsa go feta tse di tlang. Seno se tla fetola boemelakepe jono gotlhelele, mo bogolo jwa bona bo tla amogelang dikhonthei nara tsa dithoto le merwalo di le dimilione di le 11 go gaisa ga jaanong mo bo amogelang dikhontheinara di le dimilione di le 2.9 fela.
Maano a magolo ano a tla  tlhoka gore lekala la poraefete le nne le seabe se segolo le go dira dipeeletso. Transnet, mmogo le Boemelakepe jwa Durban ke di theo tse di botlhokwa tsa naga tse e leng tsa baagi ba Aforika Borwa.
Tirisanommogo le lekala la poraefete e botlhokwa mo go ngokeleng dipeeletso tse dintšhwa, thekenoloji le kitso e leng tseo di tla dirisiwang mo ditirong tsa boemelakepele mmogo le go tlisa didirisiwa le mafaratlhatlha a segompieno.
Go naya motlhala, Transnet monongwaga e ikaelela go phasalatsa lekwalotumelano la go aga le go tsamaisa lefelo le lentšhwa la pholosetso ya dithoto le merwalo. Seno se tla ngokela dipeeletso go tswa mo makaleng a poraefete mmogo le go tokafatsa ka fao dikho ntheinara di tlhokomelwang ka teng.
Ka dikgato tsa rona tsa go fe tola batsholateu, gannyane ga nnyane re tsweletse go tokafa tsa tiro ya maemelakepe a rona mmogo le ya diterene gore re kgone go bulela dipeeletso tse dintsi mo mafaratlhatlheng a rona. Seno se ka se fokotse fela ditlhwatlhwa tse re di duelelang mmogo le go tokafatsa maemo gore re kgone go gaisana le ma felo a mangwe a diromelantle, mme gape se tla tlhola ditiro di le diketekete.
Ka go tokafatsa tiro ya boema kepe le go tsosolosa meago ya jona, Boemakepe jwa Durban bo tla boela mo maemong a bona a go nna boemakepe bo bo dirang sentle thata mo Aforika.
Jaaka e le karolo ya Leano la rona la Tsosoloso le Kagosešwa ya Ikonomi, re tla tswelela go dira ka natla go oketsa di peeletso mo mafaratlhatlheng mmogo le go fetola diintaseteri tsa rona.
Fa go na le sengwe se leeto la me kwa Durban se setseng mo mogopolong wa me ke gore, re le maAforika Borwa re na le bokgoni jwa go ka atlega mo diporojekeng tse dikgolo le tse di botlhokwa thata.
Maikaelelo a rona a tshwa netse go tsamaelana le bogolo jwa dikgwetlho tsa rona.
Ka kgatelopele e re tsweletse ng go e bona kwa boemelake peng  jwa Durban, ka bokgoni jo bontšhwa jo re tswelelang go bo bona kwa Transnet, jaanong re na le maatla a go diragatsa seo re tshwane tseng go se dira. Re gata re ga toga go fitlhelela seo re tshwa netseng go se fitlhelela. 
