Leano la dikgwebo tsa dikgogo le tlisa katlego e kgolo mo balemiruing ba mo nageng

vukuzenzele unnamed

INTASETERI YA AFORIKA BORWA ya Dikgogo le Mae e dira bontle thata mme seno ke ka ntlha ya Leanokonokono la Kgwebo ya Dikgogo.
Fa Beverly Mhlabane a ne a ya lebentle leng go reka mae, o ne a sa itse sepe gore e tla re a boa koo tlhaloganyo ya gagwe ya bo e thuthu sitse kakanyo e e tla mo direlang kgwebo e e tla atlegang.
“Ka le lengwe la matsatsi ke ne ka leba lebentleleng go ya go reka mae mme ke ne ka fitlhela tlhwatlhwa ya ona e le kwa godimo thata.
Ka ntlha ya seno ke ne ka tsaya tshweetso ya go reka dikgogo tse di beelang mae gore ka fa 'tlong re ijele mae a tsona,” o tlhalosa jalo.
Kgogo e beela lee morago ga sebaka se sengwe le se sengwe sa diura di le 26, mme seno se re raya se re Mhlabane o ne a kgona go iponela bonnye jwa mae a le robedi kgotsa a le robongwe ka letsatsi.
Morago ga dikgwedi di le pedi, mae ano o ne a simo lola go a rekisetsa baagisani ba gagwe. Seno se ne sa dira gore a fetole karatšhe ya gagwe go nna lefelo la go thuthusa mae. Ka nako eo o ne a na le tshingwana ya merogo.
Mhlabane, yo mo malobeng a neng a dira jaaka moenje nere, ga a bolo go loga maano a go tswa mo tirong gore a itshimololele kgwebo ya gagwe ya go aga le go rekisa madulo. Ka ngwaga wa 2014, sebakanyana morago ga gore a reke dikgogo tsa gagwe, o ne a reka diheketara di le pedi tsa lefatshe kwa Benoni, Gauteng, mme maitlhomo a gagwe e ne e le go aga mafelo a bodulo.
Mme o ne a retelelwa ke go tswela pele ka leano la gagwe ka ntlha ya gore le bala leo le ne le umakilwe ke masepala gore le tshwanetse go dirisediwa temothuo. O ne a tsaya tshweetso ya gore a oketse temothuo ya gagwe.
Tsela e e motsopodiaLe fa go le jalo, ka ntlha ya go tlhoka mafaratlhatlha a a jaaka terata, ditanka tsa metsi le motlakase, naga eno o ne a simolola go e dirisa ka ngwaga wa 2016.
Mosadi yono wa dingwaga di le 49 o gakologelwa ka fao a neng a tsaya matsapa ka gone o fitlhele a le mo Google a dira dipatlisiso ka ga temothuo.
Matsapa a gagwe a go to toba a mo tswetse molemo, gompieno ke mong wa po lasa ya Zapa Farm, kgwebo e kgolo e e atlegileng ya temothuo.
O okeditse ditlhagisiwa tsa gagwe ka go dirisa polase ya gagwe ya diheketara di le pedi mme a oketsa tlhagiso ya mae a dikgogo tsa gagwe mmogo le go jala sepinatšhe, morogo wa sepaile, pepere e tala le ditamati, tseo a neng a di rekisa mo motseng, mme kwa bokhutlhong o ne a setse a lema mela e megolo e mebedi ya merogo mo lebaleng la bogolo jwa heketara le halofo mmogo le go aga mafelo a go beela le go thuthusa mae a bogolo jo bo kgonang go boloka mae a le 5 000 le a le 2 000.
Gare ga a mangwe a mantsi, polasa eno e tlamela mabentlelebojelo a Wimpy a le mane, Pick n Pay, hotele ya Holiday Inn mmogo le mabentlele a a potlana a mo motseng.
“Le fa go le jalo, re santse re tlhaela gonne batho ba ba re rekelang ba bantsi go feta ditlhagisiwa tse re nang le tsona mme ka ntlha ya seno, re reka mae a mangwe mo batlhagiseng ba mo motseng wa rona. Re reboletswe tetla go latela gore ditekolo tsa go sekaseka kgwebo ya rona go bona gore e ka nna le seabe se se sa siamang mo tikolo gong fa re ka oketsa tlhagiso ya mae go ka tlhagisa a le  120 000 di se bone kotsi epe mme ka jalo re emisitswe ke kgang ya matlole gore re kgone go oketsa tlhagiso ya rona,” o tlaleleditse jalo.
Leanokonokono la Kgwebo ya DikgogoMhlabane o tsamaile a bona thuso gore e nne molemirui yo o atlegileng. Ke o mongwe wa balemirui ba ba santseng ba gola ba Leanokonokono la Kgwebo ya Dikgogo le ba  tswetseng mosola, mme le ano leno le kwadilwe ke puso mmogo le bannaleseabe ba intaseteri eno, go tsenyeletsa le barui ba dikgogo, batlhagi si, bareki ba ditlhagisiwa tsa dinaga tsa kwa ntle mmogo le mekgatlho ya badiri.
Leano leno le le saenilweng ka ngwaga wa 2019, mai tlhomo a lona ke go oketsa ditiro mo intasetering eno ka go tsaya dikgato di le dintsi nyana go di tsenya tirisong mo tsamaong ya dingwaga di le mmalwa tse di tlang.
Ke ka ntlha ya leano leno go bo Mokgatlho wa Aforika Borwa wa Badiri ba Ditlamo tsa Dikgogo (SAPA) o due letse laesense ya tiriso ya metsi ya Mhlabane mmogo le go mo isa katisong go ka tisetswa go itse ka tlhagiso ya mae.
Tshegetso ya balemi ruiMolaodikakaretso wa SAPA Izaak Breitenbach a re intaseteri eno e beeleditse dimilione di sena palo go ema nokeng balemirui ba bathobatsho mmogo le go godisa tlhagiso mo lekaleng la dikgogo ka 5%. Mo seba kanyaneng fela sa dikgwedi di le 12, balemirui ba dijalo ba le 13 ba bathobatsho ba neilwe dikonteraka mme seno se tlhodile ditiro di le 960.
“Intaseteri eno e beeleditse bokanaka R870 milione go tlholela balemirui ba dijalo ba bathobatsho ba le 50 ba ba neilweng dikonteraka dima raka mmogo le go rulaganya dikgato tsa go rekisetsa dinaga tsa kwantle gore re kgone go tlhola ditiro. Inta seteri eno gape e tlhomile mmogo le go duelelela ba lemirui ba bathobatsho ba le 19 ba ba leng mo letsholong la Lefapha la Temothuo, Pu setsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae dithuto tsa go ithutela kgwebo,” o tlha losa jalo.
Balemirui ba bathobatsho ba ba ikemetseng ba le 40 le bona ba neelwa dikgakololo le katiso mabapi le kgwebo ya dikgogo.
“Intaseteri eno gape e na le sefalanatshedimoso sa dikgwebopotlana, tsa mo magareng le tse digolwane (di-SMME) tsa balemirui ba le 670 ba re ba thusang ka go ba abela tshedimosetso e e maleba,” o tlhalosa jalo.
Mo godimo ga seno, SAPA e phasaladitse buka e e ka thu sang balemirui ka tlhagiso ya dikgogo le ka fao ba ka kwalang maano a dikgwebo tsa bona.
Batlhagise ba dikgogo ba solofeditse go beeletsa bo kana ka bilione le halofo ya diranta mo mafelong a bona a tlhagiso mo sebakeng sa dingwaga di le nne tse di tlang, mme seno se tla tlhola ditiro tse dingwe gape di le 4 000.
Intaseteri eno gape e tla beeletsa bokanaka  R1.7 bilione e e tla dirisedi wang go tlhoma dikonteraka di le 50 tsa bagwebi ba bale mirui. Dipeeletso tseno di tla enngwa nokeng ke intaseteri eno mmogo le ditheo tse di farologaneng tsa puso. 

