Bakereki ba na le seabe se se botlhokwa se ba ka se dirang mo go lwantsheng COVID-19

Vukuzenzele unnamed

Sešweng jaana  maAforika Borwa a le mantsi a badu medi ba tshwaragane le ba bangwe mo go ketekeng meletlo e e botlhokwa ya sedumedi. Badumedi ba tumelo ya Sejuta mo ma lobeng ba ne ba keteka Pa seka, Bakeresete ba ne ba Keteka Tsogo ya Morena mme Mamoselema bona e se kgale ba tla bo ba ke teka kgwedi ya boitshepo ya Ramadan.
E setse e le ngwaga wa bo bedi mekete eno e ketekiwa re aparetswe ke leroborobo le le setlhogo le le aparetseng lefatshe lotlhe le ga jaana le setseng le fetile ka matshelo a batho ba le dimilione di le pedi le halofo mo lefatsheng.
Mekgatlho ya badumedi ga e a bolo go nna le seabe se se botlhokwa mo dikgatong tsa naga ya rona tsa go sama gana le bolwetse jono, e seng fela ka go re rapelela, mme gape le ka go tlhokomela bao ba neng ba tlhoka thuso mo ditsuatseng tsa leroborobo leno, mmogo le go fana ka dijo, marobalo le ka ditirelo tse dingwe tsa tlhokomelo ya baagi.
Tumelo e na le seabe se se botlhokwa thata mo ma tshelong a dimilionemilione tsa maAforika Borwa, e bile gape go rapela le le setlhopha ke karolo e nngwe gape e e botlhokwa thata mo tume long ya bona.
Go kgona go bokana le le phuthego ke selo se go itumelelwang sona thata fa batho, malapa le baagi ba sena go tswa mo boimeng jo bo seng kana ka sepe.
Go a tlhaloganyega gore morago ga ngwaga bakereki ba ba jarile boima jwa diki -letso tsa go ya dikerekeng gore jaanong ba na le phise gelo ya go boela dikerekeng jaaka go tlwaelegile.
Ka go tlhaloganya botlho kwa jwa batho ba naga ya rona jwa go boela dikere keng, puso e ntse e buisana le bakereki ba naga ya rona.
Baruti ba dikereke le bake reki ba tlhaloganya sentle e bile ba itse le kotsi eo e tlisi wang ke lekhubu le lengwe le le lengwe le lentšhwa la ditshwaetso tsa COVID-19 .
Fa e sale leroborobo leno le runya, dikereke di tsere dikgato tse di bolokesegileng go fokotsa go anama ga bo lwetse jono mo bakereking ba tsona.
Enngwe ya dintlha tse di botlhokwa thata ke gore mo dikgatong tse di farologa neng tsa dikiletso, dikereke di nnile le tatlhegelo e ntsi thata ya ditšhelete e e ka dirang gore di feletse di tswaletse ruri. Re le puso re santse re eme ka le le reng re tla tshwarisana joko eno le bakereki gore re bontshane ditharabololo tse di mosola.Le fa go le jalo, boitekanelo le pabalesego ya baagi ke selo se re tshwanetseng go se tseela tlhogong.
Bakereki ba tlile ka maano le ditharabololo mo ntlheng ya go tshwara dikereke mo nakong ya fa re ne re sa tlhole re itse gore a re a ya kgotsa re a boa ka leroborobo leno.
Dikereke di ne di tshwariwa ka inthanete mme bakereki ba ne ba rotloediwa go rapela kwa malapeng a bona go na le go tla go rapela kwa dike rekeng. Seno se nnile mosola thata mo dikgatong tsa ka fa nageng tsa go thibela go anama ga bolwetse jono.
Baruti ba nnile le seabe se se botlhokwa thata mo go rotloetseng baagi go ikobela ditaolelo tsa boitekanelo mo mererong e e botlhokwa ya poloko le mo meletlong ya setso.
Go fela jaalo le ka baagi ba naga ya rona ka ba diraga ditse maikano a bona a go ikobela ditaolelo tsa boite kanelo le tsa go katogana.
E bile ba itse sentle gore ba tshwanetse go tswelela go itlhokomolosa go kopanela mo go nyeumang ka batho.
Jaanong re mo nakong eo motho a tshwanetseng go itlhokomela thata. Lerobo robo la Mogare wa Corona  le santse le re aparetse, mo nageng ya rona le mo lefa tsheng ka bophara. Kgona galo ya gore re welwe ke lekhubu la boraro e teng ya tshela.
Maitemogelo a rona go tswa mo dinageng tsa boditšhabatšhaba ke gore ga re a tshwanela go kgotlha motshitshi wa dinotshe.
Dinaga di le dintsi di ne tsa repisa dikgatokiletso tsa tsona, fela tsa lelela kgama le mogogorwane ka go iphi tlhela di le ka fa gare ga ditshwaetso tse di runyang sešwa, mme tsa iphitlhela di busetsa sekeng dikgatoki letso tse di bogale go gaisa tsa mo nakong e e fetileng.
Dikopano tsa go ikentsha bodutu tse di nang le tholo gelo ya batho  ba bantsi, e ka tswa e le tsa dikereke kgotsa tsa mefuta e mengwe, di na le kotsi ya go ka gasa mogare, le fa e le gore go ikobelwa ditaolelo tsa boitekanelo tsa go katogana le go itsikitletsa ka sebolayamegare.
Dimilione tsa maAforika Borwa di ntse di obamela tumelo e e botlhokwa ya tumelo ya bona. Mo nageng eo re tlotlomatsang tshwa nelo ya batho ya kgolole sego ya ditumelo tsa bona, re  tshwanetse go tsaya matsapa otlhe go tshegetsa batho ba naga ya rona gore ba keteke tshwanelo eno. Mme fa ba keteka tshwanelo eno ba  tshwanetse go netefatsa gore ga ba tsenye mo kotsing di tshwanelo kgotsa matshelo a batho ba bangwe.
Eno ke ntlha e baruti ba dikereke ba ke kopaneng le bona ba dumelanang le nna ka yona. Ba tlhaloganya mai karabelo a bakereki botlhe ba a jarileng mo magetleng a bona – ao boammaruri a ja rilweng ke maAforika Borwa otlhe – a go ikobela ditaolelo tse di leng mo tirisong tsa go boloka boitekanelo le ma tshelo a batho.
Sebaka sa ngwaga re ntse re sikere mmogo dikgato tsa go thibela go ijala ga leroborobo leno re le setšhaba. Jaanong jaaka re lebagane le go fedisa matsapa ano, re tshwanetse go totobatsa maitlhomo a rona a go rwala maikarabelo le go itlhokomela.
Ka go dira jalo re tla dira gatsa maiteko a melaetsa ya lefatshe ka bophara ya go tlisa tsholofelo, poloko, kgololesego le go nna seo posengwe e leng seo go tla rerwang ka sona kwa dike rekeng, kwa disinakokong, kwa dimosekong le kwa malapeng a naga ya rona mo matsatsing le mo dibekeng tse re yang mo go tsona. 

