Thusa go pholosa matshelo a batho

Allison Cooper

Ba setheo sa Sunflo wer Fund ba ikuela mo go maAforika Borwa go nna le seabe ka go oketsa palo ya merafe ya rona e e farologaneng e e leng mo sefalanatshedi mosetsong sa bao ba neela nang ka mmoko wa madi a lerapo go pholosa matshelo a bana.
Go ya ka Palesa Mokomele, yo e leng tlhogo ya tlhatloso serodumo le ditlhaeletsano ya Sunflower Fund, a re ngwaga o mongwe le o mongwe dike tekete tsa balwetse go fitlhe lwa di na le malwetse a madi.
Mo malobeng bolwetse jono bo ne bo feta ka matshe lo a batho. Mo matsatsing a segompieno ga go sa le jalo, go soreletsa bontlha bongwe jwa mmoko wa madi a lerapo wa motho yo a itekanetseng go bo tsenya mo mothong yo a nang le bo lwetse jwa mmoko wa madi a lerapo go ka pholosa bo tshelo jwa motho yoo go nne mmoko yoo o tla alafa yo o sa itekanelang.
Ka bomadimabe batho ba le bantsi ba thuso eno e ka ba tswelang molemo ga ba na lesego la go bona thuso eno ka ntlha ya fa go na le tlhaelo ya batho ba ba neelanang ka mmoko wa bona ba ba nang le madi a a tshwanang le a balwetse.
“Bathobatsho ke bona ba ba leng mo kotsing go gaisa merafe e mengwe ka ntlha ya fa go na le palo e nnye thata ya bana ba mmala wa sebilo, makhalate le maintiya ba ba ikwadisitseng mo sefalana tshedimosetsong seno sa go abelana ka mmoko wa madi a lerapo,” ga rialo Mokomele.
Go bona tšhono ya bobedi mo botshe longBotshelo jwa ga Zyaan Makda wa dingwaga di le 19 bo ne ba tlhakatlhakana go latela gore a fitlhelwe a tshwerwe ke hete rozygote haemoglobinopathy , e leng bolwetse jo bo kotsi jo bo sa foleng jwa madi ka ngwaga wa 2007.
Selo se se neng se ka mo thusa e ne e le mmoko wa madi a lerapo, fela go ne go se moo a ka o tsayang gonne go ne go se ope yo a tshwanang le ene ka madi mo sefalana tshedimosetsong sa bona. Ka ntlha ya seno, o ne a gape letsega gore gangwe le gape morago ga dibeke tse dingwe le tse dingwe di le pedi a tle go tshelwa madi.
“Ditshika tsa diatla tsa me di ne tsa emisa go dira mme ba ne ba ntsenya peipi e e tsamai sang madi mo mafatlheng. Ke ne ke phela ke lapile mo go maswe, ba ne ba ntsha santlho ko le lejwana la santlhoko sa me mme ke ne ke tshwerwe ke bolwetse jwa kgeleswa e e sa direng sentle.
Ke ne ke phela ke se teng kwa sekolong ka ntlha ya fa ke ne ke tshwanelwa ke go ya bookelong mme ka jalo ke ne ke sa kgone le go nna le seabe mo metshamekong. Go phela ke ya sepetlele go ne go le boima thata,” o tlhalosa jalo.
Bolwetse jwa ga Makda bo ne gape jwa dira gore a latlhe gelwe ke kgopolo ya dilo le go tshwarwa ke bolwetse jwa go wa mme o ne a gapeletsega go emisa dithuto tsa gagwe sebaka sa dingwaga di le tharo. Le fa tota a ne a tobane le dikgwetlho tseno, o ne a tswelela go nna le tsholofelo.
Kwa bokhutlhong go ne ga nna le mongwe yo a abela nang ka mmoko wa gagwe go thusa Makda, fela leeto leno le ne le santse le le kgakala le go garela. O ne a tshwanelwa ke go dira karo ya booko go tlosa ntho mo bookong jwa gagwe.
“Jaanong ke na le dingwaga di le tharo fa e sale ke tshelwa mmoko o montšhwa mme jaanong botshelo jwa me bo botoka thata go gaisa ka moo ke neng ke nagana, mme ke leboga moagi wa naga ya Jeremane yo a abelaneng ka mmoko wa gagwe gonne ditiro tsa gagwe di bontshitse botho jwa gagwe le go loka ga gagwe.” Tlisa tsholofelo mo botshelong jwa  motho yo mongweNaledi Senamela  wa dingwa ga di le 14 o ne a fitlhelwa a na le bolwetse jwa kankere ya mmoko wa marapo (kankere ya madi) ka Motsheganong 2020. Ke o mongwe wa balwetse ba le bantsi ba ba tlhokang batho ba ba ka ba abelang ka mmoko wa bona wa madi a lerapo.
“Fa e sale ke simolola go lwala, ga ke sa kgona go dira sentle jalo kwa sekolong. Ga ke kgone go nna le seabe mo metshamekong le go dira dilo tse ke neng ke kgona go di dira,” go bua Senamela, yo a eletsang go ka ipona e le ngaka ka le lengwe la matsatsi.
Batho ba ba ratang go ka abelana ka mmoko wa bona ba na le dingwaga di le magareng ga di le 18 le 55 ba ka thusa Senamela le batho ba bangwe gape ba le bantsi ba ba tlhokang batho ba ba ka ba abelang ka mmoko wa bona ka go ikwadisa mo webesaeteng ya setheo sa Sunflower Fund.
Se se tlhokegang ke fela lerothodi la mmoko mmogo le metsotso e le mmalwa nyana. O tlhoka fela go kopa ba setheo sa Sunflo wer Fund go go romela kgetsana ya go bolokela mmoko ka go ikgolaganya le bona mo webesaeteng ya  www.sunflowerfund.org  kgotsa ka go ba letsetsa mo go  0800 12 10 82.  

