Baeteledipele ba merero ya setso ba na le seabe se se botlhokwa mo go tsosoloseng ikonomi ya rona

Vukuzenzeke Unnamed

Mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng re ne ra tshwanela ke go laelana le dikgosi di le pedi tse di tlotliwang tsa naga ya rona ka di iketse badimong.
Sešweng jaana morafe wa maZulu o sa tswa go fitlha Kgosi ya bona Motlotlegi Goodwill Zwelithini ka Bhe kuzulu yo a nang le sebaka sa dingwaga di le masome tlhano a busa. Mo kgweding ya Ferikgong morafe wa Ba pedi o fitlhile kgosi ya bona e bong Kgoshikgolo Thulare Thulare wa boraro, yo a tlho kafetseng a na le sebaka se se sa feteng ngwaga a busa.
Maso a bona e tota e le tatlhe gelo ya basomarelangwao, basomarelahisetori ya merafe eo ba neng ba e busa.
Le fa go le jalo, e ne gape e le banna le seabe ba ba botlhokwa thata mo tlhabo lolong ya metseselegae, e bile ba ne ba ikemiseditse go tlisa tlhabologo mo matshelong a merafe ya bona.
Fa temokerasi e roga ka ngwaga wa 1994, go ne ga  totobala gore puso e ntšhwa e e neng e le gona e tsaya ma rapo e tshwanetse go busetse sekeng seriti sa magosi go ya ka melao ya setso sa batho batsho eo e tsamaelanang le Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa.
Setheo sa baeteledipele ba merero ya setso se tswelela go nna le seabe se se botlho kwa mo matshelong a dimili one tsa batho ba naga ya rona, bogolosegolo kwa metsesele gaeng. Magosi a tswelela go tshegetsa le go tlisa tlhabololo mo metseng eo ba e busang.
Mo malobeng ke ne ka nee lwa tšhono ya go tsenela di ngangisano tsa pulo ya Ntlo ya Bosetšhaba ya Dikgosi, moo go samaganweng le dintlha tse di tlhobaetsang tseo naga ya rona e tobaneng le tsona ga jaana.
Se se nthotloeditseng thata ka ga dingangisano tseno tse di neng di runtse ke go tlha loganya ga magosi gore iko nomi ya rona e mo maemong a a tlhobaetsang mme e bile ba batla go nna le seabe mo go rarabololeng dikgwetlho tse dintsi tse di ka ga tlho kego ya tlhabologo le lehuma mo mafelong ao ba a busang.
Ga ke a bolo go nna ke ntse ke re dikgato tsa go tsosolosa ikonomi ya rona go tswa mo leroborobong la mogare wa corona  di tshwanetse go tswe la botlhe mosola e bile ga go ope yo re tshwanetseng go mo sia kwa morago.
Go atlega mo go diraga tseng Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi go tlhoka gore re nne le tirisa nommogo e e gagametseng e seng fela le puso, dikgwebo le badiri, mme gape le go nna le tirisanommogo le magosi le mekgatlho e mengwe ya baagi.
Maikutlo a mantsi a bao ba neng ba na le seabe mo dinga ngisanong tseno ke gore ga ba batle go itshepela mo go neelweng masaledi kgotsa go bona baagi ba metse ya bona ba iphedisa ka go tlamelwa ke puso ka matlole a go ba thusa.
Ba batla gore ba emiwe nokeng ka tshegetso e ba e tlhokang, ka go katisiwa le go tlholelwa tikologo e e bulelang batho dikgoro go kgontsha baagi ba kwa metseselegae go itirela ka bobona.
Ba batla go tswalela sekgala se se leng teng magareng ga metseseteropo le metsesele gae fa go tla mo go fitlheleleng ditirelo tsa puso le metswedi ya lekala la poraefete.Ba batla go bona metse selegae e fetoga go nna mafelo a a nang le ditiragalo tsa ikonomi, a diintaseteri le a a tlholang ditšhono tsa ditiro. Seno se tsamaisana le Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo  le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM), le le thankolotsweng ka ngwaga wa 2019.
Baeteledipele ba merero ya setso maemo a bona a ba kgontsha go latlhela tlhase legong go netefatsa gore maano a tikologo a logiwa go lebilwe dintlha tse di rileng le go a kgontsha go samagana le ditlhokwa tse di kwa se tlhoeng mo tikologong eo le gore maano ano a tsamaisana le maemo a batho ba phelang ka fa tlase ga ona.
Fela jaaka DDM e tshegetsa matsholo a a ditikologo ka go samaganang le ditlhokwa, mafolofolo le ditšhono tsa lefelo le lengwe le le lengwe, baeteledipele ba merero ya setso le bona ba setse ba su tlheletse ka dikgato tsa bona tsa go tlhabolola ikonomi ya ditikologo tsa bona.
Ba tlhomile Leanokonokono la Dipeeletso mo Metsesele gaeng, le le thankgolotsweng kwa porofenseng ya Bokone Bophirima mo kgweding e e fetileng. Go a itumedisa gore baeteledipele ba merero ya setso ba eme nokeng leano leno mme ba batla go dirisana le dipuso tsa dikgaolo tsa bona go netefatsa gore leano leno le a atlega.
Mo dingangisanong tseno tsa Ntlo ya Bosetšhaba ya Dikgosi go ne ga tshitshi ngwa gore selo se segolo se se tla dirang gore Leanoko nokono leno la Dipeeletso mo Metseselegaeng le atlege ke go isa baeteledipele ba me rero ya setso katisong gore ba matlafadiwe le go tlamelwa ka bokgoni.
Bannaleseabe ba le bantsi ba tlhagisitse maano a bona a ikonomi a a setseng a ga tetsepele thata. Ona a ka ga diporojeke tsa temothuo, tiriso ya dimela le ditshedi tse di farologaneng go tlhagisa melemo le a ntšhwafatso ya motlakase.
Se se tlhamaletseng ke gore setheo sa boeteledipele jwa merero ya setso se tlhalo ganya sentle gore tiro ya ma nontlhotlho ke seo dikgwe bo tsa metseselegae se e tlho kang mabapi le dikoporasi tsa dikgwebopotlana, tsa mo magareng le tse dikgolwane (di-SMME), go dira gore di kgone go nna karolo ya iko nomi ya naga.
Baeteledipele ba merero ya setso ba ba neng ba latlhela tlhase legong ba tlhagisitse ponelopele ya bona ka 'ma gosi a a tlisang tlhabologo' mme ba itsaya gore ga se fela basomarelangwao mme gape ke bona ba ba ka tlisang ka tlego le kgatelopele mo ikono ming. Ba nopotse diporojeke di le mmalwa le ditšhono tsa ikonomi tse di tla tlholang di tiro le go tokafatsa matshelo a batho ba metseselegae.
Baeteledipele ba merero ya setso ba tlhagisitse gape gore ba ithaopa go nna le seabe mo dithulaganyong tsa pusetso ya dinaga. Fa e sale ngwaga wa 2018, baeteledipele ba merero ya setso ba tlhagisitse bogolo jwa naga ya metsese legae jo bo kanaka diheketara di le 1 500 000 gore e beetswe tlhabologo, mme ba solofela gore mo isagong bogolo jono bo tla okediwa.
Gore re tlhagise leano le le rulagantsweng sentle le le tla nnelang ruri, re dumelane gore mo ngwageng o o tlang re tla tshwara Kopano ya Kantoro ya Moporesitente e e ka ga Merero ya Mafatshe.
Mo kopanong eno re tla sekaseka dintlha tse di re fa rafareng tse di ka ga pusetso ya dinaga le seabe sa ntlha eno mo dinageng tsa metse selsegae, tse bontsi jwa tsona bo leng mo dinagamagaeng.
Lentswe le le neng le rena mo Ntlong ya Bosetšhaba ya Dikgosi le ne le bontsha tota gore tsosoloso ya ikonomi ke selo se se kwa setlhoeng mo dikgatong tsotlhe tsa rona tsa botlhokwa. E bile gape lentswe leno e ne e le sesupo se se re bontshang gore bae teledipele ba merero ya setso ba rata maemo a bona jaaka ba batla go nna le seabe mo dikgatong tsa go tsosolosa ikonomi ya naga ka go nna le matlhagatlhaga le boitshi mololedi mo mererong eno.
Se se botlhokwa thata ga jaana ke gore seo baeteledi pele ba merafe ba se dirang jaanong e tshwanetse go nna boswa jo bo tla nnelang ruri jo le dikokoma tsa ka moso di tla unngwelwang mo go sona.
Jaaka re sikere mmogo dikgato tsa go tsosolosa iko nomi ya naga ya rona, re tla tswelela go samela kemono keng ya setheo sa boiteledi pele jwa setso, e leng karolo e e botlhokwa thata ya hisetori ya rona, ya matshelo a rona mo motsing wa gompieno le ya isago ya rona. 

