Re keteka Letsatsi la Lefatshe la Makoa a Ditlhotshwana tsa Matshwao a Malwetse a Tlhaloganyo

Kgaogelo Letsebe

Setheo sa Boditšhabatšhaba sa Makoa a Ditlhotshwana tsa Matshwao a Malwetse  a Tlhaloganyo se totobaditse gore letsatsi la bo 21 Mo pitlwe ke Letsatsi la Lefa tshe la M akoa a Ditlho tshwana tsa Matshwao a Malwetse a Tlhaloganyo  mme ka letsatsi leo go keteki wa batho bao ba lwelang di tshwanelo tsa batho ba ba tshelang ka makoa ano.
Makoa a Ditlhotshwana tsa Matshwao a Malwetse a Tlha loganyo (DS) ke malwetse a disele a a tlhodiwang ke ka fao disele di ipopang ka teng.
Midah Maluleka yo e leng Ngaka kwa porofenseng ya Mpumalanga a re, "go na le sele nngwe ya bo 21 (e e bidi wang Trisomy  21) e e diegisang mmele le tlhaloganyo go gola. Gagona kitso e e tletseng ya gore ke eng se se tlholang bo lwetse jwa mofuta ono. Go se tse go na le bopaki jwa gore ga bo tshware batho go ya ka gore ba na le dingwaga di le kae, ke ba maemo a fe mo setšhabeng, ke ba morafe ofe kgotsa ke ba ba nnang kwa kgaolong efe.
Go totobetse gape le gore ga bo abelanwe ka tshika."Maluleka o tlaleleditse ka le le reng DS ke bolwetse jo bo tle tseng thata jwa makoa a ditlhotshwana tsa matshwao a malwetse a tlhaloganyo mo maseeng a e leng gona a belegwa. "Lesea le le lengwe mo go a le 1 000 mo dinageng tse di ikgonang le belegwa ka bolwetse jono, fa mo dinageng tse di santseng di iketetsa tse di jaaka ya rona lesea le le lengwe mo go a le 650 le belegwa ka bona. Bonnye jwa masea a ka dira 80% a a nang le bolwetse jono jwa DS bo belegwa ke bomme ba ba nang le dingwa ga tse di ka fa tlase ga di le 35, le fa tota go totobetse gore basadi ba ba nang le dingwaga di le 35 go ya kwa godimo go le gantsi ke bona ba ba nang le kgonagalo e ntsi ya go ka be lega masea a a nang le bolwetse jono jwa DS."A re ka ntlha ya fa bolwetse jono bo simolola go nna teng fa leseanyana le santse le ipopa, go na le matshwao a motho o ka a elang tlhoko. "Fa moi mana a na le sebakanyana sa dibeke di le 12 go ya go di le 13 a le mo mmeleng o elediwa go tlhatlhoba mpa ya gagwe kwa ngakeng ka sekena se se sekenang leseanyana le santse le le ka fa mpeng. Seno se meta ka nepo boleng jwa go kgatlha ga diedi tse di leng mo morago ga molala wa leseanyana, mme go kgatlha gono go bidiwa nuchal translucency . Gantsi mo baneng ba ba nang le bo lwetse jono jwa DS diedi tseno di kgatlha go feta selekano. E nngwe ya diteko tse di di riwang fa motho a le mo mme leng ke ya go soreletsa bontlha bongwe jwa diedi tseno mme di romelwe go tlhatlhobelwa disele tsa tsona. Kgato eno e diriwa ka go soreletsa diedi di le dinnye tsa disele mme di romelwe go tlhatlhobiwa.
Ditlhatlhobo tseno go le ga ntsi di tlhagisa tshedimosetso e e nepileng ka seo se diragalang mo leseanyaneng.
Maluleka a re bana ba ba nang le DS le bona ba tle ba tshele botshelo jo bo felele tseng, jo bo itekanetseng le jo bo telele.
Le fa bolwetse jono bo sena kalafi, batho ba ba nang le bo lwetse jono ba tle ba belegelwe mo malapeng a a ba ratang, ba bone tlhokomelo e e ba tshwanetseng ya boitekanelo, ba thusiwe go sa le gale, mmo go le go tlamelwa ka ditirelo tsa thuto le tsa katiso. Ka ntlha ya kgatelopele e e leng teng mo lephateng la tlhokomelo ya boiteknelo, batho ba le bantsi baba belegwang ba na le DS gompieno ba kgona go tshela sebaka sa dingwaga di le 55.
Batho ba ba nang le DS ba na le maikutlo le ditlhokwa fela jaaka batho ba bangwe mme ba tshwanetse go neelwa ditšhono le tlhokomelo jaaka batho ba bangwe le bona ba direlwa," ga rialo Maluleka.
Morutabana mongwe mo porofenseng ya Bokone Bo phirima, Tshepo Kekana, a re, "Ga se barutwana botlhe ba ba nang le makoa ba ba tlhokang go romelwa kwa dikolong tsa bana ba ba nang le makoa.
Go na le barutwana bangwe ba ba kgonang go ithuta mo dikolong tse di tlwaelegileng tsa thuto.
Ka go tswelela go tshegetsa barutwana bano ka go ba ruta, go ba ema nokeng le go se ba felele pelo, barutwana bano ba ka dira bontle thata.” 

