Tirelopuso e e dirang ka manontlhotlho

Vukuzenzele unnamed

Fa ke ne ke tlhophiwa go okama maemo a Moporesitente wa Aforika Borwa, ke solofedi tse gore tse dingwe tsa dilo tse di botlhokwa ke go aga puso e e dirang ka botswa pelo, ka matsetseleko le ka maikarabelo mme e bile gape e sena bonweenwee.
Ke fela puso e e dirang ka botswapelo, ka matsetseleko le ka maikarabelo e e ka dira gatsang ditshepiso tsa yona tsa go tokafatsa matshelo a baagi ba naga eno.
Seno se raya gore tirelopuso e tshwanetse go nna le badiredi ba ba manontlhotlho, ba ba nang le bokgoni, ba ba sa ite belelang ba le esi e bile ba na le nnete.
Ba tshwanetse go bo ba na le maikemisetso a go tlotla metheo ya Molaotheo, e bile gape, jaaka ke tlhalositse mo puong ya me ya go amogelwa mo setulong, “ba tshwanetse go direla puso e le nosi ka boikanyego”.
Mo dibekeng di le pedi tse di fetileng dikgato tsa go batla maikutlo a baagi ka tokomane ya pholisi e e botlhokwa di ntse di tsweletse mme e tla nna le mosola o mogolo mo dikgatong tsa rona tsa go matlafatsa, go gagamatsa le go tlamela tirelopuso ka badiri ba ba maleba.
Sekwalwa sa Letlhomeso la Naga go Tsaya Dikgato go dira Tirelopuso gore e Dire ka Manontlhotlho maitlhomo a sona ke go aga puso e e di relang batho ba naga ya rona botoka, e e sa anngweng ke merero ya dipolotiki ka tsela e e sa tshwanelang mmogo le mo batho ba thapiwang go ya ka tiro e ntle e ba e dirang.
Letlhomeso leno le nese ditswe pula ke Kabinete ka Ngwanaitseele ngogola mme dikgato tsa go sekegela tsebe maikutlo a a tebileng a makala a mangwe a a farologaneng a setšhaba a setse jaanong a simolotse.
Morago ga dingwaga di le 27 tsa temokerasi, re ka bua ka tirelopuso ra re le fa go na le dikarolo dingwe di le dintsi nyana tse di dirang bontle thata, re santse re na le dikgwe tlho tse dikgolo mo mafa pheng a le mantsi a puso fa go tla mo bokgoning, mo go phadisaneng le mafapha a mangwe le mo go nneng mafapha a a dirang ka mano ntlhotlho.
Go le gantsi go tha piwa le go tlhatlhosiwa batho ba ba seng maleba mo maemong a diphatlhatiro tse di botlhokwa tseo di sa ba tshwanelang le tseo ba senang le makwalo a thuto a tsona.
Seno se ama ka fao puso e dirang tiro ya yona ka teng gonne se jala maitsholo a a bodileng a batho ba ba thapa nang ka sebona,  a go itshunya nko ga batho ba se polotiki  mo mererong ya mafapha, se tlhola maitsholo a go se nne le maikarabelo, a tirisobotlha swa ya didirisiwa tsa puso mmogo le a bonweenwee.
Go na gape le matsapa a a ama nang le ntlha eno ya go itshu nya nko ga batho ba sepolotiki mo mererong ya tsamaiso ya mafapha mo tirelopusong.
Motho ga a tlhoke go ya kgakala go bona seno ka se iponagatsa fa mafapha a puso a latlhegelwa ke go tsetsepela ka ntlha ya fa batlhankediba golo ba tsamaiso ya mafapha ba sutisiwa mo maemong a ba a okameng mme go tsena ba bangwe fa Tona e ntšhwa e goroga mo lefapheng.
Bakaedikakaretso  (di-DG)  mmogo le Ditlhogo tsa Ma fapha a Diporofense  (di-HoD) ke bona ba ba amegang segolo ke ntlha eno. Mo mafapheng a mangwe di-DG, di-HoD le batsamaisi ba bangwe ba bagolwane ba kgonne go tse tsepela mo pakeng ya bona ya tsamaiso ya lefapha, mme seno se ba kgontshitse go tsamaisa lefapha ntle le kgoreletso epe. Mo mafapheng ano a le mantsi  mo go senang go itshunya nko mo mererong ya tsamaiso ya puso, dipoelothuno go le gantsi  di tla e le tse di itumedisang mme botsamaisi bo kgona go ikarabela fa go tla mo tirisong ya madi a puso.
Mo ditlhogo tsa mafapha di fetolwang gangwe le gape ka bontsi, ke teng mo tsamaiso e leng matswakabele.
E nngwe ya ditshitshinyo tse di dirilweng mo letlhome song leno ke gore tirelopuso e tshwanetse go inolwa mo mererong ya itshunyo nko ya dipolotiki le gore mafapha a puso a tshwanetse go sire lediwa gore dipolotiki di se itshunye nko mo go ona.
Go dira tiro ka manontlho tlho mo tirelopusong go bo tlhokwa mo go direng gore e tsetsepele, bogolo jang mo batlhankeding ba ba okameng maemo a a kwa godimo a taolo. Badiredipuso ba tshwa netse go tswelela go direla setšhaba, “go sa kgathalesege gore Tona, Leloko la Khudu thamaga kgotsa Mokhanselara wa mokgatlho wa dipolotiki o o busang o fetotswe mo tsamaisong, kgotsa mokgatlho wa dipolotiki o o busang o fetotswe mme go busa o mo ngwe morago ga ditlhopho.”Re tshitshinya diphetogo tse dikgolo, tse di jaaka go atolosa paka ya go nna mo tirong ya ditlhogo tsa mafapha go ya ka tiro e e tswileng diatla e ba e dirang, ka go dira ditlhatlho bo tse di ikaegileng ka tiro e motho a tlang go e dira mmo go le go laletsa Khomišene ya Tirelopuso (PSC) go nna karolo mo dikopanong tsa go gaisanela tiro ya DG le ya Motlatsamokaedikaka retso (DDG).
Go dira teko ya go sekaseka maitsholo a motho go lekola botlhe ba go nang le kgonagalo ya gore o mongwe wa bona a ka thapiwa, go tla nna le mo sola mo go thapeng badiredi puso ba ba nang le nnete.
Re tlhoka gape le go atolosa tlhatlhobo e e tsentsweng ti risong ka Moranang 2020, e ga jaana e kwalwang ke batlha nkedipuso ba bagolwane pele ba tsena mo tirelopusong, gore e atolosediwe le mo badire pusong ba bangwe. Dipuso tsa dinaga tse di tlhabologang di dirisa dikgato tsa mothale ono mme ke sone seno se se thusang go dira gore mo tire lopusong go nne le  tlhabologo mo go direng tiro ya yona ka manontlhotlho.
Jaaka re kwadile mo sekwa lweng sa letlhomeso leno gore, “ditshwetso tse di tsewang ke batlhankedi ba puso jaaka ba romilwe ke mokgatlho wa sepolotiki o o busang ba tshwanetse go di tsaya ka boi kanyego le ka manontlhotlho jaaka thomo eno e le ya batho ba ba tlhophileng mokgatlho o o busang e bile gape e le thomo ya mokgatlho ka bo ona, mme fela ba tshwanetse go ikgato losa go tsena mo ditlhakong tsa boradipolotiki ka bobona.”Re tshitshinya gore go nne le kgato e e matsetseleko fa go tla mo dikgatong tsa go batla motlhankedi wa puso le tsa go mo thapa, tsa go ba ruta ka tirelopuso le tsa go sekaseka ka fao modiredipuso a dirileng tiro ya gagwe ka teng. Seno se tsenyeletsa gape le dikgato tsa go se emise go ithuta le tsa ka fao modiredipuso mongwe le mongwe a tlhabololang bokgo ni jwa gagwe gore a dire tiro ya gagwe ka manontlhotlho.
Sekwalwa sa letlhomeso leno se gatelela gore badiredipuso ba tshwanetse go rweswa maikarabelo fa go tla mo  tirisobotlhasweng ya didiri siwa tsa puso, se gatelela gore go tshwanetse go fedisiwe setlwaedi sa gore ga gona ditlamorago tsa diphoso tse modiredipuso a di dirang mo go laoleng botlhaswa le mo go diriseng botlhaswa didirisiwa tsa puso.
Go dira gore puso e dire tiro ya yona ka manontlhotlho batlhankedi botlhe ba ba jarang maikarabelo mo maphateng otlhe a puso ba tshwanetse go katisiwa ka melao e e leng mo tirisong.
Sekolokatiso sa Bosetšhaba sa Puso (NSG) se na le karolo e e botlhokwa thata mo ntlheng eno.
Go nna manontlhotlho ga go bolele fela ka go tshwara makwalo a thuto mmogo le bokgoni jwa setegeniki jo bo nepagetseng, go bua gape le ka go nna le tlotlo e e tshwa netseng, kutlwelobotlhoko le botho fa o thusa baagi.
Tirelopuso e farologane, e na le bokgoni jo bontsi jo bo farologaneng, mmogo le ma kwalodithuto le bokgoni jo bo farologaneng. Bontsi jwa ba diredipuso ba na le bokgoni jo bo  itlhophileng jo bo tlhokaga lang go ba kgontsha go tla mela tirelo. Ka go rialo, ga go jalo gore re tlhoka go fokotsa ditheo tsa tirelopuso: se tota re se tlhokang ke tirelopuso e e kgonang go samagana le tiro e e nang le bokgoni jo bo maleba, maitsholo a mano ntlhotlho mmogo le boikano jwa go direla setšhaba.
Banna le basadi ba ba dire lang puso ba tshwanetse go matlafadiwa gore ba nne le seabe mo go tliseng tlhabologo le go diragatseng temokerasi.
Eno ke tsholofetso e e gaisang tsotlhe ya gore re puso e e nang le bokgoni e e tlhokomelang dikgatlhegelo tsa baagi ba naga ya yona.
Ke ikuela mo go yo mongwe le yo mongwe wa lona go nna le seabe mo letsholong leno la go batla maikutlo ka sekwalwa sa letlhomeso leno, se ga jaana se leng mo webesaeteng ya NSG mme le ntshe maikutlo a lona ka ga sona.
Tirelopuso ga se ya mokga tlho o o rileng wa dipolotiki, e bile ga e a tshwanelwa go tshe getsa setlhopha se se rileng se e leng sona se se busang.
Tirelopuso ga ya tshwanela go itirela fela jaaka e batla.
Tirelopuso ke ya baagi ba Aforika Borwa. E tshwanetse go tswela bona fela molemo.  