Go samagana le tatlhegelo ya motho yo o mo ratang

Vukuzenzele unnamed

Batho ba le bantsi ba latlhegetswe ke bao ba ba ratang ka ntlha ya lerobo robo la mogare wa corona mme go le gantsi loso le ka utlwala o kare ke toro.
“Ga o nosi,” go bua mothobamaikutlo Zanele Ludziya go tswa kwa Bookelong jwa Stikland kwa porofenseng ya Kapa Bophirima.Go latlhegelwa ke motho yo o mo ratang ga go bonolo mme seno se ka tsosolo -sa maikutlo a mangwe a mantsi.“Go na le matshwao a le mantsi a o ka a lebelelang fa motho yo o mo ratang a le mo kutlobotlhokong, fela go tlhokega ga matshwao ga go kae gore motho ga a mo kutlobotlhokong.“Batho ba ka tlhagisa ma tshwao a tšhakgalo, go tenega, go tlhomola pelo kgotsa a go se nne le kga tlhegelo. Ditlhaloganyo tsa bona le tsona di ka amega, ka di ka nna di tletse megopolo le go nagana ka motho yo o tlhokafetseng. Gape ba ka nna le bothata jwa go reetsa kgotsa ba ka bonagala e kete ba gakanegile,” go bua Ludziya.O gakolola batho go ela tlhoko go fetoga ga maitsholo, jaaka go lela lela fela kgotsa tiriso e e oketsegileng ya nnotagi le diritibatsi. “Ba ka tsuba go feta ka moo ba tlwaetseng, ba ka ikgogela morago kgotsa ba nna ba le nosi kgotsa ba ka efoga batho le mafelo. Ba ka batla tidimalo kgotsa modumo o o kwa godimo. Gape ba ka nna bogale kgotsa pelo e khutshwane,” a rialo.Fa o tshegetsa motho yo o mo ratang, Ludziya a re go a thusa go tlhaloganya ka fao kutlobotlhoko e tsamayang ka teng le gore mongwe le mongwe o na le maitemogelo a a farologaneng a yona. O tlhalosa gore kutlobotlhoko ga se tiragalo e e go diragalelang gangwe fela mme ke selo se e reng se go diragaletse se tsee nako go fola, mme go le gantsi batho ba feta mo dikgatong tse di farologaneng tsa kutlobotlhoko.
Dikgato tse di tlwaelegileng tsa kutlobotlhokoDikgato tse di tlwaelegileng tsa kutlobotlhoko ke go sa dumele kgotsa go itlosa mo bathong (go itemogela go swa bogatsu kgotsa go nna le letshogo); tšhakgalo (go tšhakgalela ba bangwe etswa ba sa dira sepe se se phoso); go ipona phoso (go ipona molato ka dilo tse o sa di dirang kgotsa tse o sa di buang); kgateleleo ya maikutlo (kutlobotlhoko e e tlang fa o lemoga gore botshelo bo tla tswelela kwa ntle le motho yo o mo ratang yo a tlhokafetseng); le go amogela (go bona tsela ya go tshela botshelo jo bo feletseng kwa ntle ga motho yoo).“Tsela e nngwe ya go itshokela kutlobotlhoko kgotsa go tshegetsa motho yo o mo ratang yo a leng mo kutlobotlhokong ke go tlhaloganya ka fao ku tlobotlhoko e go amileng kgotsa ka fao e amileng yo o mo ratang. Seno se ka netefaletsa motho yo o utlwilweng botlhoko gore seo a se itemogelang ke seo batho ba bangwe ba tshelang le sona. Inaganele kgotsa o naganele motho yo mongwe ka go itirela molemo kgotsa go direla motho yo mongwe molemo, go se iphelele pelo kgotsa go se felele motho yo mongwe pelo le go tlhaloganya mabaka mme o gakologelwe gore kwa bofelong seno se tla feta,” go bua Ludziya.


