Dikgato tsa go tsosolosa ikonomi

Vukuzenzele unnamed

Mo nakong e e sa fediseng pelo re tla bo re dira  ngwaga e sale go begiwa ga kgetse ya ntlha ya mogare wa corona mo nageng ya rona. Leroborobo le bakile ditshenyegelo tse dintsi mo maokelong a naga le mo matshelong a dimilione tsa batho ba rona.
Bontsi jwa badiri ba latlhe-getswe ke karolo ya lotseno la bona jaaka diura tsa tiro tsa bona di ne tsa fokodiwa le ba le bantsi ba lebogisitswe tiro. Dikgwebo di le mmalwa di itemogetse ditatlhegelo tse dintsi ka ntlha ya go fo-kotswa ga ditiro tsa tsona. Tse dingwe tsona di ne tsa gape-letsega go tswalwa. Batho ba ba rekisang mo mebileng le bona ba amegile thata.Se se boima go gaisa ke gore leroborobo leno le fetile ka matshelo a bao mo mala-peng a le mantsi e neng e le bona batlamedi, ba a tlogela a humanegile le go sa itse se isago e ba tsholetseng sona.Ke sona seo dikgato tse di anameng tsa namolo tseo di neng tsa diragadiwa di ne di le botlhokwa ebile di le makgabeadipapetla. Mme, jaanong ka gore go setse go fetile bokana ka ngwaga, re ka re dikgato tseno di itshu-pile di le molemo.Mo dikgatong tsa namolo tse di tsenyeletsang tsotlhe tseo di neng tsa itsisiwe, gongwe dikgato di le pedi tseo di nnileng le seabe se se-golo e ne e le thuso ya loago e e kgethegileng ya COVID-19 mmogo le ya Sekema sa UIF sa go Thusa Mothapi/Modiri sa COVID-19, seo se itsegeng thata ka COVID TERS.Re ne re ka se kgone go thankgolola dikgato tseno mo sebakeng sa nako e e khutshwane jaana fa re kabo re sena mafaratlhatlha a ma-golo a tshireletso ya loago ao a setseng a le gona.Re ne ra kgona go samagana le tlhoko eno e kgolo ebile e le makgabeadipapetla go setšhaba sa rona ka dite-bogo go mafaratlhatlha a magolo naga ka bophara le ditsamaiso tsa Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Afo-rika Borwa (SASSA) le Letlole la Inšorense ya go Kgaolwa kwa Tirong (UIF).Tota go ne go na le mathata a setegeniki le a mangwe mo tseleng, fela bontsi jwa tseno di ne di rarablolwa ka bonako. Ditheo tseno tsa puso di dirile tiro e e tswileng diatla go kwadisa dimilione tsa baamogeladitshwanelo ba bantšhwa le go netefatsa gore ba duetswe.Tshegetso e e neetsweng ke UIF e thusitse dikgwebo le badiri ba ba sokolang. E dirile pharologano maga-reng ga dikhamphani tse di tsweletseng go dira le tseo di pateletsegileng go tswa-lelwa, magareng ga ditiro tse di bolokilweng le tse di latlhegileng.Seno se ungwetse dikgwebo tse di jaaka Sihle’s Brew, e leng lefelo la borekisetso dijo mo Gauteng, leo le neng la kgona go boloka ditiro tsa badiri ba le 18 ba lona ka ntlha ya sekema sa TERS. Ka dite-bogo go tshegetso ya puso, Mamoshalagae Trading and Projects, kgwebo ya go baakanya dikoloi kwa Mokopane, e ne ya kgona go duela badiri ba yona gammogo le go duela rente le direite tsa yona ka nako ya go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng.Badiri bao ba neng ba le mo maemong a a masisi ba ne ba kgona go amogela karolo ya megolo ya bona.Lindiwe Ntuli, mothusa mmueledi kwa Centurion, o boletse ka moo go amogela ditshwanelo tsa gagwe go mo kgontshitseng go direla tiro ya gagwe kwa gae le go duela rente.Go na le dikgang di le dintsi tsa dikhamphani tse di kgonneng go dira mo sebakeng sa ngwaga e le ka ntlha ya thuso e ba e amogetseng go tswa kwa UIF. Seno se tsenyeletsa le dikgwebopotlana tse di thusitsweng ke dithusotlole tse di farologaneng le di-kadimo tse di neetsweng ke mafapha a le mantsinyana.Dikgato tseno di thusitse ba-tho ba rona thata mo nakong ya fa ba ne ba di tlhoka.Jaaka re tswa mo matsho-long a go thusa baagi mme re tsena mo go a tsosoloso ya ikonomi, re tshwanetse go simolola go nagana ka tsela e nngwe.Le fa dikgato tseno tsa matsholo a go thusa baagi e le tsa nakwana, ikonomi e tla tswelela go itemogela ditlamorago tsa leroborobo lobakanyana.Le fa dikiletso tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa na-geng di repisitswe, dikhamphani tse dintsi di sokola go samagana le ditlamorago tsa dikgwedi tsa phokotso ya ditiro le go sa direng lotseno.Ke ka ntlha ya lebaka leno, go latela dipuisano tse di tse-neletseng le balekani ba loago mo Lekgotleng la Naga la  Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro (NEDLAC), thuso ya COVID TERS e atolositswe go fitlha ka 15 Mopitlwe 2021 go thusa maphata ao a iseng a kgone go busetsa ditiro tsotlhe tsa one sekeng.Thusotlole e e kgethegileng ya COVID e atolositswe ka dikgwedi tse dingwe di le tharo.Tseno e sala e ntse e le dikgato tsa paka e khutshwane.Seo re tsepamisitseng mogopolo mo go sona ga jaana e tshwanetse go nna mo go tlhameng tikologo e e kgontshang dikgwebo go boela maemong, mmogo le kgolo ya ikonomi eo e tlholang ditiro le go ngoka peeletso.Tsosoloso ya ikonomi e tlile go nna boima mme e tla tsaya nako, bogolo jang ka re santse re le mo gare ga leroborobo.Le fa tota dikgato tseno tsa go tsosolosa ikonomi di le botlhokwa ga jaana, ga re kitla re kgona go di tsweledisa go ya go ile.Re tlhoka go netefatsa gore dikgato tseno tsa tsosoloso ya ikonomi di neelana ka motheo o o tsepameng wa pusetsomaemong e e ana-meng ntle le go tsenya naga mo sekolotong se segolo. Ntle le fa re ka fokotsa sekoloto sa naga ya rona gore maemo a yona a tokafale, ga re kitla re kgona go busetsa ikonomi mo maemong.Rele naga re tshwanetse go tswa mo matsholong a go thusa baagi mme re tsena mo go a tsosoloso ya ikonomi, mme rotlhe re tshwanetse go nna karolo ya kgato eno.Re le puso, re tlhoka go dira ditshweetso tse di thata ka ga ditshenyegelo tsa puso le go di tsenya tirisong monongwaga.Dikhamphani di tla tlhoka go itshimololela mekgwa le ditsamaiso tseo di sireletsang tswelelo le morokotso wa bona, go boloka ditiro e le ntlha e e kwa pele.Re tshwanetse go busetsa madi a rona mo ikonoming ya rona ka go reka dikuno tsa ka fa nageng, ka go tshegetsa dikgwebo le diintaseteri tsa ka fa nageng le go rekela batlhagisi ba dikuno le ditirelo ba ka fa nageng.Molwetse yo o gobetseng mme a bonagala e le molwetse yo a ka folang o neelwa tshidilommele go mo thusa gore a nonofe go fitlhele a itharabologelwa mo e bileng a ka ema ntle le thuso.Go fela jalo le ka matsholo ano a go thusa baagi a a sa tlelang go nnela ruri, a tshwa-netse go tsewa jaaka mekgwa ya go thusa ikonomi ya rona go ikemela. Maikaelelo ma-golo a rona ke go ikemela.Re le naga, a rotlhe re tsenye seatla. A re nneng karolo ya tlhabololo le tswelopele ya rona.A re soleng mosola matsholo ano a go thusa baagi a a okeleditsweng nako gore a re thuse go tsosolosa ikonomi ya rona ka maatla.