
Tsotlhe tse o tlhokang go di itse ka Moento wa COVID-19

Allison Cooper

Jaaka letsholo le legolo la naga ya Aforika Bo rwa le tla diragadiwa la moento wa bolwetse jwa Mogare wa Corona (CO VID-19) go enta badiredi ba lephata la boitekanelo mo kgweding ya Tlhakole, ba Vuk’uzenzele ba go abe la tshedimosetso gore moento wa COVID-19 ke eng, o dira jang le gore ke ka ntlha ya eng go le bo tlhokwa jaana go fedisa go anama ga mogare ono.
Ke eng se moento o se dirang?Moento o katisa masole a mmele wa gago (a e leng one a lwantshanang le bolwetse) go tsweletsa ditwantshama lwetse (e leng diporoteine tse di lwantshanang le ma lwetse) – fela jaaka mmele wa gago o a tle o dire fa o ka tsenwa ke mogare.
Goreng moento o le botlhokwa jaana?Go tlhabelwa moento wa COVID-19  ke tsela e e botlho kwa thata ya go ipabalela mo mogareng ono ka ntlha ya gore seo se fokotsa kgonagalo ya gore o ka tshwaetsega. Ka jalo, go nna le kgonagalo e nnye ya gore o ka tshwaetsa motho yo mongwe.Maitlhomo a go tlhaba moento ke go dira gore baagi ba bantsi ba se tshwaetsege – go dira gore batho ba bantsi ka fa nageng ba nne mo pabalesegong go akaretsa gape le bao ba sa tlhabelwang, e leng seo se tla dirang gore go anama ga mogare ono go nne ka fa tlase ga taolo.
A meento e botlhokwa mo go thibeleng go anama ga COVID-19?Go bopaki jo bontsi jo bo bontshang gore go tlhaba moento ke tsela e e gaisang ya go itshireletsa mo megareng e e kotsi thata.
A moento o tla dira gore ke se tshwarwe ke COVID-19?Ga go moento yo o thibelang gore motho a se lwale. Go enta bontsi jwa baagi gore ba se tshwaetsege le teng ga go ree gore ba ba sa entiwang ba ka se lwale. Le fa tota go le jalo, fa go entilwe baagi ba bantsi mo nageng gore ba se tshwaetsege, ba ba sa entiwang ba tla babalesega thata.
A moento yono o babalesegile?Meento ya COVID-19 e feta mo dikgatong di le dintsi tse di gagametseng tsa go e lekola, mmogo le go e lekelela gore ya dira ka go e tlhaba diketekete tsa batho ba ba ithaopileng e le go lekelela gore a e dira ka tshwanelo.Moento yo mongwe le yo mongwe yo o dirisiwang mo letsholong le legolo la Aforika Borwa o tshwanetse go neelwa tetla ke ba Bothati jwa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo ya Aforika Borwa gore o siametse go ka diriwiswa. Moento wa Oxford  University-AstraZeneca o setse o reboletswe tetla ke ditheo di le dintsinyana tsa bothati jwa taolo ya melemo mo lefatsheng e bile o setse o dirisiwa mo dinageng tse dingwe.Meento ya ntlha ya Aforika Borwa e tla tswa kae?Merwalo e mebedi e e tla gorogang lantlha mo Aforika Borwa (morwalo wa ntlha wa meento e le milione ka kgwedi ya Ferikgong fa mo rwalo wa bobedi e tla bo e le meento e le halofo ya milione ka kgwedi ya Tlhakole) e tla bo e le ya  Oxford University-AstraZeneca  go tswa kwa Serum Institute of India.
Ke mang yo a tla entiwang pele?Badiredi ba lephata la boite kanelo ba le kanaka milione le kotara e tla nna bona ba ba entiwang pele. Mo Kgatong ya Bobedi, re tla e neela badiredi ba ba botlhokwa ba ba jaaka baru-tabana, mapodisi, badiredi ba masepala,bakganni ba dithekesi le badiredi ba bangwe ba ba di gogang kwa pele;  batho ba ba leng kwa ditheong tsa tlhokomelo di tshwana le mafelo a tlho komelo ya batsofe, mafelo a tlhokomelo ya bana le batho ba ba humanegileng mmogo le mafelo a batshwariwa; mmogo le batho ba ba se tseng ba fetile dingwaga di le 60 le bagodi ba ba nang le malwetse a a  iphitlhileng.Mo Kgatong ya Boraro,  re tla kgona go dira gore bagodi ba ba iseng ba entiwe ba le dimilione di le 22.5 ba entiwe. Maitlhomo ke go enta baagi ba naga eno ba le  67% fa ngwaga wa 2021 o konosela. Mo nakong eo re tla bo re kgonne go enta palo ya baagi ba le bantsi.
Ke mang yo a rekang moento ono?Puso ke yona e le esi e e letleletsweng go reka meento eno mme e tla e romela kwa dipusong tsa diporofense le kwa makaleng a poraefete.Batho botlhe ba ba enti lweng ba tla tsenngwa mo rejisetareng ya naga mme ba rebolelwe gape le dikarata tsa go supa gore ba entilwe.BOITEKANELOTshedimosetso eno o e tlisediwa ke ba Lefapha la Boitekanelo.
