E nnile tlotla e kgolo go bo re neetswe tšhono ya go etelela pele Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU)

Vukuzenzele unnamed

Paka ya naga ya Afo rika Borwa go nna monnasetulo wa AU e fitlhile kwa bofelong.
Jaaka re ikgopotsa tseo re di dirileng mo ngwageng ono fa re ne re le mo maemong ao, ke gopola puo e e reng 'mo mathateng o ka iponela tšhono'.
Naga ya rona e kolobe-ditswe ka molelo jaaka e tsere setulo mo kgweding eo ka yona mogare wa corona o simolotseng go begiwa ka yona mo kontinenteng eno.Ditiro tseo re neng re ipeetse tsona gore re tshwanetse go di dira mo pakeng ya rona ya go nna mo setulong, gareng ga tse dingwe tse dintsi, e ne e le go atolosa kagiso le pabalesego, go matlafatsa basadi mo mererong ya ikonomi le go tsenyeletsa kgolaganyo ya ikonomi, ka ponyo ya leitlho ka ntlha ya go samagana le leroborobo di ne tsa tshwanelwa ke go emisiwa.Tiro e kgolo e e neng e re farafere e ne e le go tsepa-misa mogopolo wa AU mo go samaganeng le kotsi e kgolo eo re nang le sebaka sa ngwagakete re sa e bone.COVID-19 e amile dinaga di le dintsi mo kontinenteng ya rona. Go fitlha mo nakong e re leng mo go yona e go setse go fitlhetswe batho ba le di-milione di le tharo le halofo mo Aforika ba ba nang le bolwetse jono mme ba bangwe ba ba fetang ba le 88 000 ba tlhokafetse ka ntlha ya bone.Seno e nnile tlhobaboroko e e seng kana ka sepe mo dinageng tsa Aforika tseo bontsi jwa tsone bo senang metswedi e e lekaneng go samagana le bogolo jo bo kana jwa mathata mo mapha-teng a boitekanelo, a go phuta batho, a loago le a ikonomi.Le fa tota leroborobo leno le sa tlwaelega, go nnile fela jalo le ka ditsela tse dinaga tsa Aforika di di dirisitseng mo go lwantsheng mmogo bolwetse jono.Re dirile jalo re itshepile bodiba jwa botlhogoputswa jwa kontinente, bokgoni jo re nang le bona le ditheo tse di jaaka Ditikwatikwe tsa Kontinente ya Aforika tse di Mabapi le go Thibelaketegelo ya Malwetse (Africa CDC).Aforika ga e a ke ya phuta diatla ya lebelela fela fa le-roborobo leno le le kotsi le tsweletse go iponagatsa le go gola mo setšhabeng. Go si-molola kwa tshimologong ya leroborobo leno mme re ete-letswe pele ke AU, ka ponyo ya leitlho re ne ra loga leano la kontinente la go samagana le bolwetse jono, mme le ne la etelelwa pele ke ditlhophatiro tsa dikgaolo tsa kontinente mmogo le Africa CDC. Re a itse gore lerobo-robo leno le tla ama dinaga tsotlhe mo kontinenteng ya rona ka tsela e e sa itume-diseng.  Bontsi jwa tsona ga bona metswedi yotlhe e e tlhokagalang go ka samagana le dikgwetlho tsa maokelo a setšhaba le go ka babalela diikonomi tsa tsona. Re le dinaga tsa Aforika re ne ra utlwana gore re thape maAforika a le mantsinyana a borona go nna baromiwa ba ba botlhokwa,gore ba ye go buisana le batlamedi ba boditšhabatšhaba ba matlole mmogo le ditheo tsa dinaga di le dintsinyana go itlhagisa mo go bona go ba tlhagisetsa mabaka gore ba re thuse ka matlole le go fokotsa sekoloto sa Aforika.Ka go dira jalo, go dira re  tshwaragane jaaka kontinente e le nngwe, re ne ra kgona go dira gore dinaga di le dintsi di imololwe bokete jwa dikoloto le go thusiwa ka matlole a go samagana le COVID-19 le a go tsosolosa ikonomi.Le fa tota dinaga tsa Aforika di tswetse kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba go batla thuso, re simolotse pele ka go ithusa fa gae ka go tlhoma le go sola mosola Letloletlamelo la go Samagana le COVID-19.Botsalano bongwe le bongwe  jo re nang le jona le dinaga tsa boditšhabatšhaba tse di nang le metswedi e mentsi mmogo le batlamedi ba matlole ba boditšhabatšhaba, re bo sotse mosola ka gore ba dirisane mmogo le rona mo go tlho-meng ditsela tsa boitshimo-loledi jwa go tlhoma Serala sa Tlamelo ya Melemo ya Aforika go kgontsha gore dinaga tsotlhe tsa Aforika di kgone go iponela ka bonako diaparo tsa itshireletso mmo-go le melemo e mengwe ka selekano le ka ditlhwatlhwa tse di rekegang.Mme jaanong jaaka go setse go na le moento wa CO-VID-19, re dirile mmogo re le seoposengwe go netefatsa gore kontinente eno le yona e neelwa moento ono, ka go tsaya karolo mo Letsholong la  COVAX mmogo le go ete-lelwa pele ke Setlhophatiro sa go Reka Moento wa Aforika. Letsholo la moento le setse le ragotswe mo kontinenteng mme e bile re batla gore fa 2021 a garela re bo re entile baagi ba le bantsi mo konti-nenteng.Re dirisane re le seoposengwe mo go babaleleng boi-tekanelo le mo go babaleleng ka fao batho ba iphedisang ka teng mo kontinenteng. Mo go direng seno, re bontshitse bokgoni jwa rona mo go ikanyegeng mmogo le mo bokgoning jwa rona jwa go itsosa rona ka borona. Le fa tota COVID-19 e  re farafere, re kgonne go nna le kgatelopele e kgolo mo dika-rolong di le dintsi tsa dintlha tsa rona tse di botlhokwa.Mo pakeng ya fa re ne re santse re le mo setilong sa AU, re kgonne go thankgo-lola Letsholo le le Sutisang Dikgoreletsi mo Kgwebisa-nong ya Dinaga tsa Aforika (AfCFTA), e leng seo se tla simololang dikgato tse dintšhwa tsa go kopana ga Aforika le go gwebisana ga dinaga tsa bana ba mpa.Le fa kontinente e le ka fa tlase ga kgatelelo e e seng kana ka sepe ya leroborobo leno, re kgonne go diragatsa letsholo la 'go fedisa tiriso ya ditlhobolo' mo kontinenteng. AU e ntse e semeletse ka dipuisano mabapi le ntlha ya Grand Ethiopian Renaissance Dam, mabapi le go fedisa ntwa kwa Libya le go rotloetsa gore go rene kagiso kwa Republic of South Sudan.Ntlha e nngwe e re sama-ganeng le yona ke matlafatso ya basadi mo mererong ya ikonomi, e leng eo re tla  tswelelang go e nesetsa pula le fa re sa tlhole re le mo setilong go ralala le Letsholo la Ngwagasome la go Tsenyeletsa Basadi ba MaAforika mo Mererong ya Ikonomi  go fitlha mo ngwageng wa 2030.Jaaka re sutela Democratic Republic of Congo (DRC) go tsorama maemo a re neng re a tsorame, re tlogela setheo seno se se tlotlegang se le mo maemong a a tsetsepetseng go gaisa.Aforika Borwa e tla tswelela go tshameka karolo ya yona go atolosa tshwaragano mo kontinenteng, le go tshegetsa monnasetulo yo a tsenang mo maemong ano mmogo le go tshegetsa mokgatlho ono mo matsapeng a ona a go dira-gatsa diphisegelo tsa Leano la AU la 2063. Fa Mokgatlho o o Tshwa-raganeng wa Aforika (OAU) o simololwa ka ngwaga wa 1963, dinagaleloko di ne tsa jala peo ya tirisanommogo le kutlwano ka maitlhomo a go dira gore botshelo jwa batho botlhe mo Aforika bo nne botoka.Ba totobaditse gore tshwa-ragano ya batho ba Aforika e botlhokwa thata fa e le gore re batla gore batho ba Aforika ba tshele sentle ntle le go  etsaetsega.Hisetori e ka paka tota gore dipeo tseno di ntse di sa thuthuge ka fao go neng go lebeletswe, e bile mo tsama-ong ya nako tshwaragano ya dinaga tsa kontinente e tsamaile e kgopiwa le go fosa dikgato.Fela matshosetsi a a tlho-dilweng ke leroborobo leno a dirile gore dinaga tsa Aforika di tseye dikgato di tshwara-gane tsi.Fa re ne re tobane le matsapa a COVID-19 peo e e sa bolong go latlhelwa ke bagolo ba rona ya go tshwaragana le go dirisana mmogo re e bone e simolola go thunya le go ntsha maungo.Motsotso ono wa diteko le maima ke o mongwe wa metsotso e mentle eo AU e itemogetseng yona.Re motlotlo go bo re neilwe tšhono ya go etelela kwa pele mokgatlho ono mo nakong eno, e e bontshitseng botlhokwa jwa mafoko Tshwa-raganelo ya Aforika.Eno ke ntlha e e botlhokwa e re e fitlheletseng eo baagi botlhe ba kontinente ya rona ba tshwanetseng go ipela ka yona e bile e tshwanetse go ba rotloetsa.
 