Go godisa ngwana yo o nang le bolwetse jwa seebana

Allison Cooper

Le fa tota e ka nna kgang e e tsho-sang gore mo lelapeng go na le ngwana yo a nang le bolwetse jwa seebana, o le motsadi wa gagwe o ka dira gore  ngwana yo a golele mo lelapeng le le amogetseng maemo a gagwe, le le nang le lerato e bile le tlhaloganya seemo sa gagwe go dira gore a gole a dumela gore  o na le bokgoni jwa go atlega.
Go ya ka setheo sa Epi-lepsy South Africa, batsadi ba ka tshwenyegela isago ya ngwana wa bona mme se, sa ba ketefaletsa go amo-gela le go bua ka bolwetse jo. O ka nna le maikutlo a tšhakgalo, kgatelelo, tlhaelo le go ipona molato, fela o ka fenya maikutlo a le ketsaetsego ka go ithuta ka ga bolwetse jo.Seebana ke kidibalo e e tswelelang gangwe le gape fa go na le kelelo e e sa tlho-mamang ya motlakase mo bobokong.Goreng ngwanake?Go tlhaloganya seebana le gore ke ka ntlha ya eng kidibalo e tlhagelela ga go tlhalose gore ke ka ntlha ya eng se se diragalela ngwana wa gago.Mo teng ga dikgetse di le 66 mo go tse 100, ga go itsiwe gore seebana se bakiwa ke eng. Seno se itsege ka gore ke seebana se se sa itsegeng. Mo dikgetseng tse dingwe tse di setseng di le 34 mo go di le 100, go ka itsiwe dibaki tsa maemo a, e leng se se itsegeng jaaka seebana se se nang le matshwao. Go ka nna le dibaki tse di farologaneng jaaka kgobalo mo tlhogong, e e ka diragale-lang batho ba bogolo jo bo fa-rologaneng; kgobalo ka nako ya pelego, jaaka go tlhaela okisejene ka nako ya pelego; mototwane o o bakwang ke letshoroma, tshwaetsego ya boboko, tshoromo ya boboko kgotsa makidiane a bongwana; gammogo le dikgoreletsego kgotsa go tlhoka tekatekano ga masole a mmele kgotsa go fetoga ga popego ya masole a mmele. Ngaka e tla go kwalela me-lemo a lebeletse dingwaga tse ngwana a nang le tsona, maemo a gagwe a mmele le mofuta wa kidibalo e ngwana wa gago a itemogelang yona. Gakologelwa, melemo e e thibelang kidibalo ga e fodise seebana fela, go le gantsi, e tla fokotsa seelo sa dikidibalo le bomasisi jwa tsona.Maele ka ga go godisa ngwana yo  o nang le seebana:
• Lemosa ngwana wa gago ka maemo a. Bana ba bonnye  ba dingwaga tse tharo ba ka tlhaloganya gore bobo-ko bo laola mmele. Bana ba bagolwane ba tshwanetse go newa tlhaloso ka botlalo.• Itsise ba losika le ditsala tsa ngwana wa gago ba ba gaufi, barutabana le batlhankedi ba sekolo ba ba mai-karabelo.• Netefatsa gore ngwana wa gago o bona tlhatlhobo e e tseneletseng ya boitekane-lo go tswa go moitseanape wa porofešenale, segolo moitseanape wa methapo.• Rotloetsa bokgoni jwa  ngwana wa gago le tiragalo efe fela e e ka tokafatsang go ikamogela ga gagwe, go ipona a na le boleng le go itshepa.• Netefatsa gore go nna le motho yo mogolo yo a mo lebeletseng fa a dira ditiro dingwe, jaaka go thuma.• Netefatsa gore melemo e tsewa ka tolamo jaaka go laetswe.• Tlhagisa lenaneo la ditiro tse a tshwanetseng go di dira mme go nne le nako e ntsi ya go ikhutsa, go nne le dijo tse di nang le dikotla tse a tshwanetseng go di ja gararo ka letsatsi gammogo le nako ya go ika-tisa ka gale.• Fa o tlhalosa dikidibalo, di-risa mafoko a ngwana wa gago a tla a tlhaloganyang.• O se letle ngwana wa gago go ikidibatsa e le tsela ya go ipata gore a se dire di-tiro tse di rileng tsa ka fa lapeng kgotsa go dira jalo gore a se rwale maikara-belo.
