Ngwaga wa 2021 o o botoka go Maaforika Borwa otlhe  Dibeke tsa ntlha tsa monongwaga di nnile bokete tha-ta go Maaforika Borwa  otlhe. 

Vukuzenzele Unnamed

Leroborobo la mo-gare wa corona le etegetse, ka ditshwaetsego tse dintšhwa tse di oketse-gang ka bonako le seelo se se fetang sa pele.
Maaokelo a nnile ka fa tlase ga kgatelelo e kgolo ka ntlha ya fa batho ba bantsi ba ne ba tlhoka  tlhokomelo ya kalafi.
Le fa tota bontsi ba makala a ikonomi bo ne ba kgona go dira gape dikgwedi di le mmalwa, go tla tsaya nako gore ikonomi e boele mannong le gore ditiro tse di latlhegetseng batho di busediwe mannong. Jaaka ngwaga o mošwa o simolola, malapa a mantsi a santse a itemogela ditlamorago tsa leroborobo le mo matshelong a bona le mo ditseleng tseo ba iphedisang ka tsona. Ga jaana lefatshe le tsena mo ngwageng wa bobedi wa leroborobo la mogare wa co-rona. Mo Aforika Borwa, fela jaaka dinaga di le dintsi go ralala lefatshe, 2021 e tla nna ngwaga o o bokete tota. Lekhubu la bobedi la ditshwaetso tsa COVID-19 le ka la-telwa ke makhubu a mangwe gape, a a tla nnang matsho-setsi mo boitekanelong jwa batho ba rona gammogo le mo tsosolosong ya ikonomi. Le fa tota ngwaga o o tla nna bokete, ke na le bonnete jwa gore re tla fenya leroborobo le, le go tlhoma naga ya rona mo tseleng ya tsosoloso. Ke na le tshepo e e tletseng mo bathong ba Aforika Borwa. Fa ke leba ka moo Maaforika Borwa a tsibogetseng bothata jo, go simolola ka nako ya fa mogare o o goroga mo nageng ya rona, ga ke na pelaelo ya gore re na le tlhotlheletsego, tlhomamo le bokgoni jwa go fenya bolwetse jo.  Ke nnete gore go nnile le matlhaodi, fela bontsi jwa Maaforika Borwa bo ne bo tlhaloganya tlhokego ya dikiletso mo motsamaong le mo ditirong tsa bona, mme ba ikobela melawana e re neng ra tshwanelwa ke go e tlhoma. Tota se se nnileng botlhokwa go feta go ikobela melawana ka gore, Maaforika Borwa a ne a rwala maikarabelo ka bobona le boemong jwa ba bangwe, morago ga maele a a jaaka gore ba se atamelane, ba apare dimmaseke le go tlhapa diatla. Kwa re tlhaetseng teng, ka bomadimabe, re ne ra bona ditlamorago. Ga jaana re itse ka ga dikotsi tsa mafelo a a sa tsenelweng ke mowa le dikokoano mo batho e leng ba bantsi mo go tsona, dikotsi tsa go se apare mmaseke le go se katologane ka tolamo le ba bangwe. Se ke sesupo se se siameng sa ngwaga o re leng mo go ona. Ga jaana re itse go le gontsi ka ga bolwetse jo le gore re ka thibela jang kanamo ya bona. Mme le fa tota go na le se se ka bidiwang 'letsapa la leroborobo', seno ga se kae gore re le Maaforika Borwa ga re na maikemisetso a go dira tse di tshwanetseng go dirwa. Jaaka re ikobela mekgwa-thibelo ya motheo go gaisa pele, re tla bo re thankgolola letsholo le legolo la meento. Fa batho ba bantsi ba ka entiwa, re tla kgona go boloka matshelo le go tswelela go fokotsa seelo sa tshwaetso go ralala naga. Go bona meento e e le-kaneng ka bonako le go netefatsa gore e fitlhelela batho ba ba e tlhokang e tla nna nngwe ya ditirokgolo tsa monongwaga. Se e tla nna  kgwetlho gonne naga nngwe le nngwe mo lefatsheng e lwela go fitlhelela palo e e rileng ya meento. Fela re se-meletse mmogo le balekane ba rona ba kgwebo, mekgatlo ya badiri le baagi go netefatsa gore se se a diragala. Re dira mo maphateng a a farolo-gang go bona meento e, go akaretsa setheo sa boditšhaba sa COVAX, letsholo la Dina-gatshwaraganelo tsa Aforika gammogo le ditherisano tsa rona le batlhagisi ba meento e. Jaaka re dira mmogo go fenya leroborobo le, re tla tlhoka go dira mmogo go aga sešwa ikonomi ya rona le go e tlhabolola. Re na le bokgoni le maikemisetso a go tsoso-losa tsamaiso ya ikonomi, go godisa ikonomi ya rona le go tlhola ditiro. Re ikemiseditse go dira se re ntse re le mo teng ga leroborobo. Matlole a bosetšhaba a ka fa tlase ga kgatelelo e kgolo, se-golo ga jaana ka ntlha ya tsi-bogo ya rona ya boitekanelo kgatlhanong le COVID-19 gammogo le ditsereganyo tsa kimololo ya loago le ikonomi tse re di dirileng go thusa dikgwebo le malapa a a humanegileng. Kwelotlase ya ikonomi e kaya gore le lotseno lwa lekgetho le lona lo ile tlase thata. Go dikarolo dingwe tsa ikonomi tse di tla tsayang sebaka go boela mannong ka ntlha ya kwelotlase ya tlhokego ya ditlhagisiwa tsa bona go ralala lefatshe ka kakaretso, gammogo le ka ntlha ya dikiletso mo mae-tong a boditšhaba. Ke ka moo re tlhokang go nna manontlhotlho le go tsepama mo maanong a rona a go bopa ikonomi ya rona sešwa. Sa botlhokwa, Leano la Poposešwa le Tsosoloso ya Ikonomi le le neng la itsisiwe mo kgweding ya Diphalane ngogola le ikaegile ka tuma-lano e e anameng magareng ga balekane ba loago ka ga dikgato tse di tlhokang go tsewa go tsosolosa ikonomi. Se se tlhoma motheo o o tse-pameng wa tirisanommogo e e nang le maungo, e e ikae-gileng ka metswedithuso, bokgoni le maatla a maphata otlhe a setšhaba. Re bona se ka ditsela tse di farologaneng tse di di-regang. Sekao, re ntse re dirisana mmogo le batla-medi ba matlole ba makala a poraefete le ditheo tsa tlhabololo ya maphatamantsi go baakanyetsa diporojeke tsa mafaratlhatlha mo maka-leng a a jaaka dipalangwa, mafelobonno a batho, metsi le mafaratlhatlha a ditlhae-letsano. Go dirisa Letlole la Mafaratlhatlha jaaka sengwe sa dikgontshi, re tlhola ditsela tsa kabomatlotlo ya diporo-jeke tse di nang le metswedi e e farologaneng mo lekaleng la puso le la poraefete. Se, se botlhokwa thata segolo jaaka matlole a puso a tlhaela. Lenaneo la ga Moporesi-tente la Tsosoloso ya Ditiro ke sekao se sengwe sa semphato se se dirang. Ka go tlhaloganya gore go tla tsaya nako gore kgolo ya ikonomi e bake diphatlhatiro mo lekaleng la poraefete, re thankgolotse tsosoloso ya ditiro go simolola go tlhola ditšhono tsa ditiro ga jaana. Lenaneo le, le eteletswe pele ke Kantoro ya Moporesitente, fela le tsenngwa tirisong ke mafapha a a farologaneng a puso le makala a a farologa-neng. Ka lenaneo le, dikete tsa batlhokatiro di kgona go nna le lotseno le go ithuta jaaka ba rebola ditirelo tse di botlhokwa tsa loago. Mo tsamaong ya nako, lenaneo le, le tla akaretsa ka-rolo ya 'ditiro tsa loago', mo re tla dirisanang le ba lekala la loago go thapa batho mo ditirong tse di farologaneng go akaretsa le mo mapha-teng a tlhagiso ya dijo tse di sa tlhaeleng, mo maphateng a a samaganang le tirisodikgoka mo bathong ba bong jo bo rileng, le mo maphateng a a tlhabololang mafelobonno a a sa tlhomamang e leng se se nang le seabe se se mo-lemo go botlhe. Tiro yotlhe e, e kgontshiwa ke tsepamo e e tseneletseng mo diphetogong tsa ikonomi tse di tla nnang le tsepamo e kgolo mo kgolong. Tsona di akaretsa go okediwa ga mothamo wa go fetlhiwa ga motlakase, go dira gore magorogelo a naga ya rona a nonofe le go nna a maemo a a gaisang, go tokafatsa phitlhelelo ya mafaratlhatlha a tlhaeletsano a a tlhwatlhwatlase, le go tokafatsa nako ya thebolo ya dilaesense tsa metsi, meepo le tse dingwe. Maiteko a, a laolwa le go bewa leitlho ke Kantoro ya me mmogo le Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba. Go na le tse dintsi tse di ka dirwang mo ngwageng o. Le fa go le jalo, ga re a tshwa-nela go lebala gore re tlile go samagana le dikgwetlho tse dintsi tse di masisi. Fela re setse re supile gore jaaka naga, re kgona go atlega fa re dira mmogo go fitlhelela maitlhomo a a tshwanang. Fa re ka gakologelwa seno, mme ra semelela mmogo, re tla netefatsa gore 2021 e tlisa boitekanelo le matshelo a a botoka go batho ba rona botlhe. Ke lo eleletsa ngwaga o mošwa wa katlego le nala.
