Tšhono e nngwe ya go konosetsa dithuto tsa gago tsa materiki

Cathy Grosvenor

Ga go thari go ka konosetsa dithuto tsa gago tsa materiki kgotsa go iponela dipholo tse o di batlang, ono ke molaetsa go tswa mo Letsholong la Lefapha la Thuto ya Motheo (DBE) le le ka ga go Tshegetsa Baithuti go Iponela Tšhono e Nngwe ya go Konosetsa Dithuto tsa Materiki.
Mokaedi wa letsholo leno, Ngaka Sandy Malapile, a re go iponela materiki ke selo se se botlhokwa thata gonne ntle le ona, ditšhono di le dintsi di tla go feta mo tseleng.“Bothati jwa Lekala la Thuto le Katiso (SETA), jo bo rweleng maikarabelo a go tokafatsa bokgoni jwa baagi ka fa nageng ka go ba tlamela ka matsholo a katisobokgoni le a ditiro tsa diatla, le jone bo tlhoka gore batho ba ba tsenelang matsholo ano ba nne le materiki,” ga rialo Ngaka Malapile.Letsholo leno la Tšhono e Nngwe ya go konosetsa di-thuto tsa gago tsa materiki, le le sa bolong go thankgololwa ka Ferikgong 2016 le tshegetsa mongwe le mongwe yo a ba-tlang go konosetsa dithuto tsa gagwe tsa materiki kgotsa yo a batlang go tokafatsa dipholo tsa dirutwa tsa gagwe, go sa kgathalesege dingwaga tsa ga-gwe, mme a batla go tsena sekolo mo matsatsing ao a beilweng. Ga go le sente yo montsho yo a duelelwang.
Ke mang yo a nang le matshwanedi a go bona thuso eno?
•  Batho ba ba batlang go tlhabolola dipholo tsa dirutwa tsa bona, go sa kgathalesege gore ba kwadile ditlha tlhobo tsa bona tsa materiki sešweng jaana kgotsa ga ba boolo go di kwala dingwaga di le masome tse di fetileng.
  Ngaka Malapile o tlhalosa gore motho yo a batlang go iponela makwalothuto a boenjenere, go naya motlhala, a ka tlhoka gore a tlhabolole dipholo tsa gagwe tsa serutwa sa dipalo gore a fitlhelele dipeelo tsa go ithutela serutwa seno.
•  Batho ba ba reteletsweng ke go falola materiki mme ba tlhoka tšhono e nngwe gape ya go kwala gape materiki gore ba falole.
•  Batho ba ba tlogetseng sekolo fa ba sena go falola dithuto tsa bona tsa Mophato wa bo 9 (o mo malobeng o neng o bediwa Standard 7), ba ba nang le dingwaga di le 21 le go feta, mme ba batla go konosetsa dithuto tsa bona tsa materiki.
O simolola ka go dira eng?Ikwadise kwa go e nngwe ya dikantoro tsa tikologo di le 75 tsa Lefapha la Thuto ka fa nageng kgotsa ikwadise mo inthaneteng mo webesaeteng ya: www.eservices.gov. za .Paka ya ikwadiso e buletswe ka la bo 1 Diphalane 2020 mme e tla tswalelwa ka Tlhakole 2021. Barutwana ba na le tlhopho ya gore ba ithute ka bobona kgotsa ba ye sekolong kwa tikwati-kweng e nngwe ya di le 133 mo ba tla rutiwang mo maitseboeng le mo bokhutlhong jwa beke.Ngaka Malapile a re barutabana ba ba dirang tiro e ntle mo di tikologong tse ba rutang mo go tsona ke bona ba thapilweng go ruta mo dikolong tseno. Dikolo tseno ga di a gasagana moteropong e nngwe le e nngwe le mo metseng e mengwe le e me-ngwe, mme di teng mo batho ba ikwadisitseng ka bontsi gone, mme seno se raya gore mafelo a dikolo tseno di fitlhelwang mo go ona a ka fetogafetoga ngwaga o mongwe le o mongwe.Mekgwa ka bobedi ya go ithuta ka bowena le ya go ya sekolong e tshegediwa ka bo-tlalo ka ditirelo tsa go ithuta, go tsenyeletsa le ka mananeo a seyalemowa le a thelebišene a a tshamekang ka dinako tse di rileng; ba tshegediwa ka didi-risiwa tsa go ithuta tse ba ka kgonang go di daonelouta; mme bao ba senang dikhomphiutha, diprintara le inthanete−lefapha le tla ba romela didirisiwa tsa go ithuta tse di gatisitsweng. Batho ba ba nang le dikhomphiutha mme ba sena ditirelo tsa inthanete kgotsa ba sena data , ba ka ikuela gore ba romelwe CD e mo go yona go tsentsweng didirisiwa tsotlhe tsa go ithuta, mme e tla romelwa ka poso.“Batho ba bagolo bontsi jwa bona ga ba na nako e ntsi mo diatleng tsa bona mo ba kaineelang mo dithutong tsa bona.
Ka lesego, ba ka tsaya tshwetso ya gore ba batla go dira diru-twana di le kae kwa sekolong mongwageng ka ntlha ya gore ga ba gapeletsege gore ba konose-tse dithuto tsa bona mo seba-keng se se rileng.”Gang fa ba sena go ikwadisa, DBE e tla thusa moithuti yo mongwe le yo mongwe yo mogolo go tlhopha dirutwa tse a batlang go di ithutela le go mo tlhalosetsa gore ke dirutwa dife tse ba gapeletsegang go di ithutela.Fa ba sena go konosetsa dithuto tsa bona, batho ba ba tlogetseng sekolo morago ga 2008 ba tla amogela Lekwalo la Naga la Dithuto tse Dikgo-lwane mme bao ba tlogetseng sekolo pele ga ngwaga oo, ba tla amogela Lekwalo la Naga la Dithuto tse Dikgolwane le le Tlhabolotsweng.Le fa go le jalo, Ngaka Ma-lapile a re makwalo a thuto ano ka bobedi a lekana mme, go lebilwe dirutwa tse ba di tsereng mmogo le dipholo tse ba di fitlheletseng, ba ka di dirisa go ikwadisa kwa diyunibesiti le kwa dikholejeng.Go neelana ka tšhono e nngwe ya go konosetsa dithuto tsa materikiDBE e diragatsa matsholo a go lemosa baagi ka go rotloetsa batho go ikwadisetsa tšhono e nngwe gape ya go konosetsa dithuto tsa materiki.Ditheo tsa thuto e kgolwane mmogo le SETA ba kopiwa go tlamela bao ba nang le kgatlhego ka tshedimosetso e ba nang le yona ka bontsi jo ba ka bo kgonang.Mo matsholong ano a go bula baagi matlho, bašwa ba le bantsi ba botsoloditse Tona Angie Motshekga gore goreng a sa tsenye tirisong manaane a a ka kgonang go thusa bašwa gore ba thapege, ga rialo Ngaka Malapile.Mo go tsibogeleng seno, DBE monongwaga e thankgolola lenaane la go tlhabolola bokgoni le le tla thusang bašwa ba le dimilione di le 3.4 ba ba senang ditiro, ba ba seng mo sekolong kgotsa mo katisong. Dirutwa tsa lenaane leno di tla tsenyeletsa tsa dithuto tsa botshelo – mo ditlhogo tsa dithuto tseno di tla akaretsang tsa go kwala lekwalo la go batla tiro (CV) le gore o ipaakanyetsa jang kopano ya go batla tiro; go tsenyeletsa le dirutwa tsa bokgoni jo bo bo-tlhokwa, jo bo jaaka go baaka-nya ditlhako, go dirisa kho-mphiutha le jwa go ithuta go buisa le go kwala.  vA o ne o itse?
• Go sa kgathalesege gore o tlogetse sekolo mo dingwageng tsa bo ma 1960 kgotsa mo malobeng, o tshwanetse go ithuta dirutwa tse di latelang kharikhulamo e e dirisiwang jaanong.
• Thulaganyo ya thuto mo nageng ya  Aforika Borwa e direla gape le batho ba ba seleng ba tswa mo sekolong ba le mo Mophatong wa bo 9, ka go dirisa lenaane la Thuto e Kgolwane la Thuto le Katiso ya  Motheo ya Bagodi (ABET).
