Aforika Borwa e itharabologelwa mo bolwetseng jwa HIV le AIDS

Vukuzdenzele Unnamed

Jaaka re tswelela ka matsapa a rona go sa-magana le leroborobo leno le le dirang tlhakantsu-ke la mogare wa corona , re ka se ikgatolose dikgwetlho tse dingwe tse re tobaneng le tsona mo laphateng la boitekanelo ka fa nageng ya rona.
E setse e le sebaka sa dingwa-gasome di le tharo naga ya rona e kgaratlha ka ntlha ya Mogare wa Lebolelateng (HIV) le Le-bolelateng (AIDS), e leng seo se dirileng gore re latlhegelwe ke matshelo a batho ba le bantsi le go tlisa dikhuduego le tshotlego e e seng kana ka sepe.Fa e sale COVID-19  e runya ka fa naegeng, mmogo le dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng naga ka bophara go tsenyeletsa le kgatelelo mo mao-kelong a rona, ditirelo di le dintsi  tsa kalaﬁ ya HIV , AIDS  le tsa Bo-lwetse jwa Lehuba (TB) di gogile boima. Seno se tlhodile matsapa mo bathong gore ba se kgone go dira diteko le go simolola ka melemo ya thibelaketegelo ya kokwanatlhoko ya lebolelateng (ARV). Batho ba le bantsi ba paletswe ke go lata melemo ya bona mme ba bangwe ba le mmalwanyana fela ba kgonne go bona ditirelo tse dingwe, tse di jaaka go ithaopa go rupisiwa sekgowa ga banna.Le fa go le jalo, go gontsi go re go ithutileng gone mo dikgatong tseo di tserweng ke maokelo a puso mo go samaganeng le le-roborobo la mogare wa corona e leng botlhale jo re ka bo dirisang go samaganang le HIV le TB.Aforika Borwa e santse e na le palo e e kwa godimo ya batho ba ba tshelang ka HIV lefatshe ka bophara. Le fa go le jalo, go a ro-tloetsa gore mo ngwagasomeng yo o fetileng re nnile le kgate-lopele mo go fokotseng dipalo tsa dikgetse tse dintšhwa tsa batho ba ba tshwaetsegang mo baaging ka palo e e atumetseng go 60%. Go a rotloetsa gape le gore di-tshwaetso tsa HIV mo barwe-tsaneng le mo makgarebeng le teng di fokotsegile thata go ne mo ngwagasomeng yo o fetileng. Setlhopha sa batho bano se botlhokwa thata gonne ke sone gantsi se leng mo kotsi-ng ya go tshwarwa ke HIV .Lenaane la rona la go okobatsa bolwetse jono le nnile mosola thata mo go fokotseng dipalo tsa dintsho tse di tlhodiwang ke AIDS ka palo e e kanaka 60%. Go nnile le phokotsego e kgolo mo bašweng ba ba tlhokafalang ka ntlha ya HIV .Go ne go tshwanetse gore re kgone go fokotsa dipalo tsa dintsho ka ntlha ya gore rona, mmogo le badirisanimmogo ba rona, re thankgolotse lenaane le legolo la di-ARV le le thusang dimilione tsa batho ba naga ya rona ba ba nang le bolwetse jono.
Kwa tshimologong ya ngwa-gasome ono, lenaane la rona la go thibela bolwetse jono go fetela mo baneng ba ba iseng ba belegwe (PMTCT) le ne le thusa palo e nnye ya batho. Jaanong re na le batho ba le bantsi thata ba re ba thusang ka PMTCT mo karolong ya Borwa jwa Aforika, e leng seo se fokoditseng thata dipalo tsa bana ba ba iseng ba belegwe ba ba tshwaetsegileng.Le fa re fokoditse dipalo tsa dintsho le tsa ditshwaetsego tse dintšhwa, re santse re le kgakala le go ﬁ  tlhelela dipeelo tsa rona tseo re ipeetseng tsona ka ngwaga wa 2016 fa re ne re re re batla go fokotsa sekgala sa ditshwaetso tsa HIV ka 75% fa re tsena mo ngwageng wa 2020. Fa re ka atlega mo go direng seno, go na le kgonagalo ya gore mo ngwageng wa 2030 re tla bo re fedisitse AIDS gore e se tlhole e nna setshosetsi mo boiteka-nelong jwa setšhaba.Fela ka bomadimabe ga re ise re ﬁ  tlhe foo. Re tshwanetse go dira go tlala seatla go netefatsa gore bašwa ba matlafadiwa gore ba kgone go iphemela gore ba se tshwaetsege, go tsenyeletsa le ka go fetola maitsholo a bona, go neelwa mesomelwana le go dira diteko gangwe le gape. Re tshwanetse go netefatsa gore motho mongwe le mongwe yo a tshwaetsegileng bolwetse jwa gagwe bo a okobadiwa mme o a tlhokomelwa.Re tshwaetse go dira ka natla mo go thibeleng HIV mo baa-ging bao ba leng mo kotsing e e kwa godimo mo setšhabeng, go akaretsa gape le batho ba ba gwebang ka thobalano, banna ba ba robalanang le banna ba bangwe, mmogo le mo bathong ba ba dirisang diritibatsi ka gotlhabana ka lemao le le lengwe. Re tshwanetse go fedisa ma-modula mmogo le go tlhaola batho bano. Ga gona gore re ka solofela go fedisa HIV fa re itlhokomolosa ditlhokwa, matshwenyego le ditshwanelo tsa baagi ba ba rileng ba naga ya rona.Aforika Borwa e tshwanetse go oketsa matsapa a yona a go rupisiwa sekgowa ga basima-nyana go fokotsa dikotsi tsa gore ba ka topa HIV . Go rupisiwa go go sa babalesegang ga go a tshwanela go tlogela makau ka mathata a boitekanelo a go ya go ile, e bile ga go motho yo a tshwanetseng go tlhoka-fala ka ntlha ya go rupisiwa. Re tshwanetse go netefatsa gore makau a tsenela thobalano e e babalesegileng.Re rotloeditswe ke dipoelo tse di sa tswang go ribololwa tsa dipatlisiso tsa Melemo ya Thibe-lotshwaetso (PrEP). Jaaka yona e dira go farologana le melemo ya ARV e e neelwang batho ba ba nang le HIV , PrEP e nwewa gangwe le gape ke batho ba ba senang HIV go ba thibela gore ba se tshwaetsege. Dipatlisiso tseno, tse di dirilweng ke bora-saense ba Setlamo sa Diteko tsa go Thibela HIV , di ribotse gore go itlhaba lemao gangwe le gape gangwe mo dibekeng di le robe-di go botoka go na le go tsaya melemo letsatsi le lengwe le le lengwe go thibela HIV . Diphi-tlhelelo tseno di na le bokgoni jo bogolo jwa go matlafatsa ka fao re tsibogelang leroborobo leno.Fa e le gore re batla go atlega mo go fediseng AIDS jaaka e le selo se se tshosetsang tirelo ya boitekanelo mo pusong mo sebakeng sa ngwagasome se se latelang, re tshwanetse go diri-sa mmogo diphitlhelelo tseno tsa dipatlisiso tsa melemo le maitsholo a mašwa. Re tlhoka gape go samagana le seemo sa loago le sa ikonomi e leng tse dingwe tsa dilo tse di tlholang ditshwaetso tse dintsi.E nngwe ya ditiro tsa rona tse di botlhokwa ke go matlafatsa basetsanyana le makgarebe a rona, ka thuto, ka go itirela letseno le ka go ikemela mo loagong. Ba tlhoka go itseela ditshwetso ka bobona ka ga ntlha nngwe le nngwe mo ma-tshelong a bona, go tsenyeletsa le go itlhophela gore ba ratana jang le go itlhophela gore ba diragatsa thobalano ya mofuta o o ntseng jang.Kwa bokhutlong re tla kgona go fedisa AIDS fa fela re ma-tlafatsa bašwa, basadi le batho ba ba leng mo kotsing ya go ka tshwaetsega. Matlafatso eno e raya gore ba se timiwe tshedi-mosetso, ba tlhabiwe botlhale le go tshegediwa. Go raya gore ba tshwanetse go isiwa sekolong le go bulelwa ditšhono tsa go itirela letseno, bogolojang makgarebe a rona. Go matla-fadiwa gape go tlhalosa gore motho mongwe le mongwe o tshwanetse go diriwa diteko, a okobaletswe bolwetse jwa ga-gwe mme a neelwe le ditirelo tse dingwe gape tsa boitekanelo.MaAforika Borwa a tswakgakala, a itshokela boima jo bo seng kana ka sepe le go phunye-letsa mo ntweng kgatlhanong le HIV , AIDS mmogo le TB. A re gagamatseng bobedi maikano a rona le dikgato tsa rona go tobana le go mekamekana le AIDS.