Enwa metsi gore o se felelwe ke metsi mo mmeleng

Allison Cooper

Mogote yo o  bogale le go se nwe dilo tse di metsi go ka dira gore o fele-lwe ke metsi mo mmeleng le go tshwarwa ke bolwetse jwa go swa letlhakore ka ntlha ya mogote, e leng se se kotsi thata.
Go ya ka Lefapha la Boite-kanelo la porofense ya Kapa Bophirima, mogote wa selemo o tlisa dikotsi tse di tsamaisanang le bolwetse jwa go felelwa ke metsi mo mmeleng, e leng bolwetse jo bo kotsi thata jwa go felelwa ke metsi mo mmeleng.Go felelwa ke metsi mo mmeleng go le gantsi go tlhodiwa ke go se nwe dilo tse di lekaneng tsa go nna le metsi go tlaleletsa metsi a a tswileng mo mmeleng wa gago ka ntlha ya go fufule-lwa. Bo ka tlhodiwa gape le ke bolwetse jo bo dirang gore motho a tlhatse kgotsa a ntshe letshololo; le go fufulelwa ka ntlha ya go fisa mo mmeleng.Go fufulelwa ga go tlhole fela ke fa o ikatisa ka thata mo mmeleng, go tlhodiwa gape le ke fa o tsamaya ka maoto, o dira mo tshingwaneng ya gago kgotsa o kganna gategate ya gago, bogolo jang fa kwa ntle go le bolelo kgotsa go le bongola.Fa o feletswe ke metsi mo mmeleng, mmele wa gago ga o sa dira sentle ka fao o o tlwaetseng. Bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga di le tlhano, batsofe le batho ba tiro ya bona e ba gapeletsang go dira ba le kwa ntle ke bona ba ba leng mo kotsing e kgolo go gaisa ya go ka tshwarwa ke bolwetse jwa go felelwa ke metsi mo mmeleng le go swa letlhakore ka ntlha ya mogote (e leng bolwetse jo bo tlhodi-wang ke fa mmele wa gago o fisa go feta tekano).Go swa letlhakore ka ntlha ya mogote ke bolwetse jo bo tlhokang go lekolwa ka tshoganyetso. Fa o itemo-gela e nngwe le e nngwe ya matshwao ano ikopanye le ba ditirelo tsa boitekanelo:
• Fa o sa itlhaloganye kgotsa fa o simolola go nna loleya fa o re o a bua kgotsa o sa utlwagale le gore o a reng.• Go feroga dibete le go tlhatsa.• Go hema ka thata o hemela ka pele.• Pelo ya gago e kubela ka bonako.• Tlhogo e opa thata.
Matshwao a gore o na le bolwetse jwa go felelwa ke metsi mo mmelengA mangwe a matshwao a go sa le gale a bolwetse jwa go felelwa ke metsi mo mme-leng a tsenyeletsa:
• Go ikutlwa o nyorilwe e bile o dikwelela go se nene.• Go oma molomo.• Molapo.• Go rota moroto o o nang le mmala o o tseneletseng, ka monkgo o o nkgang thata.• Go se rote thata ka fao o itlwaetseng ka teng.Gore o se felelwe ke metsi mo mmeleng le gore o se swe letlhakore ka ntlha ya mogote:
• Fa go le bolelo e nwa metsi a mantsi go feta ao o tlwaetseng go a anwa.• Nna ka fa teng ga meago kgotsa mo mafelong ao a nang le meriti.• Apara lephepha le le pha-raletseng kgotsa o dirise amborela.• Tsamaya o tshotse botlo-lo ya metsi mo go wena gongwe le gongwe ko o yang gone mme o a nwe gangwe le gape.• Fa e le gore tiro ya gago ke ya kwa ntle mo go nang le letsatsi, gangwe le gape o nne o ntse o ikhutsa mo meriting. • Itshele ka metsi ka lebotlolo la go ifafatsa gore o fokotse mogote mo mme-leng.
Masea le bana Batsadi le basalalebana ba tshwanetse go tlhokomela thata masea le bana ba ba leng mo tlhokomelong ya bona, ka go netefatsa gore ga ba felelwe ke metsi mo mmeleng. Batsadi ba ba anyisang masea a bona letswele ba tshwanetse go ba anyisa gangwe le gape fa go le mogote.A bana ba nne ka fa teng ga meago kgotsa kwa meriting, ba apesiwe diaparo tse di bofefo le go nna le ba phimola ka lesela le le kolobeditsweng gore le ba fokoletse mogote mo mmeleng. Gopola go ba tshasa ka setshaso sa go sire-letsa letlalo mo letsatsing fa ba tswela kwa ntle.Fa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano ba tsweletse go tsholola, go tlhatsa e bile ba nyemelela, ikopanye le ba boitekanelo. Ikopanye le ba boitekanelo gape fa e le gore leseanyana la gago ga le batle go anya kgotsa matlho a lona a go-nyetse le phogwana le yona e wetse.Mo baneng, matshwao a mangwe gape a a bontshang gore ba felelwa ke metsi mo mmeleng a tsenyeletsa:
• Go oma le go kgomarela melongwana.• Go tswa dikeledi tse dinnye kgotsa go se tswe dikeledi fa ba lela.• Go rota moroto o monnye kgotsa go nna le mengato-nyana e le mmalwanyana fela e a e rotetseng go gaisa  ya ka gale.• Letlalo le le omileng le le sa fiseng.• Go tšhipoga diso.• Go dikwelela kgotsa go tsewa ke sedidi.
