Itharabologelo ya ikonomi ya Aforika Borwa e a solofetsa

vukuzenzele unnamed

Ditlhare tsa jakaranta di thuntse go ralala le teropokgolo ya naga eno, e leng sesupo sa gore selemo se gorogile.
Morago ga mariga a a go gileng sebaka a a neng a le bokete, go goroga ga setlha se sentšhwa go tshwanetse go re rotloetsa.
Fa naga e ne e tsena mo Mae mong a Masetlapelo a Naga ka kgwedi ya Mopitlwe, tiro ya rona ya ntlha e ne e le go thibela go anama ga mogare le go thusa baagi, badiri le dikgwebo.
Mo sebakeng sa dikgwedi di le robedi ka tshegetso ya badirisanimmogo ba rona mo mererong ya loago, re tlha gisitse dikgato tse di nang le mmoko di le dintsinyana go fokotsa bogale jwa lero borobo leno mo loagong le mo ikonoming.
Re diragaditse letsholo le legolo thata la tlhokomelo ya loago le naga eno e iseng e le bone. Re e nngwe ya dinaga di le mmalwa mo lefatsheng mo tshwanelo ya go amo gela tlhokomelo ya loago e  tsholeditsweng ke Molao theo, e bile re tshwanetse go ipela gore mo nakong eno e e neng e le bokete re kgonne go diragatsa tshwanelo eno ka ditsela tse di farologaneng.
Mo godimo ga megolo ya loago e re nang le yona, e e neelwang kgwedi le kgwe di go batho ba feta ba le  17 milione, re ne ra oketsa Megolo ya Bagodi, Megolo ya batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi le Megolo ya Tshegetso ya Bana. Re ne ra tlhagisa Mogolo wa go Thusa Baagi wa Mogolo o o Itlhophileng wa COVID-19 , o o setseng o thusitse batho ba le dimilione di le thataro go fitlha mo motsing ono.
Seno se diragaditswe mora gonyana fela ga dibeke di se kae go tloga mo motsing o re itsisitseng fa re tsena mo Maemong a Masetlapelo a Naga.
Matsapa a a tserweng mo go diragatseng ntlha eno ga se a mannye. Gore re tsenye ti risong thulaganyo eno ya mo inthaneteng go nnile le tirisa nommogo e kgolo magareng ga Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA), Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS), Lefapha la Merero ya Sele gae mmogo le maphata a mangwe a mantsi.
Re ne ra tlhoma thulaganyo ya go araba dikopo e e ara biwang ka botlalo ke kho mphiutara mmogo le ya go duelela megolo eno, ra gokelela difalanatshedimo setso di le dintsi mo go yona, go tsenyeletsa le Rejisetara ya Baagi ba ka fa Nageng mmo go le sefalanatshedimoso sa ba Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF). Re ne ra tsenya tirisong mekgwa e mešwa ya go dira dikopo e e jaaka WhatsApp  le USSD, mmogo le go tlhoma dithulaganyo tsa dibanka tsa tirelo ya baagi go kgontsha gore dintlha tsa baagi tsa kwa bankeng di tlhotlhomisiwe bonolo.
Eno ke tiro e ntle e le ruri e e dirilweng ka katlego mo nakong e khutshwane thata.
Fela jaaka go le mo dikga tong tsa rona tsa go babalela le go tshegetsa ka fao batho ba itshedisang ka teng, re dira fela jalo le mo dikgwebong tse di kgobang ka mpa.
Re thusa dikgwebopotlana ka go di kgaotsetsa sekoloto, ka go di tlamela ka matlole, ka go diegisa paka ya gore di duelele lekgetho le ka go dirisa e mengwe ya mekgwa ya mothale ono.
Re tsentse tirisong Sekema sa Tshegetso sa  Madikadimo sa COVID-19  go kgontsha dikgwebo gore di kgone go iponela madi a go tsamaisa dikgwebo mo pakeng ya fa re ne re le mo dikgatong tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, mme jaanong re atlhaatlhaa ntlha ya gore sekema seno se ka dirisiwa jang go thusa tse dingwe tsa ditlamo tse dintsi tse di tlhokang thuso eno.
Re neile beng ba dikgwe bo madi a a tla thusang gore badiri ba se felelwe ke mogolo ka go neelana ka Sekema sa Nakwana sa go Thusa Bathapi se se laolwang ke UIF.
Tseno tsotlhe di dirilwe e le maiteko a go samagana le maemo a tshoganyetso a re neng re tobane le one  ao  boammaruri e leng a nakwana. Tse dingwe tsa dikema tseno di felelwa ke nako fa gautshwane, mme tse dingwe di okeleditswe nako jaaka maphata a badiri a itharabologelwa.
Dikgato tse re di tsereng di nnile mosola thata mo go sireletseng baagi ba rona mo matlhotlhapelong a a tlisi tsweng ke COVID-19 .
Madithuso a mangwe gape a tlaleletso a thusitse batho ba le dimilionemilione gore ba se gosomele mo lehumeng.
Fa re ne re ka bo re sa tsaya dikgato mo go tshegetseng ka fao batho ba iphedisang ka teng mmogo le go thusa gore dikgwebo di se phu tlhame, maemo a batho ba rona mmogo le a diketekete tsa dikgwebo a ne a ka bo a le maswe go feta a ga jaanong.
Jaanong re samagane le go fetola maemo go tloga mo a go thusa mme re lebile a go itharabologelwa ga ikonomi.
Dikgato tsa tshoganye tso tse re di tsereng di agile motheo o o tsetsepetseng o mo go ona re tla agang sešwa ikonomi ya rona.
Jaanong jaaka maitlhomo a rona a fetoga go samagana le Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi, maitlhomo a rona e tla nna a go tlhotlheletsa kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro.
Go setse go na le kgatelopele e e dirilweng mo dikarolong di le dintsinyana.
Re bona maikano a mangwe a mantšhwa a go tlamela di kgato tsa tlhabololo ya mafa ratlhatlha ka matlole go latela dipuisano tse di tshwerweng mo bekeng e e fetileng tse di ka ga diporojeke tsa mafa ratlhatlha.
Manaane a le mantsinyana a Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesi tente a setse a simolotse.
Re gatela pele ka mananeo a go busetsa sekeng maemo a ikonomi mo dikarolong tse di jaaka tsa motlakase le tsa mafaratlhatlha a ditlhaele tsano.
Maano jaanong a setse a diragadiwa mme maikano a a dirilweng re a bona mo ditšhonong tsa ditiro.
Go botlhokwa mo nakong e re leng mo go yona eno, bo golo jang ka re atumela paka ya melemo ya bokhutlho jwa ngwaga, gore re se itobele dintshi.
Go tlhokega gore re itlho komele thata gore mogare ono o tshamekele kgakala le rona.
Go runyasešwa ga bolwetse jono ga go kitla go ama fela bogolosegolo tseo re di di rileng mo maemong a boite kanelo. Go tla gatelela gape le dikgato tsa rona tsa itha rabologelo ya ikonomi tse re setseng re di simolotse, mme tsa re busetsa kwa morago kwa lowe mo letlhafuleng le mo marigeng a re fitileng mo go ona.
Fa re batla go efoga ditira galo tsa go runya lekgetlo la bobedi ga ditshwaetso tsa COVID-19  , re tshwanetse go obamela dikaelo tsa setšhaba tsa boitekanelo tse di sa ntseng di le mo tirisong.
Fa re sa apare dimaseke mo go nang le batho, fa re tsena mo go tletseng matšhwititšhwiti a batho gone, ga re baye rona le batho ba bangwe fela mo kotsing.
Re baya gape mo kotsing le dikgato tsa rona tsa go tso solosa ikonomi ya rona.
A rotlhe re tsweleleng go tshameka karolo ya rona.
Dikgato tse di nang le mo sola tsa go apara dimaseke, tsa go katogana le tsa go tlhapa diatla ka gale di re thusitse go finyelela mo bogaleng jwa ditlamorago tsa leroborobo leno. Le mo motsing ono di santse di le botlhokwa go ka itshireletsa ka tsona.
A rotlhe re gakologelweng gore re ikentshitse setlhabelo go le kanakang gore re kgone go thibela go anama ga mo gare ono kwa tshimologong.
Le fa bontsi jwa ditiragalo tsa loago le tsa ikonomi di buletswe go simolola go dira, re tshwanetse go tswelela go obamela dikgato tsotlhe tsa boitekanelo tse di santseng di le mo tirisong. Seno se bo tlhokwa thata fa re batla go tsosolosa ikonomi ya rona le go feta mo matsapeng ano.