Tila go nna motswase tlhabelo wa go utswiwa

Silusapho Nyanda

Jaaka palo ya dikge tse tse di begiwang tsa batho ba ba utswiwang e tlhatloga, go botlhokwa gore o tsaye dikgato gore o babalesege.
Go tila go nna motswa setlhabelo wa go utswiwa o tshwanetse go kgaotsa go tsamaya o le esi, go tsamaya bosigo kgotsa go tsamaya mo mebileng e go senang batho mo go yona.Go botlhokwa thata gore o ele tlhoko se se diragalang mo tikologong e o leng mo go yona ka dinako tsotlhe.Go nna kelotlhoko go tla go thusa gore o kgone go bona sengwe le sengwe se se diragalang se se belae tsang. Fa o ka lemoga gore go na le motho kgotsa sejanaga se se go setseng morago, feresella mo go tletseng batho mme o letsetse sepodisi mogala kgotsa o letsetse motho mongwe le mongwe yo o mo tshepang mogala ka bonako.Batho ba ba utswang batho ba bangwe ba dirisa tsholofetso ya tiro jaaka sedirisiwa sa go utswa batswasetlhabelo mme ba ikgolaganya le motho yo a bonagalang e ka nna motswasetlhabelo go mo solofetsa tiro kgotsa tšhono ya mothale yo o rileng. Tiro eno ya go utswa batho e ka diragala gongwe le gongwe – tota le mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano, kwa sekolong, kwa marekelong le fa pele ga lefelo leo o nnang kwa go lona.Netefatsa gore o dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka batho ba ba batlang go go thapa pele o ka ya go kopana le bona. O ka dira seno ka go batlisisa gore a setlamo seo se teng ka boammaruri ka go se tlhola mo go Companies and Intellectual Property Commission (CIPC). O tlhoka gape le go laela mongwe yo o mo tshepang fa o ya dikopanong tsa go senka tiro mme o mo kope le gore a go letsetse morago ga sebaka se se rileng. Fa go kgonega, o kope mongwe go go felegetsa. Itlhokomele fa o dirisa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, bogolosegolo fa motho yo o sa mo itseng a batla go go thusa ka go go naya madi, go go naya lefelo la bodulo kgotsa tiro ka ntlha ya sengwe se o se phasaladitseng mo mafaratlhatlheng ano.Fa e le gore o a ikentsha mme o ya go kopana le motho yo o sa mo itseng, kopana le motho yoo mo lefelong leo go nang le batho mo go lona mme o bolelele mongwe yo o mo tshepang gore o tswetse kae.Fa o ikentsha le bana, netefatsa gore ba tsamaela gaufi le wena le gore ga ba tikele mo o sa kgoneng go ba bona teng.Ga o a tshwanela go roma ngwana go sena motho yo mogolo yo o tshepagalang yo a mo tlhomileng leitlho.Itlwaetse go nna o tlhola bana ba gago gangwe le gape, gore o kgone go itse gore ba kwa kae ka dinako tsotlhe.
Fa o batla go bona tshedi mosetso ka botlalo mabapi le ditiragalo tsa go utswiwa ga batho ikgolaganye le Mogala wa Tshoganyetso wa National Human Trafficking mo go: 0800 222 777. Go bula kgetse mabapi le ditiragalo tsa go utswiwa ga batho ikgolaganye le sepodisi mo go: 10111.*Tshedimosetso eno o e tlisediwa ke ba Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.
