Go tsosolosa ikonomi e e re tswelang mosola

vukuzenzele unnamed

Go thankgololwa ga Letsholo la Madi tshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente mo bekeng e e fetileng ke sesupo se segolo mo dikgatong tsa rona tsa go samagana le botlhokatiro.
 Re samagana le dipeeletso tse dikgolo tse di mosola tota tsa setšhaba tsa go beeletsa matlole mo bathong, mo puso e leng yona e tsayang dikgato tsa go kgontsha gore go nne le ditiro e bile gape e le yona e e tlholang ditiro. Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente ka bogolo jwa lona ga le ise le ke le diragadiwe fa e sale, moo le tsenyeletsang dipeeletso tsa puso tsa bokanaka  R100 bilione mo dingwageng di le tharo tse di tlang.Re tla babalela le go tlhola ditiro tse di tlamelwang ka matlole mmogo le matsholo a a tshegetsang ka fao batho ba iphedisang ka teng go kgontsha maphata a ditiro go itharabologelwa ka bo ona mo leroborobong la mogare wa corona. E nngwe le e nngwe ya dikgato tseno e letetse fela go tsenngwa tirisong, e bile ke tse dingwe tsa dikgatotlaleletso mo ditsholofetsong tse di leng teng ga jaana.Le fa tota a mangwe a ma tsholo a agelela mo godimo ga manaane a a leng teng ga jaana, letsholo la maditshege tso leno gape le na le dikgato tse dintšhwa tsa boitshimololedi.Seno se tsenyeletsa go tsepamisa mogopolo mo go seo re se bitsang 'go tlhola ditiro mo mererong ya loago'. Re dira tiro eno re tsaya gore go santse go na le namane e tona ya tiro e e santseng e tlhoka go diriwa go ka samagana le matsapa a mantsi a loago a re tobaneng le ona mo setšhabeng sa rona. Maitlhomo a seno ke go tshegetsa matsholo a mantsi a boitlhamedi, boitshimololedi le a bokgoni jwa ditheo jo bo leng teng mo setšhabeng ka bophara go dira gore batho ba iponele ditiro tse di tswelang batho botlhe mosola. Tiro eno e samagana le mathata a mantsi a a farologaneng, go tsenyeletsa a go nna le tlamelo e e lekaneng ya dijo, go fedisa Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV), go ntšhwafatsa mafelo a baipei mmogo le tse dingwe gape tse dintsintsi.Seno se tla tlaleletsa matsapa a lekala la puso, e leng seo se tla kgontshang kgolo e kgolo mmogo le seabe mo loagong go tsenyeetsa le dikgato tse dintšhwa tsa tirisanommogo le bannaleseabe ba ba farologaneng mo loagong.Letsholo la maditshegetso leno le tsenyeletsa le leano la naga le lentšhwa le ka lona go tla thapiwang barutabana le bathusi ba barutabana mo dikolong. Kwa dikolong go tsweletswe ka go thapa batho bano, go bulela ditšhono tse dinšhwa mo nageng eno ka bophara.Tirelopuso ga se fela ya batho ba ba senang bokgoni. Go na gape le ditiro tse di batlang batho ba ba alogileng, mo ditirong tsa booking, tsa dialogane tsa dithuto tsa saense, tsa badiri ba ditiro tsa diatla mmogo le ditiro tse dingwe gape tse dintsi.Letsholo la maditshegetso leno le tla tshegetsa gape le ditiro mo makaleng a a ntseng a le mo ketsaetsegong a leroborobo leno le sa a direlang molemo le e seng. Go tla tshegediwa badiredi ba mafelo a thuto ya bomapimpana (ECD), bogolosegolo basadi ba ba  ithapileng mo mafelong ano.Balemirui ba ba potlana ba feta ba le 74 000 le bona ba tla neelwa madithuso a go ba thusa ka tlhagiso ya ditsweletswa tsa bona.Re le naga re tlhoka gore ba ditirelo tsa botsweretshi le setso ba tsosolose mewa ya rona – mme letsholo leno la maditshegetso le tlamela ka matlole go thusa lekala leno gore le boele le ikemele ka maoto a lona a mabedi, go tsenyeletsa le go tshegetsa tlhagiso ya mananeo a dijithale mmogo le go atolosa mabe ntlele a a rekisang dilwana mo diraleng tsa inthanete.Seno se tla kgontsha badiragatsi gore ba itlwaetse maemo a mantšhwa mo marakeng ao a tlisitsweng ke leroborobo leno mo go rona rotlhe mmogo le go ithopela ditšhono tse dintšhwa tsa kgolo ya ikonomi.Mobuladikgoro yo o botlho kwa thata mo go tlholeng ditiro, yo leroborobo leno le dirileng gore a nne botlhokwa le go gaisa, ke kgokelelo ya inthanete. Gore re fedise go tlhoka tekatekano mo go fitlheleleng didirisiwa tsa dijithale, letsholo la maditshegetso leno le tla tlamela malapa a a iponelang merokotso e mennye ka porotebente e e rekegang e e nang le lebelo le le kwa godimo ka go dirisa mekgwa ya boitshimololedi ya go duelela karolo nngwe ya dituelelo tsa dikgokagano tsa inthanete mmogo le go atolosa WiFi e e sa duelelweng e e dirisiwang ke baagi mo setšhabeng.Jaaka naga ya rona e itharabologelwa mo matsading a le roborobo la mogare wa corona, ga re na ketsaetsego epe fa go tla mo bogolong jwa tiro e re tobaneng le yona.Re tshwanetse go tlhola itharabologelo ya ikonomi ya  ka bonako e bile e tsenyeletsa bo tlhe. Re tshwanetse go tlholela batho ba borona ba bantsi ditiro. Re tlhoka gape le go boela sekeng fa go tla mo kabelong ya ditirelo tsa motheo mmogo le mo kabelong ya mafaratlha tlha a setšhaba a a botlhokwa, fa go tla mo go samaganeng le dikgwetlho mo loagong mmogo le mo go tlhabololeng makeišene le metse ya selegae.Tirelopuso ke sedirisiwa se se ka dirisiwang go samagana le tsotlhe tse di fa godimo: ka go tlhola ditiro tse dintsi mo nakong e khutshwane fa mo letlhakoreng le lengwe dimaraka di itharabologelwa, mmogo le go tlhola ditlhokwa tsa loago.Gantsi go a tle go dirisiwe seka sa go dirisa lenaane la ditiro tsa puso jaaka naga ya Amerika e ne ya dira morago ga gore e itemogele Phutlhamo ya Muruo mo dingwageng tsa bo 1930. Eno e ne e se fela kgato ya letsholo la maditshegetso, e ne gape e le kgato ya go tsholetsa go nna le seabe mo loagong ga batho botlhe.Go na le dikao di le dintsinyana tsa boitshimololedi fa go tla mo manaaneng a ditiro tsa puso mo dinageng tse di tlhabologang, go tsenyeletsa naga ya India, ya Ethiopia mmogo le e re leng mo go yona eno ya Aforika Borwa. Manaane ano a beeletsa ka tolamo mo diikonoming tsa ka fa nageng, mo di tswelang mosola pele mafelo a go nnang batho ba ba humanegileng mo go ona, a tshegetsa dikgwebopotlana tsa ka fa nageng mmogo le go  tsena mo ikonoming e e bulegileng go tloga fano.A tshegetsa gape le go nna le seabe mo mererong ya loago le eo e tsenyeletsang batho botlhe, e leng seo se kgontshang baagi go fetola matshelo a bona jaaka ba tsaya ditiro tse dingwe tse dintšhwa. Ka go dira jalo a nna le seabe mo go refosaneng maemo mo maemong ka bobedi a ka fa nageng le a mo setšhabeng ka kakaretso.Dipeeletso tse di lolameng tsa puso tse di tshegetsang ditiro le go tlhola ditšhono tsa ikonomi tse di nang le boleng mo loagong di na le mosola o mogolo go gaisa wa go samaganana le matsapa a botlhokatiro.Di a tsibogela, ka ntlha ya gore di dirisa metswedi ya puso go samagana le ditlho kwa tsa baagi, e ka tswa e le mabapi le go somarela tlhago, go tlhagisa dijo tse di sa tlhaeleng, go bula mafelo a mangwe gape a ECD, kgotsa e ka tswa e le mabapi le go aga ditsela tse dingwe gape tse di botoka tse di fitlhelesegang.Di tlisa kgatelopele gonne di dira gore batho ba ba humanegileng ba iponele tlhokomelo ya loago le go itirela megolo ka ntlha ya fa ba sa kgone go ka bona ditiro.Ke dipeeletso tsa mo isagong gonne di tshegetsa mogopolo o mogolo wa itharabologelo ya ikonomi ka go dira gore ka ponyo ya leitlho batho ba borona ba bone ditiro tsa go tokafatsa mafaratlhatlha a rona a naga le a mebasepala.Ka ditharabololo tse di tlisiwang ke letsholo leno la ma ditshegetso, re tlholela batho ba ba senang ditiro ditiro, fa ka fa letlhakoreng le lengwe baagi botlhe ba tla bona mosola wa go ya go ile mo go seno.Fela jaaka lenaane la ditiro tsa puso mo lefatsheng ka bophara, letsholo leno la maditshegetso a ditiro le tshegetsa le go thusana le seabe se se botlhokwa se makala a poraefete a nang le sona mo go tlholeng ditiro. Kgato eno e a kgarametsana ka ntlha ya gore fa itharabologelo ya ikonomi e ntse e gola, ditiro tsa puso le tsona di tla fokotsega.Fela maitemogelo le bokgoni jo bajalefa bano ba Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente ba tla bong ba iponetse one a tla ba thusa mo go iponeleng ditiro tsa semmuso.Maitemogelo a ba iponetseng ona gape a ka ba tswela mosola mo go itlhameleng dikgwebo.Bannaleseabe ba tla tokafatsa bokgoni jwa bona gore ba kgone go itshimololela dikgwebo tsa bona, mmogo le go dirisa mogolo o o sa kgaotseng o ba tla bong ba o amogela go tswa mo ditirong tsa puso go itshimololela ditiro tse di tla ba tlisetsang letseno.Ke tsweletse go totobatsa ka tolamo gore matsapa a a tlisi tsweng ke COVID-19 re  tshwanetse go a bona gape jaaka tšhono ya go aga sešwa sentle.Mo nakong e tshwana le e, e e aparetsweng ke mathata a gana go fela, re tla bo re sa itirele molemo go dira ditsholofetso tse re itseng gore di ka se kgonagale ka go dira gore batho ba nne le tsholofelo mo go rona, mme re bo re retele lwa ke go diragatsa jaaka re solofeditse. Ke ka ntlha ya seo re dirileng gore tharabololo ya tshegetso ya tiro nngwe le nngwe e tlamelwe ka matlole ka botlalo, mme go nne le leano le le tlhamaletseng la tiragatso.Letsholo la maditshegetso a ditiro ga se maikano a a loleya a re sa itseng gore a tswa kae a lebile kae a a tla diragadiwang mo isagong, fela le ka ga ditiro tse di tlhamiwang jaanong mo re leng teng jaana mo motsing o re leng mo go ona.Letsholo la maditshegetso leno le nnile teng go latela dikgato tse di telele tse di tsene-letseng tsa go bontshana le mafapha a naga, a porofense le a dimasepala tse dikgolo gore di tlhole ka bonako manaane a ditiro a a ka tlhagisiwang kgotsa a tlhatlosiwa mo pakeng ya dikgwedi di le thataro.Mafapha a a tshwanetseng go goga manaane ano kwa pele a ne a sekasekiwa ka tsenelelo go bona fa a na le bokgoni jwa go ka diragatsa tiro eno.Mo lenaaneng le lengwe le le lengwe le le welang mo letsholong la maditshegetso leno, ditšhono tsa teng di tla phasaladiwa ka botlalo mme dikgato tsa go thapa batho e tla nna tse di sa tseeng letlhakore, tse di buletsweng batho botlhe e bile di sena lehunelo.Dipeelo tse re ipeetseng tsone ke tsa nnete, di a kgwanthisi-sega e bile di a kgonega, e bile re ithutile mo diphosong tsa mo malobeng le go tswa mo ditirong tsa boditšhabatšhaba tsa go dira tiro sentle.Batho ba rona ba eme sejaro e bile ba ikemiseditse go dira.Maikemisetso ano a mantsi a tshwanetse go solwa mosola, mme bokgoni jwa rona botlhe bo tshwanetse bo re tswele mosola mo go age sešwa naga ya rona fa re itharabologelwa mo mogareng wa corona.Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Mopo-resitente le neelana ka phi-molakeledi mo malapeng a a itshoketseng mariga a matelele a a boima ka mogolo o o neng o ngotlilwe thata, mmogo le mo baaging ba ba ntseng ba sena ditiro sebaka sa dingwaga di sena palo.Tiro ya nnete e e nang le seriti ke tshwanelo e motho mang le mang a  nang nayo. Ke selo sa ntlha mo kgolong ya ikonomi le mo tsetsepelong ya loago.Ka go dira gore tshwanelo eno e diragadiwe, Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente le nna le seabe mo go ageng  setšhaba se se nang le mosola e le ruri.