Ditsela tsa go thibela go nna mo mmeleng ga bašwa

vukuzenzele unnamed

Go na le ditsela tse di farologaneng tse o ka thibelang ka tsona go iphi tlhele o le mo mmeleng e se ka maikaelelo, mme tsona di tsenyeletsa le go se robalane go fitlha o tsena mo kgolaganong ya lenyalo kgotsa go fitlha o ipona gore o siametse go ka nna le bana.
Go na le batho ba ba akanyang gore go itima phate ke selo seo se neng se diriwa bogologolo, mme ba bangwe bona ba akanya gore selo seo ke sona se se botoka thata. Le fa go le jalo, bašwa ke bona ba ba tshwanetseng go itlhophela seo ba bonang se ba siametse mo botshe-long.Batho ba bantsi ga ba batle go letela lenyalo pele ba ka simolola tsa thobalano. E bile gape ga ba batle go si-anela dilo tseo ka tsona ba tla iphitlhelang di ba weditse mo mogobeng wa mathata a a seng kana ka sepe. Go le gantsi ba tsaya tshwetso ya gore selo se se ba siametseng go gaisa ke go se sianele tsa thobalano go fitlha ba ipona gore jaanong ba godile, ba na le maikarabelo, ba ka fa gare ga kgolagano ya lorato e e lolameng moo ba golaganeng le mokapelo a le mongwe fela e bile ba setse ba iponetse le tiro.Fa e le gore o tsaya tshwetso ya go itima phate kgotsa ya go tsena mo thobalanong, go na le dilo dingwe tse o ka di dirang gore o ipabalele:
• Tlhopha ka kelotlhoko ba tho ba o tsalanang le bona.Ditsala tsa mmatota di go ratela tsotlhe tse di molemo e bile di tlhompha tshwetso ya gago ya go itima phate.• Ela tlhoko maemo a a ka go bayang mo kotsing, a a jaaka ditsala fa di sela bojalwa kgotsa di dirisa diritibatsi, e leng seo se ka dirang gore o iphitlhele o tsene mo thobalanong e e sa babalesegang.• Itlhokomele mo mookapelong yo a go rayang a re fa tota e le gore o a morata o tla mo naya dikobo.• Reetsa le go ithuta mo bathong ba ba kileng ba nna mo mmeleng e santse e le bašwa. Ba itse sentle diphoso tsa seo le go tlhaloganya ditlamorago tsa teng.• Reetsa le go ithuta mo  dikgang tseo batsadi ba gago ba go tlotlelang tsone ka maitemogelo a bona mo botshelong.
Fa e le gore wena o bona e le gore go itima phate le go tsaya nako pele o ka tsenela tsa thobalano ga se seo o se batlang, e bile ga o na nako ya go leta, netefatsa gore o tsaya nakonyana o ithute ka tsa go ipabalela mo tho-balanong, go tsenyeletsa le dikgato tsa thibelapelegi, di ka tswa e le tsa go dirisa mesomelwana kgotsa go nwa melemo go thibela go nna mo mmeleng. Go na le dithibelapelegi tse di dirang ka ditsela tse di farologaneng, fela tsone tsotlhe di diretswe go thibe-la go nna mo mmeleng.Tsona di tsenyeletsa dithi-belapelegi tse di nwewang, tse di itsegeng ka gore ke "dipilisi"; dithibelapelegi tsa go tlhaba ente; mmogo le mesomelwana ya banna le ya basadi.
Nka dira eng fa ke iphitlhela e le gore ke mo mmeleng?Fa e le gore o belaela gore o mo mmeleng, kopa mongwe yo o mo tshepang go ya le wena kwa tleliniking e e gaufi le wena go dira diteko tsa go tlhola fa e le gore o mo mmeleng.Tlhokomelo ya boimana e botlhokwa thata e bile go le gantsi go simololwa ka yano mo bekeng ya borobedi o le mo mmeleng. Tleliniki ya kwa motseng yo o nnang kwa go ona e ka go thusa ka ditirelo tsa tlhokomelo ya boimana mme motlhankedi wa tlhokomelo ya boitekanelo o tla go thusa go loga leano le le tla tswelang wena le leseanyana la gago le iseng le belegwe  mosola.Fa o le mo mmeleng go botlhokwa thata gore o je dijo tse di siametseng mmele tse di humileng ka dikotla, o ikatise, o robale boroko jo bo lekaneng mme o tshamekele kgakala le  diritibatsi le bojalwa.
*Tshedimosetso eno o e tlisediwa ke ba Lefapha la Boitekanelo la kwa Porofenseng ya KwaZulu-Natal.
GO NNA MO MMELENG  o santse o le mošwa go tla go ama botshelo jwa gago jotlhe, fela go na le ditsela tse di ka dirang gore o se iphitlhele o le mo mmeleng e se ka maikaelelo.
