Go fetola lephata la temothuo

vukuzenzele unnamed

Lefapha la Temo thuo, Ntšhwafa tso ya Mafatshe le Tlhabololo ya Magae (DLRD le itsisitse bosheng jaana gore maloko a setšhaba ba tla kgona go dira dikopo tsa go hira diheketara di le 700 000 tsa lefatshe la puso le le sa dirisiweng kgotsa le le lolea mo diporofenseng di le supa.
Lefatshe la temothuo ke pi lara ya motheo wa motswedi wa tlhago wa rona. Go nna gona le tiriso e e tswelelang ya lefatshe la temo go jala le ka leruo ke ntlha e e botlhokwa ya matshelo a rona.Aforika Borwa e na le karolo e kgolo ya lefatshe le leng maleba go tlhagiso ya temothuo, ka 37,9% ya palogotlhe ya lefatshe e dirisetswang kgwebo ka temothuo.Jaaka bontsi jwa dinaga tse dingwe, lefatshe la rona le le siametseng temo le ka fa tlase ga matshosetsi a tshenyego le tatlhegelo ya bokgoni go ka lengwa, tlhaelo ya metsi le patiko ya setoropo. Gape re latlhegelwa ke lefatshe la temo ka ntlha ya diphetogo go tiriso ya lefatshe.Fa re lebelela hisetori ya rona, go atolosiwa ga phitlhelelo go lefatshe la temothuo go kgwebo le temo e e tswelelang ke ntlhakgolo ya bosetšhaba.Le fa tsamaiso ya ntšhwafatso ya lefatshe ya morago ga 1994 e bakile bontsi jwa lefatshe go baakanngwa le go busediwa bantsho ba maaforikaborwa, ditlamorago tsa bopelomaswe jwa Molao wa Lefatshe la Bathobantsho wa 1913 di tswelela go nna mo dipateroneng tsa beng  lefatshe la temo.Molao o ka kwa go amoga dimilione tsa batho lefatshe la borrabonamogolo.Jaaka benglefatshe bo santse bo le mo  diatleng tsa ba le mmalwa,tlhagiso ya motheo ya temothuo le  ditirelo tsa metseletsele ya dikuno tseo beng e leng basweu, diabe tsa rona tsa maloba di santse di na le rona le gompieno. Taolo e e tsweletseng ya ntlhakgolo ya tlhagiso jaaka lefatshe ga se sekgoreletsi fela go tswelediso setšhaba se se gololosegileng; ke resepe ya khuduego ya loago. Keletso e e tseneletseng ya go bona lefatshe go lema e a gola, bogolosegolo gareng ga magae a a humanegileng. Mme ka mabaka a le mmalwa, sekgala sa ntšhwafatso ya lefatshe bogolosegolo mo lephateng leno e ntse e le bonya ebile e sa kgotsofatse. Go fetola dipaterone tsa go nna mong wa lefatshe la temo go botlhokwa go samagana le tshokelelo ya paka e e fetileng, fela go sireletsa go nna gona ga dijo go setšhaba sa rona. Jaaka go etswe tlhoko ka pegelo ya 2019 ya Phanele ya Bogakolodi ya Moporesidente ka ga Ntšhwafatso ya Lefatshe le Temothuo, “le fa tota re romelantle dijo, fa gae 41% ya batho kwa dikgaolong tsa  selegae le 59,4% kwa dik gaolong tsa toropo ga ba fitlhelele tse di lekaneng.” Phetolo ya temothuo e ntse e le ntlha e e kwa godimo ya batsamaisi ba ba latelanang e sale temokerasi.  Magareng ga 1994 le Mopitlwe 2018 puso e neetse ka diheketara di le dimilione di le 8,4  tsa lefatshe go bang bao mo malobeng ba neng ba tlhokomologilwe ka fa tlase ga lenaneo la ntšhwafatso ya lefatshe.Fela tswelopele eno e dira fela diperesente tse di kwa tlase ga 10 ya kgwebo ya temothuo.Mo Puong ya Maemo a Setšhaba go sale gale mono ngwaga ke itlamile gore le fatshe la temothuo leo eleng la puso le tla gololwa go dirisetswa temo. Seno ke kgato e kgolo go tsamaiso ya  phetolo ya temothuo, le go diragatsa tsholofetso ya Tšhata ya Kgololosego ya gore lefatshe le tla arolelanwa magareng ga bao ba le dirisang.Pono ya rona ya neelo e ikaelela go dira maleka magareng ga bosiamisi jwa loago le paakanyo, le go oketsa tlhagiso ya temothuo ka go lere bontsi jwa balemi ba batho bantsho go ikonomi ya bogareng.Lefatshe ke letlotlo le le nang le kuno eo e dirang morokotso mme le ka dirisiwa jaaka sethusi go bona matlotlo a mangwe.Re tshwanetse go netefatsa gore lefatshe le le bonweng ka maikalelo a go lema le dirisiwa sentle. Go sireletsa lefatshe le le neetsweng ke puso ka maikaelelo a go lema, ga go na tetla go fetisetsa khiro go yo mongwe. Baamogeladitshwanelo ba tla saena tumelano ya khiriso le puso le go duela tlhotlhwa ya go renta e e tsamaisanang le boleng jwa lefatshe.Re tshwanetse gape go netefatsa gore balemi ba a tshege diwa  mo leetong la tsweletso le morokotso.Jaaka karolo ya lenaneo leno, baamogeladitshwanelo ba tla bona katiso go tsamaiso ya ditšhelete le tlhabololo ya kgwebo. Maitemogelo a bontshitse gore balemi ba ba tlhagelelang ba tlhaela dikgono go ditšhelete le go dirisa ditšhono tsa mmaraka le go tsenyeletsa metseletsele ya dikuno.Basadi, bašwa le batho ba ba nang le dikgwetlho tsa mmele ke bona ba ba leng kwa godimo mo lenaneong la baamogeladitshwanelo. Go nnile le katlego e e bonalang ka go matlafatsa balemi ba basadi ka fa tlase ga Togamaano e e Malalaotswe go Phitlhelelo ya Lefatshe (PLAS).Go palo ya diporofense, basadi bao ba neng ba neetswe dipolase ke DLRD ba kgonne go di tsamaisa ka katlego le go fetela kwa tlhagisong ya kgwebo.Mo godimo ga  go bona lefatshe, Lefapha le  tswelela go beeletsa go ma faratlhatlha, didiriswa le metšhini go kgontsha bagwebi bano go tsamaisa dikgwebo tse di atlegileng.Go oketsa phitlhelelo ya lefatshe le ditšhono tsa go lema go tla tshegetsa go tlhamiwa ga ditiro ka go godisa losika le le ntšhwa la balemi le tlhabololo ya kgwebo, le go tokafatsa mmaraka wa dijo, dithoto tsa temothuo le ditirelo.Maikaelelo a a botlhokwa a go golola diphasele tseno tsa lefatshe ke go fetola selebego sa temothuo ka go godisa losika le le ntšhwa la balemi. Go hirisa lefatshe ka fa tlase ga maemo a a siameng jaana go tshwanetse go ba thusa go nagana; eseng fela go godisa dikgwebo tsa bona fela go tsweledisa khumo e e arole lwanang le katlego go baagi bao ba lemang gona.Ba tshwanetse go fodisa dikarogano tse di tseneletseng tsa rona tsa nako e e fetileng. Ba tshwanetse go ntsha tumelo e e rileng ya gore ke balemi ba batho basweu fela bao ba atlegileng mo kgwebong mo Aforika Borwa, le gore balemi ba bathobantsho ka nako tso tlhe ‘ke ba ba tlhagelelang’.Mo go diriseng lefatshe leno; go le fetolela tiriso ya tlhagiso, e le ruri ba tla fetola marumo go nna megoma. E tla nna dikai tsa poelano ya setšhaba.