CGE e thusa gore batho ba fitlhelele ditirelo tsa bosiamisi

Dale Hes

Batswasetlhabelo ba Tirisodikgoka e e Totileng Basadi le Bana (GBV) ba ba sokodisi wang ke go bona thuso le tshegetso e ba e tlhokang go ikuelwa mo go bona gore ba ikgolaganye le Khomišene ya Tekatekano ya Bong (CGE).
CGE e abelana ka thuso ya go fa batswasetlhabelo dikgakololo mmogo le go ba fa ditirelo mo dikgetseng tsa tlhokomelo ya bana, mo di kgetseng tsa go tlhokofadiwa mo maikutlong ka tsa tho balano, mo dikgetseng tsa go tlhaolwa ka ntlha ya fa o le wa bong jo bo rileng mmogo le mo dikgetseng tsa GBV .
Yo mongwe wa khomišene, Mofihli Teleki, a re  tiro ya bona ke go thusa motswase tlhabelo go bula kgetse e e tla lebang kwa kgotlatshekelo.  “Lephata la rona la ditirelo tsa bobueledi le tsamaya le bangongoregi kwa kgotla tshekelo ya moagiseterata go bula kgetse ya tirisodikgoka magareng ga batho ba ba leng mo kgolaganong mmogo le go ba thusa go tlatsa difo romo tse di tlhokegang. CGE e samagana gape le tiro ya go ela tlhoko seemo mo di kgetseng, go tsenyeletsa le mo dikgetseng tsa petelelo le diti ragalo tsa tlolo ya molao wa thobalano, mo ditiragalong tsa go tlhokofadiwa mo mai kutlong ka thobalano mmogo le mo ditiragalong tsa dipolao tsa basadi.” CGE e ka thusa gape gore motswasetlhabelo a rebole lwe lekwalo la semolao la go thibela motho yo a mo bogi sang go se tlhole a mo atumela mme go le gantsi e a tle e dire le Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA) go nete fatsa gore motswasetlhabelo o neelwa tsheko e e sa tseeng letlhakore. “Mo ntlheng eno, CGE e diragatsa tiro ya go ela maemo tlhoko le go diragatsa tiro ya yona ya go disa ditira galo tsa GBV le go sekaseka dintlha tse di botlhokwa, tse di jaaka maitsholo a basekisi a a sa tseeleng kwa tlhogong maikutlo a batho ba bangwe, go utlwisa botlhoko batswa setlhabelo lekgetlo la bobedi mmogo le dithulaganyo tsa go botsolotsa batswasetlhabelo dipotso ka tsela e e sa tsee leng kwa tlhogong maikutlo a bona,” Teleki o tlhalosa jalo.
Fa e le gore batswasetlhabelo ba sokodisiwa ke go fitlhelela ditirelo tsa bosiamisi kwa Di kgotlatshekelo tse di Dirang ka Dikgetsa tsa tirisodikgoka magareng ga batho ba ba leng mo kgolaganong, CGE e ka ba thusa ka go diragatsa tiro eno mo legatong la bona, le go ba thusa ka ditirelo tsa babue ledi. E kgona gape le go abela batswasetlhabelo ka ditirelo tsa  tsosoloso mo maikutlong.
Tirelo e e botlhokwaDikgoro tsa CGE di ntse di butse mo pakeng yotlhe ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng ka ntlha ya fa e rebolela ditirelo tse di botlhokwa.
“Le fa tse dingwe tsa di tsheko di buseditswe morago ka nlha ya dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, dikgetse tse di bo tlhokwa tse di tsamaisanang le tirisodikgoka magareng ga batho ba ba leng mo kgolaga nong mmogo le tsa GBV go tsweletswe go samaganwa natso mo thulaganyong ya bosiamisi,” ga rialo Teleki.
CGE e netefatsa gore di tshwanelo tsa batho di tswele la go sirelediwa. “Aforika Borwa ke naga e e renang ka temokerasi, e e ikantseng go tlotla ditshwanelo tse di botlhokwa tsa batho, go tsenyeletsa le ditshwanelo tsa tekatekano mmogo le go tlotla seriti sa motho, jaaka go tlhalositswe mo dikarolong tsa Molaotheo.”  
Tlhatlhela kgetseBatswasetlhabelo ba GBV le ba ba bogisiwang ba ka letsetsa mogala o o sa duelelweng wa CGE wa 0800 007 709 go tlhatlhela kgetse. Ba ka re romela molaetsa gape le mo tsebeng ya Facebook  mo go: Gender Commission of South Africa.