Bobegakgang jwa Aforika Borwa bo botlhokwa mo temokerasing ya rona 

vukuzenzele unnamed

Mo dinageng di le dintse go ralala le lefatshe, lerobo robo la mogare wa corona  le dirile gore ditshwanelo di le dintsi di ilediwe mmogo le go gapeletsa gore batho e nne seoposengwe.
Fela dinaga tse di nang le ditheo tse di nang le matla, thulaganyo ya bosiamisi e e etseng maemo tlhoko mmogo le bobegakgang jo bo sa etsae tsegeng di kgonne go thibela ditiragalo tse di gatakakang ditshwanelo tsa batho mmogo le tirisobotlhaswa ya matla a puso.
 Jaanong re setse re na le dikgwedi di le thataro fa e sale go goelediwa gore naga e mo maemong a masetlapelo. Ntle le seemo se se sa tlwaelegang sa go samagana le bolwetse jono mmogo le dikgwetlho tse dintsi tse di tsamaisanang le go baya naga ya batho ba le dimilione di le 58 ka fa tlase ga taolo ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa na geng, re kgabotse ka matsadi a se kae. Re kgonne go thibela go anama ga bolwetse jono segolobogolo ka ntlha ya gore re nnile le tirisanommogo le tlhokomelano mo baaging ba naga ya rona botlhe.
Eno tiro e tona tota mme re e kgonne ka ntlha ya tiro e e tswileng diatla e e dirilweng ke ditheo tsa rona tsa bobe gakgang.
Re leboga go menagane ba begadikgang ba naga ya rona ya Aforika Borwa ba ba seme letseng ka natla e bile ba sa nyeme mooko. E ne e le bona ba kakatletse go sedimosetsa batho ba rona ka melaetsa e e botlhokwa ya dikgato tsa go tlhokomela boitekanelo jwa bona ka go katogana le go iphepafatsa. Ba ne ba dira tiro eno ka fa tlase ga maemo a a neng a le bokete thata, mme go le gantsi ba ne ba e dira le fa ba ne ba tlhaela didirisiwa.
Ba ne ba gasa dinkgang tse di ka ga ditlamorago tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng mo matshelong a batho le mo dikgwebong tsa bona. Ba ne ba sasanka le metseselegae, diteropo le diteropokgolo, go kwala maitemogelo a batho le go supetsa naga matsapa a a leng teng kwa dipetlele le kwa ditleliniking, e leng seo se tlhotlheletsang gore puso e tsaye dikgato.
Bobegakgang jwa rona gape bo phuntse sekaku seo tota fa e ne e le mo matsatsing a mo malobeng se neng se ka bo se itlhokomolositswe. Bo tota bo diragaditse tiro ya jona ya go nna leitlho la setšhaba ka go utolola ditiragalo tsa bonweenwee le tsa tsamaiso e e sa lolamang, e leng seo se tlhotlhileng dikganetsano tse dikgolo tsa mo phasalatseng tsa ka fa nageng mme seo se dirile gore go rebolwe di phuruphutso mo bathong ba ba okameng maemo a a kwa godimo. Ka go bega dikgang tsa mothale ono bo kgonne go dira gore batho ba nne le tshepo mo go jona.
Go nna le bobegakgang jo bo sa gatelelweng ga go raye gore ke bokhutlho. Ke tsela eo temokerasi e bonwang le go tsholediwa ka yona. Mo pakeng ya leroborobo leno, bobegakgang jwa rona bo ne bo sa diragatse fela tiro ya jona ya go nna leitlho la setšhaba, bo ne gape go diragatsa tiro ya yona mo setšhabeng ka go tshegetsa matsapa a puso a go thibela go anama ga mogare wa corona .
Re lebile seabe se bobega kgang bo nang le sona mo temokerasing ya rona, re tshwenyegile tota gore fela jaaka makala a mangwe a ikonomi ya rona, matsapa a a tlileng le mogare wa corona  a amile ditlamo tsa rona tsa bobegakgang ka tsela e e sa jeseng diwelang. Ditlamo tse dingwe tsa makwalodikgang di latlhegetswe ke 60% ya letseno mo matsatsing a fa re ne re le gone re tsena mo kgatong ya go sekega nakwa na ditiro tsa ka fa nageng.
Ditlamo di le dintsinyana di ne tsa gapeletsega gore di ngotle megolo ya badiredi ba tsona, go fokotsa badiri mo tirong kgotsa go fokotsa diura tseo ba di dirang. Ka bo madimabe ditlamo tse dingwe tsa makwalodikgang di ne tsa gapeletsega gore di tswalele, mme mo gare ga tsona di tsenyeletsa le ditlamo tse di tlotlegang tsa Aforika Borwa tse di phasalatsang dimaka sine tse di itsegeng thata.
Tatlhegelo ya ditiro e e tlho dilweng ke dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng e tlhotlheleditse mathata ano mo ditlamong tsa bobegakgang tse di neng di setse di tobane le dikgwetlho tsa go tshwana le tsa go latlhe gelwa ke letseno leo ba neng ba le dira ka dipapatso, dikgwe tlho tsa  go fokotsega ga go re kisiwa ga makwalodikgang le go tseelwa bareki ke ditlamo tse di rekisang dikgang ka megala ya mo seatleng le ka didirisiwa tse dingwe gape tsa thekenoloji. Dikgwetlho tsa matlole tseno go tobanwe le tsona mo lephateng leno lotlhe, mo ditlamong tsa dikgatiso tsa mo inthaneteng go tsenyeletsa ditlamo tse di gatisang makwalodikgang ka mokgwa o o tlwaelegileng mmogo le mo ditheong tsa kgaso tsa setšhaba.
Eno ke e nngwe ya dintlha tse di atlhaatlhilweng ka tsenelelo mo ditherisanong tsa me le Mokgatlo wa Naga wa Barulaganyi ba Dikgatiso ba Aforika Borwa. Go na le go itatswa matsadi, intaseteri ya bobegakgang e semeletse mo go kwaloleng sešwa me kgwataolo ya dikgwebo, go tlhotlheletsa boitshimololedi le go leka ka natla ka moo ba ka kgonang go boloka ditiro tsa badiredi ba bona.
 Le fa go le jalo, ka mo letlhakoreng le lengwe bobegakgang ke setheo se se itlhophileng mo setšhabeng se sengwe le se sengwe ka ntlha ya gore batlhankedi ba jone ba dira tiro e e botlhokwa thata mo temokerasing ya rona. Ba leka ka natla go netefatsa gore setšhaba se nna mo dinakong ka seo se diragalang mmogo le go netefatsa gore bao ba filweng maatla ba se a dirise boatla.
 Re tlhoka go nna le babe gadikgang ba bangwe ba le bantsi, e seng ba ba fokotse gileng. Ke ka ntlha ya seo go latlhegelwa le ke mmegadi kgang a le mongwenyana fela e seng fela tatlhegelo mo intase tering eno mme e le tatlhe gelo le mo nageng yotlhe.
Re tlhoka botlhogoputswa ba rona, ba ba nang le maite mogelo a magolo le kitso e e tseneletseng ya ka fao ditheo di dirang ka gone, mme e bile ba kgona go sekaseka dikgang ka tsenelelo e bile ba atlhaatlha dintlha ba na le tshedimosetso e e tletseng.  Le fa go le jalo, re tlhoka gape le babegadikgang ba ba santseng ba le bannye mo tirong eno ba ba nang le kitso e ntsi ka didirisiwa tsa thekenoloji, ba ba nang le kitso e e tletseng ka mekgwa e mentšhwa ya go bega di kgang e bile ba na le kitso e e tletseng ka ga dingongorego tsa bašwa.
Re le baagi re tlhoka go tshegetsa bobegakgang ka botlalo. E ka tswa e le ka go duelela mananeo ao ba a gasang, go duelela madi a go tshegetsa babegadikgang, ka go duelela dilaesense tsa rona tsa SABC kgotsa ka go reka makwalodikgang, re ka tshameka karolo ya rona go inola intaseteri eno mo matsapeng a e leng ka fa teng ga ona. Re le puso, le fa tota re aparetswe ke leru le letsho mo ikonoming ya rona, re tla tswelela go duelela dipapatso mo makwalodikganyeng le mo mananeokgasong, bo golojang mo diyalemoweng tsa baagi.
Lekala la poraefete le lona le tshwanelwa ke go tswelela go tshegetsa intaseteri eno ka go duelela dipapatso mmogo le go dirisanammogo le ditlamo tsa bobegakgang mo go tlha giseng mananeo a mantšhwa a a tsamaelanang le maemo a bobegakgang mo lefatsheng.
Mekgatlho ya ka fa nageng e e tlamelang ka matlole le yona e tshwanetse go tsaya karolo ka go tshegetsa bobegakgang jo bo tswelang baagi mosola, jaaka go ntse mo dinageng tse dintsi tse di busiwang ka temokerasi.
Koketsego ya dikgang tsa maaka mo pakeng ya lerobo robo leno, bogolo jang mo diraleng tsa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, di tlhodile gore go nne le tlhokego e kgolo ya dikgang tsa boammaruri, tse di sa tseeng letlhakore e bile di sa emelele ope. Mo nakong eno batho ba rona ba ne ba itshepetse mo ditlamong tse di itsegeng tsa bobegakgang gore ba bone tshedimosetso e e tshepagalang, e leng seo gape se supang botlhokwa jwa bone mo temokerasing ya rona.
Jaaka re simolola tiro e e tona ya go aga sešwa ikonomi ya rona go latela ditlamorago tsa leroborobo leno, intaseteri ya bobegakgang e tla tlhoka tshegetso ya rona go feta mo malobeng. Bobegakgang jwa makwalodikgang jo bo golo legileng bo ne bo tlhalosiwa e le 'modisi yo a sa robaleng wa ditshwanelo tsotlhe tse monna le mosadi yo a gololegileng a di tlotlomatsang'. Jaaka re tlotla seabe sa jone mo lerobo robong leno, tla re direng tsotlhe tse re ka di kgonang go netefatsa gore bobegakgang jo bo gololegileng le jo bo farolo ganeng mo nageng ya rona bo kgona go supoga mo dinaleng tseno tsa phage le go atlega.  