Tshegetso ya Dikgotlatshekelo mo Batswasetlhabelong ba Ditiragalo tsa GBV

More Matshediso

 Fa e le gore o a boga ka ntlha ya Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV) mme o tlhoka tshegetso ya dikgotla tshekelo, Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA) bo na le ditirelo tse di itlhophileng tse bo ka go tswang thuso ka tsona.
 Lenaane la Ipaakanyetso ya go ya Kgotlatshekelo la  Ke Bona Lesedi le teng mo Dikgotlatshekelong tse di Samaganang le Ditlolomolao tsa Thobalano le mo dikgotla-tshekelong tse dingwe gape tse di samaganang le ditiragalo tsa GBV . Ke Bona Lesedi ke tlhaloso ya Setswana e e tlhalosang gore ke a sedimogelwa. Batswasetlhabelo ba GBV ba ka romela dikopo tsa bona kwa go NPA go ba tswa thuso. Motšhotšhisimogolo wa puso kgotsa molaodi wa dithulaganyo tsa kgotlatshekelo o tla thapa motlhankedi yo o maleba wa dithulaganyo tsa kgotlatshekelo go go tswa thuso. “Tirelo eno ga e solofetse dipeelo dipe mo kgetseng nngwe le nngwe e e tlhatlhetsweng e bile maitemogelo a motho yo mongwe le yo mongwe a tshwana ka nosi. Le fa go le jalo, e thusa go matlafatsa le go tsosolosa seriti sa motswase-tlhabelo,” ga rialo tsiboso e e tswang kwa go NPA. Go na le batlhankedi ba dithulaganyo tsa kgotlatshekelo ba le 161 mo dikgotlatshekelong tse di farologaneng go ralala le naga. Tirelo eno ke e nngwe ya matsholo a a tsentsweng tirisong ke puso go samagana le leroborobo la  GBV . Go ya ka tshedimosetso ya NPA, motlhankedi wa dithulaganyo tsa kgotlatshekelo yo a direlang kgotlatshekelo eo go tla sekelwang kwa go yona o tla ikgolaganya le mongongoregi, motswasetlhabelo, motho yo a falotseng mo dinaleng tsa phage kgotsa paki. Motlhankedi wa dithulaganyo tsa kgotlatshekelo o tla nna a tshegeditse mongongoregi ka dinako tsotlhe kwa kgotlatshekelo go fitlha tsheko e ya bokhutlong. Go dirisiwa mekgwa le didirisiwa tse di itlhophileng go bontsha ka namana motswasetlhabelo gore selelo sa gagwe se sekegetswe tsebe, o a sirelediwa e bile o neelwa tlotlo. Bangongoregi ba ka dirisa puo tsa bona mme e bile motlhankedi wa dithulaganyo tsa kgotlatshekelo o tla netefatsa gore motswasetlhabelo o romelwa kwa ngakeng ya go thoba maikutlo go ba thusa go ba wetsa matshwafo le go ba alafa. Basadi le bana ba bantsi ba ba bogisitsweng ka ditiragalo tsa GBV , go naya motlhala, ba ba kileng ba betelelwa, ba na le ketsaetsego fa go tla mo go emeng fa pele ga batho ba sa ba itse kwa kgotlatshekelo gore ba tlhalose ka botlalo seo se ba diragaletseng. Ditirelo tseno di tla ba thusa gore ba lokologe.
DIKGANGKAKARETSOO ka ikgolaganya le Molaodi/Motsamaisi wa Dithula O ka ikgolaganya le Molaodi/Motsamaisi wa Dithula ganyo tsa Kgotlatshekelo mo porofenseng ya gaeno ganyo tsa Kgotlatshekelo mo porofenseng ya gaeno ka go letsa mogala kgotsa go romela imeile o dirisa ka go letsa mogala kgotsa go romela imeile o dirisa dintlha tse di fa tlase:dintlha tse di fa tlase:
•	•	Kapa	Botlhaba	(Grahamstown)Kapa	Botlhaba	(Grahamstown)	–	Pumla	Nomfemele-	041	502	5443	–	Pnomfemele@justice.gov.za	•	•	Kapa	Botlhaba	(Mthatha)Kapa	Botlhaba	(Mthatha)	–	Sindisiwe	Buthelezi	–		047	501	2646	–	Sbuthelezi@npa.gov.za	•	•	Foreisetata	Foreisetata		–	Ena	Liebenberg	—	051	410	6029	–		Eliebenberg@npa.gov.za	•	•	Gauteng	(Johannesburg)	Gauteng	(Johannesburg)	–		Asewa	Fundi	–																		011	220	4085	–	Afundi@npa.gov.za	•	•	Gauteng	(Pretoria)Gauteng	(Pretoria)	–	Esther	Kabini	–	012	351	6713	–	Ekabini@npa.gov.za	•	•	Kwa-Zulu	NatalKwa-Zulu	Natal	–	Roelien	Wiesner	–	033	3928712	–	Rwiesner@npa.gov.za	•	•	LimpopoLimpopo	–	Reneilwe	Mashamaite	–	015	483	0302	–	Rmashamaite@justice.gov.za	•	•	Kapa	BokoneKapa	Bokone	–	Henley	Nathan	Sass	–	054	337	5375	–	HSass@justice.gov.za	•	•	Bokone	BophirimaBokone	Bophirima	–	Mmanotshe	Seletisha	–														012	700	9000	–	Mseletisha@justice.gov.za	•	•	Kapa	BophirimaKapa	Bophirima	–	Gary	Titus	–	021	487	7287/														021	421	7287	–	Gvtitus@npa.gov.za	•	•	Kantorokgolo	ya	NPAKantorokgolo	ya	NPA	–	Karen	Tewson	–																								012	845	6399/012	812	6399	–	Ktewson@npa.gov.zaDinomoro tse dingwe gape tsa kgolagano tse di botlhokwa tse o tshwanetseng go nna le tsona:
•	Ditirelo	tsa	Tshoganyetso	tsa	SAPS:	10111.•	Tikwatikwe	ya	Taolo	ya	GBV:	0800	428	428	kgotsa	tobetsa	*120*7867#	mo	mogaleng	o	mongwe	le	o	mongwe.•	Mogala	wa	Batho	ba	ba	Tshelang	ka	Bogolofadi:	Romela	lefoko	le	le	reng	‘help’	ka	SMS	mo	go	31531.•	Mogala	wa	Thuso	waBasadi	ba	ba	Bogisiwang:	0800	150	150.•	Mogala	wa	Merero	ya	Tlhokomelo	ya	Bana	wa	Aforika	Borwa:						0800	055	555.•	Mogala	wa	go	Bega	Bosenyi	wa	SAPS:	0860	10111	kgotsa	romela	SMS	mo	go	32211.•	Mogala	wa	Ditirelo	tsa	go	Bega	Ditiragalo	tse	di	Amanang	le	GBVF	(SAPS):	0800	333	177/	complaintsnodalpoint@saps.gov.za•	Mogala	wa	Thuso	Mabapi	le	go	Ketikiwa	kwa	Lapeng:	0800	150	150.	•	Mogala	wa	Thuso	Mabapi	le	Merero	ya	AIDS:	0800	012	322.
