Woza Matrics  e thankgolotswe

Dale Hes  

MAITLHOMO A LETSHOLO LA WOZA MATRICS  	ke go thusa baithuti botlhe ba Mophato wa bo 12 gore ba kgone go falola ditlhatlhobo tsa bona tsa bokhutlo jwa ngwaga.
Barutwana ba Materiki ba monongwaga ba tobane le di-kgwetlho tse di seng kana ka sepe ka ntlha ya mogare wa corona  (COVID-19).
Lefapha la Thuto ya Motheo le netefaditse gore go bulwa sešwa ga dikolo ka tsela e e babalese-gileng ke sengwe sa tse dingwe tse di leng kwa selthoeng, mmogo le go tshegetsa barutwana ka matsholo a a farologaneng go ba thusa gore ba atlege mo go konosetseng dithuto tsa bona tsa monongwaga. Le lengwe la matsholo ano ke lenaane la Woza Matrics , le le thankgolotsweng ka la bo01 Lwetse 2020 ka tirisanommogo le badirisanimmogo ba le ba-ntsinyana ba kgaso mmogo le baitseanape ba thuto.  Jaaka karolo ya lenaane leno, go gasiwa dirutwana di le thataro tse di botlhokwa tsa materiki mo dikanaleng tsa SABC, DSTV le Openview  (Channel 122) letsatsi le letsatsi sebaka sa dibeke di le 12 go tloga ka ura ya borobedi mo mosong go fitlha ka ura ya bo lesome mo mosong e bo e tshameka gape go tloga ka ura ya bongwe mo motshegareng go fitlha ka ura ya boraro mo motshegareng go thusa barutwana go se salele morago. Maitlhomo a lona ke go thusa barutwana gore ba kgone go ka ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa bona tsa bofelo jwa ngwaga. Serala seno gape se na le mananeo a dirutwa a a diragalang ka ona motsotso  oo, moo barutwana ba ka kgonang go botsa barutabana dipotso mo ba sa tlhalo-ganyeng. Go na gape le dikele-tso mabapi le tseo barutwana ba tshwanetseng go di tlhokomela mo ditlhatlhobong tsa bona. Woza Matrics e a itse gore le fa tota e le barutwana botlhe ba ba reteletsweng ke go tsena sekolo ka tshwanelo, barutwana ba Mophato wa bo 12 ke bona ba ba amegileng bobe go gaisa, ka ntlha ya fa dipholo tsa bona di le botlhokwa thata mo go ba kgo-ntsheng go ka bona ditiro le mo go amogelweng kwa yunibesiti. Tona ya Thuto ya Motheo Mme Angie Motshekga a re lenaane leno le botlhokwa thata bogolojang ka ntlha ya fa dithuto di kgoreleditswe ke COVID-19 . “Materiki ka gale o na le ka fao o gatelelang maikutlo ka teng, fela ngwaga wa 2020 one o tlile ka kgatelelo ya maikutlo e e neng e sa solofelwa. Ke rata go kaakgola bathuti botlhe ba Mophato wa bo 12 mmogo le ba malapa a bona ka go ikatlapela le go nna le maikemisetso jaaka ba dirile. Go totobetse jaanong gore baithuti ba tlhoka tshegetso e nngwe le e nngwe e ba ka e neelwang mme re tla tswelela go ba neela yona. Go setse fela dikgwedi di le mmalwanyana gore ngwaga o ye bokhutlong mme lenaane la Woza Matrics  le tla neela baru-twana tshegetso e ba e tlhokang gore ba kgone go ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa bofelo jwangwaga,” o tlhalositse jalo.Lenaane leno ke motshwananosi gonne le totile baithuti ba Mophato wa bo 12 ka bontsi ka fa nageng  bao ka gale ba senanginthanete le didirisiwa tsa dijithale tse di dirisang inthanete. Dikgaso tseno di tla kgona go bogelwa ke baithuti ka bontsi ba le dimilione di le 1.2 ba ba tla bong ba kwala ditlhatlhobo tsa bona tsa Materiki mo kgweding ya Ngwanaitseele. Lekgotla la Thuto la Ditona le ikuetse mo baithuting le mo batsading botlhe go sola serala seno mosola. Mokaedikhuduthamagamo-golo (CEO) wa Lekgotlakgaso la Aforika Borwa (SABC) Madoda Mxakwe a re lekgotlakgaso le motlotlo go nna le seabe mo letsholong leno. “Re motlotlo go bo re le yo mongwe wa batshamekakarolo ba ba botlhokwa mo go babaleleng ngwaga wa Materiki wa 2020. Re le tirelokgaso ya puso, go mo magetleng a rona go netefatsa gore mananeo a tirelokgaso a tsenyeletsa manaane a thuto a le mantsintsi, bogolo jang mo motsing ono o a tlhokagalang e le ruri.”Re araba dipotso tsa gagoKe dirutwa dife tse di tla rutiwang?•	Maths																																																																																																																																																•	Geography•	Life	Sciences			•	Physical	Sciences			•	Accounting			•	Maths	Literacy.	Goreng go tlhophilwe dinako tse di beilweng ka barutwana ba tla bo ba le kwa sekolong?•	Dinako	tsa	go	ya	sekolong	ga	di	tshwane	mo	dikgaolong	le	mo	diporofenseng	tse	di	farologaneng	ka	ntlha	ya	maemo	a	go		obamela	melawana	e	e	iletsang	go	atumelana.•		Barutwana	ba	Materiki	ka	bontsi	ba	tla	bo	ba	le	kwa	magaeng	a	bona	fa	mananeo	ano	a	gasiwa.	•	Palo	ya	barutwana	ba	le	mmalwanyana	fela	le	bona	ba	kwadise-	ditswe	go	rutiwa	ba	le	kwa	magaeng	a	bona.	•	Kgaso	e	kgolo	e	tla	boelediwa	morago	ga	ura	ya	bone	maitseboa	mo	kanaleng	ya	Openview 	le	go	tshamekiwa	mo	go	DSTV	 Catch-Up .	Goreng go rutiwa fela barutwana ba Materiki?•	Barutwana	ba	Materiki	ke	bona	ba	leng	ka	fa	tlase	ga	kgatelelo	e	e				 seng	kana	ka	sepe	ka	ba	tshwanetse	go	batlana	gape	le	diphatlha				 tsa	fa	ba	sena	go	konosetsa	dithuto	tsa	bona.•	 Barutwana	ba	Materiki	ke	bona	ba	kgoreletsegileng	thata	mo		 		 dithutong	tsa	bona	fa	e	sale	go	tloga	ka	kgwedi	ya	Mopitlwe	2020				 ka	ntlha	ya	gore	kharikhulamo	ya	bona	ga	e	a	ke	ya	ngotliwa				 go	tshwana	le	tse	dingwe.•	 Barutwana	ba	Materiki	ke	bona	ba	saletseng	morago		 	 		 go	gaisa	mo	dithutong	tsa	kharikhulamo	ya	bona.
Nka fitlhela lenaneothulaganyo la mananeokgaso ano fa kae?Lenaneothulaganyo	la	mananeokgaso	ano	le	teng	mo	mananeothula-ganyong	a	thelebišene	mmogo	le	mo	webesaeteng	ya	Woza	Matrics 	ya	wozamatrics.co.za. 	Mananeokgaso	a	a	ipoeletsang	le	one	a	teng	foo.
A go na le tshegetso e e neelwang batsadi le barutabana?Ee	e	teng.	Lenaneothulaganyo	la	mananeokgaso	le	tla	bo	le	na	le	mananeo	a	go	eletsa	batsadi	ka	ditsela	tse	ba	ka	tshegetsang	bana	ba	bona	ba	ba	dirang	Materiki.	Mananeo	a	mangwe	a	tla	tlhaba	barutabana	botlhale	mme	serala	sa	Lefapha	la	Thuto	ya	Motheo	sa	go	Golagana	le	Barutabana	sa	WhatsApp 	se	tla	dirisiwa	go	romela	melaetsa	e	e	botlhokwa	kwa	barutabaneng.
A go na le se se tla diriwang go samagana le kgatelelo ya mai kutlo e barutwana ba Materiki ba leng mo go yona ga jaana ?Ee	se	teng.	Go	tla	diriwa	mananeo	a	le	mmalwa	a	a	tla	tsepamisang	mogopolo	mo	go	tlhabeng	barutwana	botlhale	gore	ba	tshele	ka	itekanelo	jang,	ba	mekamekane	jang	le	kgatelelo	mo	maikutlong	mmogo	le	go	etsaetsega.	Go bona tshedimosetso ka botlalo, etela webesaete ya Woza Matrics  mo go wozamatrics.co.za  kgotsa o romele imeile mo g o info@wozamatrics.co.za