Sireletsa basadi le bana ba rona

vukuzenzele unnamed

Ngwaga o o fetile-leng, mo letsatsing la gompieno, diketekete tsa basadi, banna le bana di ne tsa gwantela kwa Palamenteng go ipelaetsa kgatlhanong le ditiragalo tsa dipetelelo le dipolao tsa basadi le basetsanyana.
Mo nakong eo, naga ya rona e ne e santse e le mo kutlobotlhokong ya go bolawa ga Uyinene Mrwetyana, Leighandre Jegels, Jesse Hess mmogo le basadi ba bangwe ba le bantsi ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona ba bolawa ke banna ba ba setlhogo.Badiraditshupetso bano botlhe ba ba neng ba dira ditshupetso ka mowa o o edileng, ba ba nang le maemo a a farologaneng mo setšhabeng, ba ba potlana le ba bagolo, baithuti le ba-sadi ba ba dirang, ba ne ba tsholeditse dipolakata tse di neng di kwadilwe melaetsa e e reng ‘Enough is Enough ’ le e e reng ‘Am I next? ’.  Mo motsing oo badiraditshupetso ba ne ba fegetswe tota. Fa ke ne ke amogela tokomane ya ditlhokwa tsa bona tse di neng di tlhalositswe ka tlhamalalo, go ne tota go tlhamaletse gore re tlhoka go tsaya dikgato ka ponyo ya leitlho le ka matlhagatlhaga. Go ne go le botlhokwa mo go nna gore fa ke tsibogela ditlhokwa tsa bona ke se dire jalo ka go ba solofetsa  lefelafela le go dirisa mafoko a a sa reng sepe.Mo matsatsing a le mmalwa morago ga seno, ke ne ka kopa Kopanotshwa-raganelong ya Palamente, mo re neng ra tsibosa fa re tla tlhoka bokanaka  R1.6 bilione ya Leanotiro la Tsibogelo ya Ditiragalo tsa Tshoganyetso e e tla dirisediwang go lwantshana le Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF).Mo dikgweding di le thataro tse di fetileng tsa go tsenngwatirisong, tiriso ya madi a puso mo mafapheng a puso a a farologaneng e ne ya  retololwa go  tshegetsa dikgato tsa tlhokomelo le tshegetso ya batswasetlhabelo, tsa matsholo a thibelaketegelo mmogo le matsholotemoso, go tlhabolola melao le dipholisi, go tsholetsa matlafatso ya basadi go ikemela mo mererong ya ikonomi, mmogo le go matlafatsa tsamaiso ya tirelo ya bosiamisi.Mme ga jaanong re fa gare mo di-kgatong tsa rona tsa go fetola molao mo go lwantshaneng le GBVF.Go Melaotlhomo e e botlhokwa e le meraro e e amanang le Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV) e e rometsweng kwa Palame-nteng mo malobeng. Ka go tsenya tirisong Melaotlhomo eno, re tla bo re diragatsa seo re se solofeditseng badiraditshupetso ba mo mogwantong wa mo ngwageng o o fetileng mmogo le basadi botlhe ba naga ya rona. Melaotlhomo e meraro eno e e kwalolotsweng sešwa maitlhomo a yona ke go thiba diphatlha tse di leng teng ga jaana tse di kgontshang di-tlhokotsebe tsa bosenyi jono go tsha-bela go atlholwa ka tshwanelo mmogo le go dira gore ditshwanelo tsa basadi le bana ba ka fa nageng ya rona di nne le mosola. Melaotlhomo eno, fa go setse go feditswe ka yona go ka sekasekiwa, e tla thusa gore basadi mo nageng ya rona ba boelwe ke tshepo gore tota molao o teng e bile o a ba sireletsa. Ya ntlha Molaotlhomo ono o tla kwalola sešwa Molao wa Bosenyi (Ditlolo tsa Molao wa Thobalano le Melato ya Mothale ono) Molao o o Kwalolotsweng Sešwa. Ona o tlhagisa dikgato tse dingwe tse dintšhwa tse di tsewang e le ditlolomolao tsa go bogisa ka thobalano, o atolosa melato eno go tsenyeletsa le e e diriwang le mo bathong bao le amanang ka tshika, mmogo le go atolosa maikarabelo a go bula dikgetse tsa thobalano go tsenyeletsa go letlelela le batho ba ba belaelang fa bana ba bogisiwa ka ditiragalo tsa thobalano.O atolosa tiro ya Rejisetara ya Naga ya Batho ba go Fitlhetsweng ba le Molato mo Ditatofatsong tsa Thobalano (NRSO) gore mo go yona go kwalwe dintlha tsa botlhe ba go fitlhetsweng ba le molato mo ditatofatsong tsa thobalano. Go fitlheng mo motsing ono, dintlha tse di neng di tlhagisiwa mo rejisetareng eno e ntse e le fela tsa batho bao go fitlhetsweng ba le molato mo ditatofatsong tsa thobalano tseo di amang bana kgotsa batho ba ba nang le bogolofadi mo tlhaloganyong. Sebaka seo dintlha tsa bao go fitlhe-tsweng ba le molato mo ditatofatsong tsa thobalano di ka gatisiswang mo rejisetareng eno se okeditswe, mme bao ba tlhagelelang mo rejisetareng eno ba tla tshwanelwa ke go tlhagisa ntlha eno fa ba dira dikopo tsa dipha-tlhatiro mo ba tla bong ba dira le batho ba ba leng mo tlalelong. Molaotlhomo ono o dira gape gore bao maina a bona a tlhagelelang mo go NRSO setšhaba se a fitlhelele bonolo.Molaotlhomo o o Kwalolotswe Sešwa wa Bosenyi le Melato ya Mothale ono o gagamatsa, gareng ga tse dingwe, go rebolela ditlhokotsebe tsa GBVF beile, mmogo le go atolosa paka ya katlholelo kwa kgolegong mo paka e khutshwane ya eno e tla nnang segapeletsa.Dikarolo tse di kwalolotsweng se-šwa tseno di gapeletsa gore batlhankedi ba ditheo tsa go disa kobamelomo lao mmogo le dikgotlatshekelo tsa rona di nne le maikano a mantšhwa. Fa motšhotšhisi a sa ganetse beile mo dikgetseng tsa GBV , o tshwanetse go tsenya mabaka a go dira jalo mo rekotong. Ntle le fa e le gore motho yo a latofadiwang ka GBV a ka neela mabaka a a utlwagalang gore goreng a tlhoka go gololwa ka beile, kgotla-tshekelo e tshwanetse go laola gore motho yoo a golegwe go fitlha dikgato tsa molao di konosediwa. Pele go ka tsewa ditshwetso mabapi le dikopo tsa dibaile, dikgotlatshekelo di tshwanetse go sekaseka mabaka a le mantsinyana. Ona a akaretsa dipegelo tsa pele go lebiwa kwa kgotlatshekelo mabapi le kgonagalo ya go golola molatofadiwa ka beile, ditiragalo tsa go tshosetsa motswasetlhabelo ka tirisodikgoka, mmogo le maikutlo a motswasetlhabelo fa go tla mo pabalesegong ya gagwe.Fa go tla mo go reboleng parola, mongongoregi kgotsa wa losika la moswi yo e leng motswasetlhabelo o tshwanetse go nna  teng jaaka kemedi  mo botong e e rebolang parola. Ka ntlha ya ditiragalo tse di kwa godimo tsa ka fa nageng tsa tirisodi-kgoka mo bathong ba ba ratanang, re gagamaditse dikarolo tsa Molao wa Thibelo ya Tirisodikgoka Magareng ga Batho ba ba Leng mo Kgolaganong ya Lorato. Tirisodikgoka magareng ga batho ba ba leng mo kgolaganong ya lorato jaanong e tlhalosiwa gore jaanong e tsenyeletsa le batho ba ba tshepisaneng lenyalo, ba ba ntshanang, ba ba leng mo manyalong a setso, le ba ba ratanang kgotsa ba ba leng mo kgolaganong ya lerato le le tukang malakabe, ba ba utlwanang kgotsa ba utlwanetse tsa thobalano go sa kgathalesege gore ke sebaka se se kanakang ba le mo kgolaganong eno. Molaotlhomo ono gape o tlhalosa gape le gore ‘tirisodikgoka magareng ga batho ba ba leng mo kgolaganong ya lorato’ e tsenyeletsa gape le batho ba ba tsofetseng bao ba bogisiwang ke ditokololo tsa malapa. Bangongoregi ba tla kgona go dira kopo ya lekwalo la semolao la go thibela motho yo a go bogisang go se tlhole a go atumela ba dira jalo ka inthanete. Go thiba diphatlha tse di kgontshang ditlhokotsebe go fitlha ditiro tsa bona tse di leswe tsa go gesela baokapelo ba bona, go tla tlhomiwa sefalana se se golagantsweng sa makwalo ano otlhe a a rebotsweng kgatlhanong le setlhokotsebe. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di rwesa gape le Lefapha la Tlhabololo ya Loago, Lefapha la Thuto ya Motheo, Lefapha la Thuto e Kgolwane mmogo le Lefapha la Boitekanelo maikarabelo a go tlamela batswasetlha ka ditirelo tsa mothale o o rileng foo di tlhokegang mmogo le go ba romela kwa ditheong tse ditlhokomelang batswasetlhabelo mmogo le kwa maokelong. Mabaka a motšhotšhisi a ka ganang go tšhotšhisa setlhokotsebe ka ona fa se dirile melato go ya ka dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tsa Molao ono kgotsa a go busetsa morago kgetse fa e tsamaelana le go gobatsa motho mo mmeleng kgotsa a amana le tiriso ya sebetsa go tshosetsa mongongoregi a fokoditswe. Mo go tse dingwe tsa dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tse di botlho-kwa thata mo Molaong ono, ke karolo e e reng fa go na le motho yo a nang le kitso, a dumela kgotsa a belaela gore go na le ngwana, motho yo a tshelang ka bogolofadi kgotsa motho yo a tsofetseng yo a bogisiwang ka pogiso ya tirisodikgoka magareng ga batho ba ba leng mo kgolaganong ya lorato mme a nna kgang eno ka marago a sa begele motlhankedi wa loago kgotsa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) motho yoo a ka tlhaodisiwa kgotsa a tswalelwa kwa kgolegelong. Go fela jalo le ka lepodisi la SAPS le le sa ikamanyeng le maikarabelo a lona a Molao ono ka maitsholo ao a tla tsewa e le a a sa amogelegeng mme a ka begiwa kwa Lephateng la Mo-kwaledi wa Baagi Mabapi le Ditirelo tsa Sepodisi. Molao ke konokono e go ka ika-nngwang yona fa go tla mo tshireletsong ya baagi, bogolo jang bao ba leng mo tlalelong. Fa o dirisiwa ka manontlhotlho le ka go se tseye le-tlhakore, ke modiredi yo o boikanyego wa bosiamisi. Basadi ba naga ya Aforika Borwa ba nkgetswe ke dikgato tse di yang di boa tse di sa diragatseng e nngwe ya ditshwanelo tse di botlhokwa go gaisa – go tshela mo kgololesegong ntle le go boifa sepe.Puso e re leng mo go yona eno mmogo le badirisanimmogo ba yona e tla tswela basadi ba naga ya Aforika Bo-rwa molemo. Ga re kitla re ba sulafatsa.  