NSFAS e dira gore ke fitlhelele ditoro tsa me

More Matshediso 

Sekema sa Bose tšhaba sa Thu so ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS) se tshwarisane le Karabo Mashego (21) ka go mo duelelela dithuto tsa gagwe gore a tsweletse dithuto tsa gagwe.
Mashego yo a nnang kwa Sebokeng mo porofenseng ya Gauteng kwa kgaolong ya Vaal a re o ne a ka se kgone go duelela dithuto tsa gagwe mmogo le di tshenyegelo tse dingwe tse di tsamaelanang le go tsweletsa dithuto fa a ne a sa iponela thuso ya matlole mo go NSFAS.
“Mo godimo ga seno, thuso ya madi a a duele lwang kgwedi e nngwe le e nngwe ke NSFAS a dira gore ke ye sekolong le go robala ka mpa e tuka bollo,” o tlhalosa jalo.
Mashego ke moithuti yo a leng mo ngwageng wa  gagwe wa boraro wa dithu to mo serutweng sa tekerii ya civil engineering  kwa Yunibesiting ya Pretoria.
“Madi a tuediso ya diru twa a a boitshega. Dituediso tsa serutwa seno se ke se tlhophileng, madi a sone a kgwedithataro e le nngwe fela ke ne ke sa itse gore ke tla a tsaya kae, ngwaga otlhe wa dithuto one ke ne ke tla o dira eng tota,” o a tlhalosa.
Mashego o konoseditse dithuto tsa gagwe tsa ma teriki ka 2016 e bile o ne a gaisitse barutwa ka ene mo phaposing ya gagwe, fela o ne a sena ditlogo tsa go ka ituelela dithuto tsa gagwe.
O ne a atlega mo go direng kopo ya go tlamelwa ka matlole a dithuto mo go NSFAS mo ngwageng wa dithuto wa 2018.
“Seno se nneile tšhono ya go fitlhelela toro ya me ya go ithutela serutwa sa boe njenere. Thuto e na le seabe se segolo mo go fetoleng bo tshelo jwa me e bile e nthusa gore ke atlege mo go tsotlhe  tse ke ikaelelang go di fitlhelela. Go feta seno, e a mmatlafatsa gore le nna ke kgone go ka matlafatsa ba bangwe mo motseng wa gaetsho e leng seo se nang le seabe mo ikonoming ya naga ya rona,” Mashego o a tlhalosa.
“Ke rotleotsa bašwa go dira dikopo tsa go thusiwa ka matlole a sekolo mo go NSFAS gonne gore o fitlhe lele toro ya gago ga se ma hala, ke selo se se tlhokang madi, mme NSFAS e tla tshwarisana le wena mo  ntlheng eno,” o tlhalosa jalo.
Tona ya Thuto e Kgo lwane, Saense le Boitshi mololedi, Ngaka Blade Nzi mande, o buletse paka ya go dira dikopo tsa NSFAS  ya ngwaga wa 2021 sebaka sa dikgwedi di le nne, go simolola ka la bo 3 Phatwe go fitlha ka la bo 30 Ngwa naitseele 2020.
Baithuti ba ba tswang kwa malapeng a a dikobo dikhutshwane le a batsadi ba bona ba iponelang le tseno le le seng kalo mme ba fisegela go tsweletsa dithuto tsa bona mo dikholejeng tsa puso tsa Katiso le Thuto ya Diatla le ya Setegenik (diTVET) kgotsa diyunibesiti ba ka dira dikopo tsa bona.
Gore o nne le matshwa nedi a go tlamelwa ka matlole a NSFAS, modira kopo o tshwanetse ya bo e le moagi wa moAforika Borwa mme a tswa mo lapeng le le dirang letseno la bokanaka R350 000 ka ngwaga fa le kopantswe.
Letseno la lelapa la moithuti yo a nang le bo golofadi ga le a tshwanela go bo le le kwa godimo ga R600 000.
“Mo ngwageng ono wa dithuto, NSFAS e tlametse ka matlole baithuti ba feta ba le 700 000, ba le 248 242  ke ba ba leng kwa dikhole jeng tsa TVET fa ba le 481 339  e le ba ba leng kwa diyuni besiti (bano ke baithuti ba ba nang le makwalo a a nang le tshedimosetso e e supang gore ba setse ba ikwadisitse).
Palo eno e tlhatlogile ka 20% fa e bapisiwa le ya mo ngwageng o o fetileng fa re bapisa palo ya baithuti ba ba setseng ba ikwadisitse mo pakeng yona eno mo ngwageng o o fetileng wa 2019 le ya ba mo ngwageng ono wa 2020,” ga rialo Tona Nzimande.
NSFAS e tlamela baithuti ba e leng gone ba simolo la dithuto tsa bona tsa yuni besiti ba le 40% fa kwa dikho lejeng tsa TVET bona ba dira 70%.  vO dira jang kopo ya go thusiwa ka matlole a go tsweletsa dithuto tsa gago pele? •	 Badiradikopo	ba	tshwanetse	go	etela	www.nsfas.org.za 	mme	ba	tobetse	myNSFAS .	Ba	tshwanetse	pele	ba	dire	akhaonto	le	 myNSFAS ,	morago	ba	tobetse	konopi	ya	 APPLY,	ba	arabe	dipotso	tse	di	tla	tlhagelelang	mme	ba	gokelele	ditokomane	tse	di	tlhokegang.	Fa	ba	feditse	go	dira	seno,	ba	ka	tobetsa	SUBMIT.	•	 Fa	ba	sena	go	tobetsa	 SUBMIT,	nomoro	tshupetso	e	tla	tlhagelela.	Nomoro	tshupetso	eno	e	tla	romelwa	gape	le	mo	nomorong	ya	mogala	le	mo	atereseng	ya	imeile	tseo	modirakopo	a	neelaneng	ka	tsona.	•	 Badiradikopo	ba	ka	dirisa	mogala	wa	mo	seatleng,	dithebolete	kgotsa	di	khomphiutha	go	dira	dikopo.	Go	dirilwe	diphetogo	di	se	kalo	mo	webosaete	ya	NSFAS	go	dira	gore	go	nne	botlhofo	go	e	dirisa	le	go	dira	gore	e	babalesege	le	go	feta.
•	 Dikopo	tse	dintšhwa	di	tlhoka	gore	di	tsamaye	le	khophi	ya	lekwaloitshupo	kgotsa	ya	lekwalo	la	matsalo	gore	o	kgone	go	ikwadisa	le	go	bula	akhaonto	ya	gago	mo	webesaeteng	ya	 myNSFAS .	Badiradikopo	ba	ba	nang	le	diakhaonto	tse	ba	sa	bolong	go	di	dirisa	bona	ba	tlhoka	fela	go	tsena	mo	diakhaontong	tsa	bona	–	gakologelwa	gore	modirakopo	a	le	mongwe	o	tla	bulelwa	akhaonto	e	le	nngwe	fela.	•	 Modirakopo	o	tshwanetse	go	neelana	ka	tetla	ya	gore	tshedimosetso	ya	gagwe	e	ka	kelekiwa	ke	ditheo	tse	dingwe	tsa	molao	mme	fa	e	le	gore	ga	a	dumele	go	neelana	ka	tetla	eno,	le	ene	ga	a	kitla	a	neelwa	tetla	ya	go	ka	tswelela	ka	thula ganyo	ya	go	dira	kopo.	•	 Ka	ntlha	ya	leroborobo	la	mogare	wa	corona,	badiradikopo	ba	ka	se	kopiwe	go	tlisa	kgotsa	go	gokelela	foromo	e	e	neelanang	ka	tetla	eno.	Legatong	la	seno,	ba	tla	kopiwa	gore	ba	amogele	dintlha	jaaka	di	le	mo	foromong	e	e	leng	mo	inthaneteng	e	e	neelanang	ka	tetla	eno,	mmogo	le	melao	le	melawana	ya	teng	ya	go	tlamelwa	ka	matlole.	•	 Baithuti	ba	santse	ba	tshwanetswe	ke	gore	fa	ba	romela	dikopo	tsa	bona	ba	dire	jalo	di	felegediwa	ke	ditokomane	tse	di	tshegetsang	dikopo	tsa	bona	(Dikhophi	tsa	bona	tsa	makwaloitshupo,	makwalo	a	bopaki	jwa	letseno	la	batsadi/batlho	komedi,	dikhophi	tsa	makwaloitshupo	a	batsadi/batlhokomedi	mmogo	le	Anekstšhara	ya	A	fa	e	le	gore	modirakopo	o	na	le	bogolofadi.	 Karabo Mashego o ithutela tekerii ya boenjenere, mme seno ke ka ntlha ya NSFAS.