Tla re babalelaneng

vukuzenzele unnamed

Naga ya rona e tsene mo kgatong ya bobedi ya go sa magana le leroborobo la mogare wa corona . Seno se rotse boima jo maAforikaBorwa otlhe a neng a bo rwele jwa go tshelela ka fa tlase ga dikiletso tse di boima mo matshelong a bona sebaka sa dikgwedi di le tlhano tse di fetileng.
Seno ke sesupo sa kgate lopele e re e dirang mo go fokotseng palo ya ditshwae tso tse dintšhwa le go fokotsa motlalo wa kwa dipetleleng.
E bile gape ke selo sa botlho kwa thata jaaka re leka go ka simolola sešwa ikonomi ya rona.
Fela  go santse go le gale go ka keteka.
Re santse re le ka fa ganong la leroborobo le le setlhogo le le setseng ga jaana le komedi tse matshelo a maAforika Borwa a feta a le 11 000 mo nageng ya Aforika Borwa ka nosi. Le fa re na le palo e e fetang halofo ya milione ya batho ba go totobaditsweng fa ba tshwaetsegile, re santse re na le palo e e kwa godimo ya batho ba ba tshwaetsegi leng ka re le mo maemong a botlhano mo lefatsheng. E bile go santse go na le kgona galo ya gore bolwetse jono bo ka ipoa sebedi.
Fa e le gore re tlhoka sega kolodi gore re ntshe matlho dinameng, ga re tlhoke go leba kae, re ka lebelela ditiragalo tsa sešweng mo nageng e e leng kgakala le rona ka dikhilomitara di le diketekete ya New Zealand.
Morago fela ga dikgwedi di le tharo fa e sale go twe naga ga e sa na dikgetse tsa bao ba nang le mogare wa corona , naga eno ya New Zealand e boetse mo dikgatong tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng. Le fa tota dikgetse tsa sešweng di le mmalwanyana fela, puso e tsere ka bonako dikgato tsa go busetsa tirisong gape di kgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng.
Dikiletso tsa mothale oo di ne tsa tshwanelwa ke go tse nngwa gape tirisong mo di kgaolong di le mmalwa tsa naga ya Yuropa jaaka di ite mogela ditiragalo tsa go ipoa sebedi ga ditshwaetsego.
Maitemogelo ano a bo ntsha sentle fela ka fao dilo di kgonang go fetoga ka ponyo ya leitlho fa go tla mo go COVID-19 .
Tseno ke ditiragalo tse di dirang gore botlhe gareng ga rona bao re iphorang gore re gaufi le go furalela bothata jono jo bo setlhogo jwa malwetse a boitekanelo re itsotsorope.
 Ee ke nnete gore go na le ditiragalo tse di dirang gore re nne le tsholofelo. Palo ya batho ba ba tshwaetsegileng e e rebolwang e tswelela go wela kwa tlase. Fa bolwetse jono bo ne bo simolola go gatelela mo kgwedinyaneng e e fetileng, re ne re rekota dikgetse tse dintšhwa di le 12 000 ka letsatsi tsa bao ba tshwaetsegileng. Palo eno e wetse kwa tlase mo re iphi tlhelang re rekota palo e e kanaka 5 000 ka letsatsi mo bekeng e e fetileng. Palo ya batho ba ba setseng ba itha rabologetswe mo bolwetseng jono e tsamaya mo go 80%.
Jaaka naga e tsena mo mae mong a bobedi, dikiletso di le dintsi mo ditiragalong tsa loago le tsa ikonomi di fedi sitswe. Mme ka kgato eno kgonagalo ya ditshwaetsego le yona e a tlhatloga.
Jaanong re tlhoka go me kamekana le matshosetsi ano le go netefatsa gore tsotlhe tse di molemo tse re di fitlhele tseng go fitlheng mo motsing ono mo go thibeleng gore leroborobo leno le aname ga e nne lefelafela. Leso legolo mo motsing ono fa go tla mo boitekanelong jwa setšhaba ke go goga dinao. Le fa tota jaanong re letleletswe go ka etela ditsala tsa rona le ba masika a rona, go etela mafe lo a boitapoloso, go tsaya maeto a go tlhaba kgobe ka mmutla le go ka nwa bojalwa kwa direstšurenteng, kwa dibareng le kwa dithabeneng.
Jaaka leele la bogolotala le tlhalosa, ka ntlha ya gore o neetswe tetla ya go dira jalo, ga go raye gore o tshwanetse go dira jalo.
Batho ba le bantsi ba ba nang le mogare wa corona  ga ba na matshwao ape e bile le bona ba ka tswa ba sa itse gore ba tshwaetsegile. Eno ke nnete e e senang tshutiso e e dirang gore o ipatle o ipa tlisise gonne e raya gore yo mongwe le yo mongwe mo go rona a ka tswa a tshwae tsegile gona jaanong e bile a ka tshwaetsa ba bangwe e se maikaelelo a gagwe.
Seno se ka diragala bogolo fa motho a etela balosika, bogolo jang ba ba tsofetseng le ba ba nang le malwetse a a sa foleng a a ba dirang gore ba nne mo kotsing e e kwa godimo ya go ka tshwaetsega. Go fela jalo le fa o ya meletlong ya sedumedi kgotsa ya setso.
Leru le le wetseng dinaga tse dingwe tse dintsinyana la go tshwaetsega lekgetlo la bobedi ke kotsi e le rona go nang le kgonagalo ya gore e ka re wela. Le fa tota dikiletso di le dintsi di tlosi tswe, ga go raye gore ga di kitla di busediwa tirisong fa re ka itemogela tlhatlogo e e namagadi ya ditshwaetsego.
Leroborobo leno le tsho setsa tota matshelo a rona.
Re tlhoka go fetola ka fao re tshelang ka teng le go ntsha matlho dinameng.
Mo matsatsing a a tlang, dibekeng tse di tlang le dikgweding tse di tlang re tshwanetse go tsepamisa mogopolo wa rona mo ma tsholong a itharabologelo.
Ikonomi ya rona mmogo le setšhaba sa rona di bogile tota. Fela jaaka re busetsa sekeng ditiragalo tsa ikono mi go ralala le diintaseteri tse di batlang e ka nna tsotlhe – le go samagana le go baaka nyana le ditshenyegelo tse di nnileng teng – re na le mai karabelo a go netefatsa gore yo mongwe le yo mongwe wa rona e ka tswa e le batho ka bo bona, bathapi, baagi, bamalapa, baporofeshenale, badiri le baagi ga a goge maoto.
Ga go ope gareng ga rona yo a batlang go boela mo matsatsing a fa re ne re si molola go tseno mo dikga tokiletsong tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa na geng. Re batla go gatelapele ka matshelo a rona. Re batla gore ditsala tsa rona le bao re tshelang le bona ba nne ba ntse ba itekanetse e bile ba babalesegile.
Re le setšhaba, tla re nete fatseng gore re tswelela go dirisana mmogo go netefatsa gore re nna le kgatelopele.
Go tseneng mo kgatong ya bobedi ga go raye gore jaanong re kwa 'mme ga a mpone.' Melao e e laolang gore re se atamelane, re apare dimaseke, melao e e mabapi le go kgobokana le ya go tsaya maeto go etela dinaga tse dingwe e santse e le mo tirisong.
Gore re atlege re tlhoka go obamela melawanataolo eno le go netefatsa gore botlhe ba rona re itshwara sentle le go nna le maikarabelo.
Nako le nako fa re tlhoka go dira tiro nngwe fela e e seng botlhokwa, re tlhoka go ipotsa gore: a go na le kgona galo ya gore tiro eno e ka dira gore ke iphitlhele ke tshwae tsegile kgotsa ke tshwaeditse batho ba bangwe naa? Fa e le gore go na le kgonagalo e kgolo ya seno, le fa tota e le e e potlana, go botoka gore o itunne o seke wa e diragatsa.
Tla re kakatleleng fela jalo, ka go ntsha matlho dina meng. Tla re babalelaneng.  