
Go itlhokomela mo bolwetseng jwa COVID-19 : Kwa gae le kwa mafelong ao a beetsweng go tlhokomela batho ba ba nang le bolwetse jono

Allison Cooper

GO BOTLHOKWA
thata go itlhopha mo bathong ba bangwe, e ka tswa e le kwa gae kgotsa kwa mafelong ao a beetsweng go tlhokomela batho ba ba nang le bolwetse jono, fa e le gore o dirile diteko mme di ribolotse gore o na le COVID-19 .
MaAforika Borwa a le mantsi a a dirileng diteko mme di ribotse gore ba na le mogare wa corona  (COVID-19) ga ba kgone go ka itlhopha le go itlhokomela ba le nosi ka ntlha ya gore dintlo tse ba nnang mo go tsona ke tse dinnye mme ba dirisa mmogo diphaposi tsa go nna le go robala le batho ba bangwe.Puso e netefaditse gore e tlhoma mafelo a go katosa bao ba nang le mogare, mmogo le go netefatsa gore mafelotiriso a go beela thoko bao go belaelwang ba na le mogare a tlhomiwa go tlhokomela batho bao ba santseng ba letetse dipoelo tsa diteko tsa bona. Ditirelo tseno ka bobedi jwa tsona ga di duelelwe.Go ya ka Ngaka Marlin McCay, ngaka ya ditirelo tsa kalafi ya malwetse ka go farologana e e dirang mo lefelong la Florida kwa West Rand, a re selo sa ntlha se o tshwanetseng go se dira fa o sena go itse gore o na le COVID-19  ke go thibela gore e aname. “O batla go sireletsa balelapa la gago,” o tlhalositse jalo. Gore o kgone go dira seno, o tshwanetse go itlhopha le go itlhokomela – o le kwa gae kgotsa kwa lefelong leo go katosiwang mo go lona bao ba nang le mogare ono. “Fa e le gore o itlhophile le go itlhokomela o le kwa gae go raya gore o tla tshwanelwa ke go nna mo karolong e le esi fela ya ntlo mo o tla nnang o le mongwe mo go yona o sa kopane le ba lelapa. Ga go ope yo a tshwanetseng go ka go atumela sekgala sa di-mitara di le tharo. O tshwane-tse go ijesa; o nne le maswana le dijana tse di tla dirisiwang ke wena o le esi; o nne le ntlwa naboithusetso e e dirisiwang ke wena o le esi, fa go kgonagala; mme o netefatse gape le gore ga o kopane le ope wa ka fa lapeng.“Ngaka ya sekgowa e o e tsamayang kgotsa setheo seo se go thusang ka tsa kalafi se tla go thusa ka melemo e e botlhokwa go go fokoletsa a mangwe a matshwao a mantsi, bogolo jang matshwao a a jaaka go opelwa ke mmele, go fisa mo mmeleng le go opiwa ke tlhogo. Go na gape le dibitamini tse di siameng tse motho a ka di tsayang go mo thusa go nna a itekanetse,” o tlhalositse jalo.Go botlhokwa gape gore o ikhutse ka tshwanelo le go nwa metsi a a lekaneng kgotsa dino tse di itshekileng go netefatsa gore moroto wa gago le ona o tswe o itshekile. Batho ba le bantsi ba bolwetse jono bo nang le matshwao a a seng bogale mo go bona ba ka simolola go iku-tlwa botoka morago ga sebaka se se sa feteng beke go latela gore ba itemogele matshwao ano lwantlha, fela go botlhokwa gore motho a ele tlhoko ma-tshwao a gagwe ka kelotlhoko.
Fa o ka bona o nna le matsh waoa tshoganyetso, a a jaaka go retelelwa ke go hema, go opelwa ke mafatlha kgotsa go utlwa o enngwe ke sengwe se se sa tlogeng mo mafatlheng, go tswa madi fa o gotlhola, go tseewa ke sedidi, go tlelwa ke boroko jo bogolo kgotsa melomo kgotsa sefatlhego se simolola go nna le mmala wa legodimo o tshwanetse go letsetsa sejanaga sa tsa tshoganyetso go tla go go rwala kgotsa o sianele kwa bookelong ka gangwe.
Mafelo a go katosa bao ba nang le mogareBao ba sa kgoneng go ka itlhopha mo bathong ba bangwe le go ka itlhokomela ka bobona ba le kwa gae, puso e tlhomile mafelo a a sa duelelweng a go katosa bao ba nang le mogare go ralala le naga gore ba kgone go nna ba bolokesegile le gore ba o tshelang le bona le bona ba kgone go nna ba bolokesegile.Puso ya porofense ya Kapa Bophirima sešweng jaana e phasaladitse maitemogelo a balwetse ka ga mafelotiriso a yona a go beela thoko bao go belaelwang ba na le mogare.Marie Jantjies wa kwa Wi-tzenberg o ne a swetsa ka go tsaya kgakololo ya modiredi wa boitekanelo mme a ikisa kwa lefelotirisong la go beela thoko bao go belaelwang ba na le mogare ka ntlha ya fa a ne a batla go babalela mme wa gagwe yo a nang le dingwaga di le 97 mmogo le bana ba gagwe bao a nnang le bona mo ntlong e le nngwe. “Ke ne ke tshwerwe sentle tota. Dijo tsa teng di ne di balola – di ne di le monate go gaisa le tsa kwa gae. Ke ne ka bona gore ke tlhoka fela go nna le tsholofelo gore ke tla fola. Ke ne ke tshogile, fela ke ne ke phela ka thapelo mme ka itlwaetsa go phuthologa,” o tlhalositse jalo.“Lefelo leno le kgona go thusa go boloka matshelo a batho! E tota e le lefelo le le siameng e le ruri,” ga rialo John Arnoldus, yo a neng a itharabologelwa mo bo-lwetseng  jwa COVID-19  fa a ne a le kwa lefelotirisong la go beela thoko bao go belaelwang ba na le mogare la kwa Drakenstein. “Yo mongwe wa ditsala tsa me o ne a itlhaotse a itlhokometse a le kwa lapeng la gagwe fela o ne a palelwa ke go itharabologelwa kanosi. Ke ne ka mo bolelela gore a ikgolaganye le batho ba ba neng ba ntlhokometse – fa e le gore o batla go itharabologelwa. Badiredi ba boitekanelo ka fao ba tlhokomelang balwetse ka teng mmogo le ka fao molaodi wa lefelo a laolang lefelo leno – ke selo se se go tiisang mmooko gore o fole,” o tlhalositse jalo.Arnoldus kwa tshimologong o ne a etsaetsega go ka ya kwa lefelotirisong la go beela thoko bao ba nang le mogare ono ka ntlha ya dipuo tsa batho tsa gore fa o ka bo wa ya kwa lefelong leno bolwetse jwa gago bo tla gakala mme kwa bofelong o tla tlhokafalang. “Ke ne ke solofetse go bona tirelo e e swabisang nko go feta molomo, fela ke ne ka amogelwa ka diatla tsoopedi. Badiredi ba lefelo leno ke ba rolela hutshe! Ba ne ba ntlhalo-setsa gore ka ntlha ya fa ke setse ke na le COVID-19 , ga go sa na ope mo lefelong leno yo a ka mphetetsang ka mogare ono,” o tlhalositse jalo.O ka solofela eng kwa lefelo-tirisong la go beela thoko bao ba nang le mogare?Go ya ka puso ya Kapa Bophirima, ditlhokwa tsotlhe tsa gago di rolwa mo magetleng a gago. O tla fepiwa letsatsi le letsatsi, wa lekolwa fa o santse o itekanetse ke badiredi ba boitekanelo, wa tlhatswetswa diaparo, ba dira gore botshelo jwa gago bo nne bonolo le go dira gore lefelo leo le se nne modumo gore o kgone go itharabologelwa mme o tla isiwa le go busiwa kwa lefelong leo ka sepalangwa ntle le go se duelela.
“Go botlhokwa gape gore o ikhutse ka tshwanelo le go nwa metsi a a lekaneng kgotsa dino tse di itshekileng go netefatsa gore moroto wa gago le ona o tswe o itshekile.”
Fa e le gore seemo sa gago ga se go letle go ka itlhopha le go itlhokomela ka nosi, letsetsa Mogala wa Naga wa Tshoganyetso Mabapi le Mogare wa Corona  mo go 0800 029 999 go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga lefelotiriso le le gaufi le wena la go beela thoko bao go belaelwang ba na le mogare kgotsa la bao ba nang le mogare.
