Go boela tirong morago ga go itharabologelwa mo bolwetseng jwa COVID-19

Allison Cooper

O k ka boela neng kwa tirong fa diteko di ribolotse gore o na lemogare wa corona (COVID-19)? Setheo sa Naga sa Malwetse a a Fetelanang se na le dikarabo ka ga seno.
Fa ke sena go dira diteko mme di ribolotse gore ke na le COVID-19 , ke tshwanetse go nna sebaka se le kanakang ke itlhaotse mo bathong ba bangwe?Batho ba go fitlhelwang ba na le COVID-19  morago ga go diriwa diteko, mme ba sena matshwao ape a yona, ba tshwanetse goitlhaola ba nne kwa magaeng a bona kgotsa kwa ditheong tsa puso tsa go itlhaola sebaka sa matsatsi a le 10, go tloga ka motsi o ba itsitseng ka dipholo tsa bona tsa diteko gore ba na le mogare ono.
Batho bao ba nang le matshwao a a seng bogale ba tshwanetse go itlhaola mo bathong ba bangwe mme ba nne kwa magaeng a bona kgotsa kwa ditheong tsa puso tsa go itlhaola sebaka sa matsatsi a le 10, go tloga ka motsi o matshwao a bona a  simolotseng go iponagatsa ka ona.Batho bao ba nang le matshwao a a bogale, bao ba tshwanetseng go ya kwa sepetlele, ba tshwanetse go nna mo mafelong a go itlhaola sebaka sa matsatsi a le 10, go tloga ka motsi o ba kokotletseng e bile ba sa tlhole ba tlhoka metšhini ya oksijene go ba thusa go hema.Batho ba ba nang le COVID-19  ba ka tshwaetsa batho ba bangwe ka bolwetse jono jang?Go ya ka Tona ya Boitekanelo Zweli Mkhize, batho ba le bantsi ba ba nang le matshwao a a seng bogale ba ka tshwaetsa ba bangwe ka mogare ono sebaka sa matsatsi a le supa go ya go a le 12. Fa go le jalo, batho ba ba gateletsweng ke bolwetse jono bona ba ka bo gasa thata mme ba ka tshwaetsa batho ba bangwe ka mogare ono sebaka se se telele.A ke tlhoka go dira diteko tse dingwe gape tsa COVID-19 , go netefatsa gore ga ke sa lwala, pele nka boela tirong?Nnyaa. Ga re eletse gore batho ba ba neng ba na le matshwao a a seng bogale a bolwetse jono mme ba alafegile go dira diteko lekgetlho la bobedi. Motho o tsewa gore o siametse go ka boela tirong le go tswa mo thulaganyong ya go itlhopha mo bathong ba bangwe fa a sa tlhole a na le twatsi e e fetelang batho ba bangwe. Seno se raya gore ba tshwanetse ba bo ba iponetse matshwao a bona a ntlha a bolwetse jono matsatsi a le 10 a a fetileng mme ba setse ba na le sebaka sa matsatsi a ka nna a mararo ba sa itemogele matshwao ape.Go le gantsi badiredi ba ka boela kwa ditirong tsa bona ntle le go dira diteko lekgetlo la bobedi.• Fa ba weditse matsatsi a le 10 ba itlhaotse mo bathong ba bangwe.• Bao ba bontshitseng matshwao a a bogalenyana kgotsa a a bogale thata ba tshwanetse go isiwa bookelong.• Ba tshwanetse go tswelela go itlhokomela ka go tlhapa le go katoga batho ba bangwe.• Mothapi o tshwanetse go ela tlhoko modiredi yono gore ga a boele mo bolwetseng jono.• Ba apara dimaseke sebaka sa matsatsi a ka nna a le 21, go tloga ka motsi o diteko di ribolotseng gore ba a lwala.
Ke dirile diteko mme di ribolotse fa ke sa lwale mme ke santse ke itemogela matshwao a bolwetse. Ke dira jang fa go le jaana?Go a kgonagala gore dipholo tsa diteko di ka go aketsa. Seno se raya gore dipholo tsa diteko tse o di dirileng lwantlha di ka re ga o lwale, fela mo tsamaong ya nako di ka tla di re o a lwala. Fa e le gore o tswelela go itemogela matshwao a COVID-19  ikopanye le modiredi wa boitekanelo.
Go diragala eng fa e le gore ke santse ke itemogela matshwao ano fa morago ga sebaka sa matsatsi a le 10?Ke setlwaedi gore balwetse ba tswelele go nna le matshwao sebaka se se fetang matsatsi a le 10. Go fola fodi fodi go tla diragala morago ga dibeke di le mmalwa. Fa e le gore o santse o na le matshwao ano, bona modiredi wa tsa boitekanelo go go naya kgakololo.
Go bona tshedimotsetso ka botlalo ka ga COVID-19 , etela webesaete ya Setheo sa Naga sa Malwetse a a Fetelanang mo go www.nicd.ac.za, webesaete ya mahala ya COVID-19  mo go coronavirus .datafree.co, letsetsa Nomoro ya Mogala wa Tshoganyetso wa COVID-19  mo go0800 029 999 kgotsa o romele molaetsa o o reng 'Hi' ka WhatsApp mo go0600 12 3456.




