Go keteka basadi ka go dira ikonomi e botlhe ba nang le seabe mo go yonae botlhe ba nang le seabe mo go yona

vukuzenzele unnamed

Ka kgwedi ya Phatwe Aforika Borwa e keteka Kgwedi ya Basadi. Mokete ono ke segopotso sa letsatsi la ngwaga wa 1956 mo basadi ba le 20 000 ba neng ba bolotsa mogwanto go leba kwa Union Buildings – mo matšhwititšhwiti a basadi ba dipuo tse dintsi tse di farologaneng, go tswa kwa mafelong a a farologaneng le mo merafeng ka go farologana ba neng ba le gone. Ba ne ba kopane foo ka lentswe le le lengwe ba batla gore molao o o setlhogo wa go kaila ka dipasa o fedisiwe mmogo le gore ba neelwe ditshwanelo tsa go tshela mo kgololesegong.
  Maemo a basadi mo motsing ono mo nageng ya Aforika Borwa a farologane thata le a bomme le bonkoko ba rona mo motsing wa 1956. Re tswa kgakala go iponela Aforika Borwa yo a senang tlhaolo go ya ka mmala, yo a senang tlhaolo go ya ka bong, yo a renang ka temokerasi, yo a humileng e bile a rena ka kgololesego.  Go setse go nnile le kgatelopele e e bonagalang mo go tokafatseng ma-tshelo a basadi ba maAforika Borwa mo maemong a ikonomi, a dipolotiki le mo matshelong a bona. Le fa go le jalo re itse sentle gorekgakala e santse e le ko re lebileng gone. Basadi ba santse ba tobana le ditiragalo tsa go tlhaolwa, go tlho-kofadiwa mo maikutlong le tsa go otlakakiwa, e bile ke bona gape ba ba tobaneng le khumanego e e seng kana ka sepe. Fa tota re batla go fitlhelela di-tsholofetso tse di leng mo Molaotheong wa rona re tshwanetse go samagana le dikgato tse di dirang gore basadi ba se kgone go itirela letseno le ditšhelete tse di dirang gore ba iphitlhele ba itshoketse go bogisiwa. Ga jaanong re tsenetse letsholo le le botlhokwa thata le le re golaganyang le matsapa a a tsewang gore re kgone go fitlhelela tekatekano mo bathong ba bong jo bo sa tshwaneng mo-ngwageng wa 2030. Setšhaba sa Batho ba ba Lekalekanang ke mogopolo o o nang le diphisegelo tse di nama-gadi tsa go fetola maemo le go fedisatlhaolele le tirisodikgoka mo bathong ba bomme gore le bone ba nne le seabe mo mererong ya dipolotiki, loago le ikonomi go tshwana fela le batho ba bangwe. Jaaka e le karolo ya letsholo leno, re tsenetse ‘Matsholo a Tirisanommogo’ a le mabedi, le le lengwe le mabapi le bosiamisi mo mererong ya ikonomi le mo ditshwanelong fa le lengwe le le mabapi le go ema kgatlhanong le ti-risodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV). Bobedi jwa meano eno e botlhokwa mo mogopolong wa naga ya rona.  E setse e le dikgwedi di le 11 fa e sale re tsenya tirisong Leanotiro la Tsibogelo ya Maemo a Tshoganyetso la go lwantshana le Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF) mme re setse re dirile kgatelopele mo go atoloseng tshegetso le tlhokomelo ya batswasetlhabelo, mme go na le kgatelopele e e setseng e diriwa mo go baakanyeng melao gore ba kgone go bona pabalesego e kgolo. Mo kgweding ya Phatwe, re simolo-tse go tsenyatirisong Leanotlhomo la Naga la go mekamekana le GBVF.
Karolo e e botlhokwa ya leano leno ke go netefatsa gore basadi ka bontsi ba neelwa ditšhono tsa matlole. Seno ke ka ntlha ya gore go tlhoka tekatekano mo maemong a  ikonomi mmogo le go tlhoka tekatekano mo maemong  a loa-go ke dilo tse di golaganeng.  Maemo a go tlhoka ga basadi mo nageng ya Aforika Borwa a dira gore ba iphitlhele ba itshoketse go bogisiwa. Ka jalo re tshwanetse go tlhatlosa tshegetso ya basadi go ba kgontsha gore ba itirele madi a bona. Re setse re tlhomilemaikemisetso a le mantsinyana ka letsholo la Setšhaba sa Batho ba ba Lekalekanang a a tla tsenngwang tirisong ka Leanotlhomo la Naga. Sa ntlha, re tla tsenyeletsa basadi go nna le seabe mo ikonoming ka go ba neela dithendara. Re beile dipeelo tsa gore bonnye 40% ya ditlamo tse di rebolelwang dithendara tsa go tlamela ditheo tsa puso ka ditlhagisiwa kgotsa ka ditirelo e nne tse di leng ka fa tlase ga taolo ya basadi.  Sa bobedi, re tla tlhatlosa tshegetso ya Dikgwebopotlana, tsa mo Magareng le tse Dikgolwane (di-SMME) tse di laolwang ke basadi mmogo ledikgwebo tsa mo mebileng tse di laolwang ke basadi kgotsa tsa basadi bao ba sa direng. Tshegetso eno e tla tsenyeletsa dikgato tsa go buisana le makala a matlole go dira gore go nne le ditirelo tsa matlole tseo basadi bano ba ka di fitlhelelang mmogo le go di duelela.  Sa boraro, re batla go netefatsa gore basadi ba bantsi ba fitlhelela dithoto tse di tla ba tswelang molemo tse di jaaka lefatshe. Go botlhokwa gore ba-sadi e nne bajalefa ba letsholo la puse-tso ya dinaga. Go botlhokwa gore madi a a kana ka R75 milione a diboutšhara tsa go fokoletsa batho boima jwa COVID-19  a a tla thusang balemirui 53% ya ona e nne ya bajalefa ba basadi ba kwa metseselegae. Re tshwanetse go netefatsa gore ditemothuo tsa go itshedisa mmogo le balemirui ba ba potlana ba tswelela go bona tshegetso eno le fa leroborobo leno le setse le re tlogetse. Sa bone, re batla go netefatsa gore basadi ba babalesegile mo ditiragalong tsa GBV fa ba le kwa ditirong. Montlheng eno, re tla samagana le maphata a naga le a kgaolo gore re kwalole Tumelano ya ILO mabapi le Dintlha tsa Tirisodikgoka le Go Tlhokofadiwa mo Maikutlong kwa Ditirong.  Go swabisa nko go feta molomo gore kgololesego ke selo se batho ba sa faneng ka sone mme ba tshwanetse go itseela sona ka kgang.  Kgaratlho ya basadi e tla nna mafoko fela a a sa reng sepe mo pampi-tshaneng fa re ka se a tseele matsapa le maikano go tswa mo makaleng otlhe a setšhaba.  Jaaka re ipaakanyetsa go aga sešwa ikonomi ya rona fa re itharabologelwa mo leroborobong la mogare wa coro-na, re ntse re eme ka le lereng ga re kitla re kgona go boela mo maemong a re neng re le mo go ona mo matsa-tsing a pele mogare ono o re aparela.
Re tshwanetse go aga ikonomi e e sa tshwaneng le ya mo malobeng eo, gareng ga tse dingwe, e tokafatsang bogolo gonneng le dithoto ga basadi.  Seno se raya gore dipeeletso tsa rona mo mafaratlhatlheng a setšhaba a tshwanetse go tshegetsa e seng fela tlhabololo ya diintaseteri tsa ka fa nageng, mme e tshegetse gape letlhabololo ya dikgwebo tse di leng mo taolong ya basadi. E tshwanetse go tlhama ka bomo ditšhono tsa dipha-tlhatiro tse di tla unngwelang basadi mo maphateng otlhe a go loga maano, a matlole, a dikago le a go tlhokomela mafaratlhatlha. Ka mafolofolo ona ao, jaaka re tokafatsa matsholo a go tlhola ditiro mo maphateng a puso, re tshwanetse go netefatsa gore makgarebe ke ona bogolosegolo a a thapiwang. Mo godimo ga megolo e ba tla e duelelwang mo ditirong tseno, matsholo ano a tla ba neela gape le ditšhono tsa go iponela bokgoni le maitemogelo a a tlhokegang gore ba kgone go nna le seabe mo ikonoming e kgolo. Le fa tota e le maikarabelo a puso go tlholela basadi ditšhono tsa ikonomi le go tlhama letlhomeso le le kgontshang gore go nne le tekatekano magareng ga batho ba bong jo bo farologaneng, batho botlhe mo setšhabeng ba tshwane-tse go tshameka karolo ya bona.  Lephata la dikgwebo le tshwanetse go tshegetsa dikgwebo tse di laolwang ke basadi ka go reka ditlhagisiwa le ditirelo mo go tsona. Le tshwanetse go thapa basadi ba bantsi le go tsenya basadi ba bantsi mo diphatlhatirong tsa botsamaisi. Eno ke ntlha e e botlhokwa e e tshwanetsweng go tsewa tsia bogolo jang ka lephata la poraefete le santse le saletse morago le siilwe le ke lephata la puso fa go tla mo ntlheng eno ya go thapa basadi mo diphatlhatirong tsa botsamaisi. Eno ke ntlha e gangwe le gape e tlhagelelang mo dipuisanong tsa me le mekgatlho e mentsinyana  ya dikgwebo tsa basadi. Gore re nne le tekatekano re tshwanetse go fedisa setlwaedi sa megolo e e sa lekalekaneng go ya ka gore motho ke monna kgotsa mosadi, mme re itlwaetse go duela batho ba ba dirileng tiro e e tshwanang ka go lekalekana jaaka go totobaditswe mo Molaong wa Tekatekano mo Ditirong.
 Basadi ba tshwanetse go babalelwa kgatlhanong le go tlhokofadiwa mo maikutlong le go tlhaolwa fa ba le kwa tirong. Ke maikarabelo a bakganni ba dipalangwa tsa botlhe, botsamaisi jwa diyunibesiti, makgotlataolong a dikolo (di-SGB) mmogo le dikereke go dira gore maemo a babalesege mo a letlang basadi le basetsana go tsaya maeto, go ya dikolong le go ya dikerekeng ba phuthologile.  Re tshwanetse go phunyeletsa ka matsapa a rona a go fedisa mafega a banna, kgatelelo ya basadi le go tsholetsa banna go ba dira ditlhogo.
Ke maitsholo a mothale ono a a dirang gore basadi ba tshelele mo kgatelelong. Go mo magetleng a rona – banna le basadi – go totobatsa gore boleng jwa mosadi, maemo a gagwe le maikutlo a gagwe ga a farologane ka gope le a monna ka ene. Go mo magetleng a rona re le batsadi le bonkoko le bontatemogolo go godisa bana ba rona ba basetsana le ba basimane ka go tshwana.
Go mo magetleng a rona re le banna go gana nang ya banyana le go ema kgatlhanong le ditiragalo tsa GBV go sa kgathalesege gore re di bona di diriwa ke bo mang, le fa e le gore re tshwanetse go ema kgatlhanong le ditsala tsa rona, borre ba rona kgotsa bo abuti ba rona.
A re nneng setšhaba se mo botshelong jwa sone se tla fedisang dikgatelelo tsa methale yotlhe mo basadi. Setšhaba sa mo ngwageng wa 1956 se rebotse megwanto gore rona rotlhe re tshelele mo kgololesegong. Re a ba kolota, re a ikolota e bile re kolota setšhaba sa mo nakong e e tlang gore re seke ra ikgatolosa tiro e e botlhokwa eno.Go keteka basadi ka go dira ikonomi 