Motimamelelo wa setlhopha sa Crew Juliet o abelana ka naane ya gagwe

Dale Hes


BASADI ba
tshwanetse
go gotetsa
molelo, ga rialo
motimamelelo.
Dale Hes
Mošwa wa motimamelelo
Vuyiseka
Arendse
(wa dingwaga di le 26) ke
yo mongwe wa setlhopha
sa Crew Juliet, setlhopha sa
ntlha sa basadi fela ba batimamelelo
ba naga ya Aforika
Borwa. Maatla a gagwe le
phisegelo ya gagwe ya gore
e nne motho bathong mo lekaleng
la botimamelelo leo
le tletseng ka banna ke seo
se tlhotlheletsang basadi e
le ruri.
Arendse o goletse ko teropong
e nnye ya kwa Kapa
Bophirima ya Beaufort West.
Fa a sena go konosetsa dithuto
tsa gagwe o ne a iteka
lesego kwa kholejeng kwa Oudtshoorn,
fela o ne a fetola
mogopolo mme a boela gae go
tlhokomela balelapa la gagwe.
O ne a dira sebakanyana se se
khutshwane kwa lebentleleng
la dijo le legolwane, fela tiro
ya go tima melelo e ne ya mo
ngokela.
“Ke ne ka bona batimamelelo
ba apere diaparo tsa bona le
diteroko tsa bona tse dikgolo
tse dikhibidu, ka gangwe ke
ne ka nna le kgatlhego mme ka
batla go itse go le gontsi ka tiro
eno,” ga rialo Arendse.
Arendse ke yo mongwe wa
dialogane tsa bajalefa ba lenaane
la tlhabololo ya bašwa
la ngwaga wa 2016 la puso ya
Kapa Bophirima la Chrysalis
Academy. Fa lenaane leno le
sena go konosela, o ne a dira
kwa seteišeneng sa batimamelelo
kwa Beaufort West,
mo a neng a gola R1 900 ka
kgwedi. Mme o ne a bona
tšhono e e neng e rebotswe
ke ba Koporasi ya Tshomarelo
ya Tlhago (NCC) ya Ditirelo
tsa Tikologo mo ngwageng o
o fetileng.
“Ke ne ke santse ke le motlhatlheledi
kwa sekolong
sa Chrysalis Academy fa ba
NCC ya Ditirelo tsa Tikologo
ba ne ba tla kwa sekolong go
buisana le baithuti ka tšhono
ya go dira dikopo tsa katiso
mo setlhopheng sa ntlha sa
batimamelelo mo dikgweng
sa basadi fela. Le fa ke ne ke
se moithuti mo nakong eo, ke
ne ke na le kgatlhego e e seng
kana ka sepe mme ke ne ka
tsenya kopo ya katiso, mme
ba ne ba nkamogela,” ga rialo
Arendse.
Arendse o ne a tsenela katiso
eo, e mo go yona e neng
e tsenyeletsa dithuto tsa go
buisa le go dira tiro.
“Go gontsi go ke ithutileng
gone. Go naya motlhala, ke ne
ke sa itse gore go na le batimamelelo
bao tiro ya bona e
leng fela go tima melelo mo
dikgweng. Ke ne ke tsaya fela
gore batimamelelo ba tima
fela melelo kwa diteropong
mo meagong,” a rialo.
Arendse o tlaleleditse ka
gore o ikutlwa a le motlotlo go
bo a falotse katiso le go nna
yo mongwe wa ditokololo
tsa setlhopha sa ntlha se se
tshwanang se le nosi sa basadi
fela ba batimamelelo.
“Ke ne ke le motlotlo e le ruri,
bogolosegolo ka ntlha ya gore
fa ke ne ke bolelela batho gore
ke batla go nna motimamelelo,
bontsi bo ne bo nkgalala bo re
ga nkitla ke atlega ka ntlha
ya gore ke mosadi e bile ga
nkitla ke kgona go itshokela
tiro eno. Seno se ne sa dira
gore ke ikgotlokotse ke ba
bontshe gore ga go sepe se se
ka nkgoreletsang gore ke dire
tiro eno, e se fela ka ntlha ya
fa ke batla go itirela seno ke le
esi, mme ke ne ke batla gape le
go bontsha basadi ba naga ya
Aforika Borwa gore le bona ba
ka kgona go fitlhelela seno.”
Arendse a re o simolotse go
tima molelo lwa ntlha mo botshelong
jwa gagwe ka molelo
wa kwa Noordhoek o o neng
o le boima go o lwantsha fela
go o timeng go dirile gore a
nne le maitemogelo a a seng
kana ka sepe.
“E ne e le letsatsi la me la
ntlha ke dira bosigo le motshegare
e bile e ne e le lantlha re
dira mmogo le batimamelelo
ba banna. Diaparo tsa rona tsa
ipabalelo di ne di le boima e
bile di le mogote mo go maswe
fela re ne ra konosetsa tiro ya
rona mme maitemogelo ano a
ne a se kana ka sepe.”
Arendse o rotloetsa basadi ba
naga ya Aforika Borwa gore ba
se ke ba inyatsa.
“O seke wa ya ka batho fa ba
re ke eng se o ka kgonang go
se dira le se o ka se kgoneng
go se dira.” v
*Go lekola ditšhono tse
dingwe tse di ntshiwang
ke NCC ya Ditirelo tsa
Tikologo, latela tsebe ya
bona ya Facebook. O ka
ba letsetsa gape le mo
go 021 702 2884 (Kapa
Bophirima), 010 007 5272
(Gauteng), 031 003 2964
(KwaZulu-Natal) kgotsa
mo go 041 101 1033
(Kapa Botlhaba).
Mošwa wa motimamelelo
Vuyiseka Arendse ke yo mongwe
wa setlhopha sa ntlha sa basadi
fela ba batimamelelo ba naga
ya Aforika Borwa.
“Women of South Africa, be
proud of what you
have achieved.”
Raditshwantsho ke Alistair Burt - NCC ya
Ditirelo tsa Tikologo


