Thusa go emisa go anama ga COVID-19 

vukuzenzele unnamed

Setšhaba sa rona se to-bane le matlhotlhape-lo a se kana ka sepe fa e sale re nna le temokerasi ya rona. Sebaka sa matsatsi a feta a le 120, re atlegile mo go diegiseng go anama ga moga-re ono o o dubang matlhotlha-pelo lefatshe ka bophara.
Fela ga jaanong, tlhatlogo ya ditshwaetso e re sa bolong go le-mosiwa ka yona ke baitseanape ba rona ba tsa boitekanelo gore e mo tseleng, e re aparetse. Palo ya maAforika Borwa a feta kotara ya milione jaanong e tshwaedi-tswe ke mogare wa corona, e bile re a itse gore batho ba bangwe gape ba le bantsi go santse go sa itsiwe fa ba tshwaetsegile kgotsa jang. Jaanong re iphitlhela re bega dikgetse tse dintšhwa di feta di le 12 000 letsatsi le lengwe le le lengwe. Fa e sale mogare ono o supotsa tlhogo ka kgwedi ya Mopitlwe monongwaga, batho ba feta ba le  4 079 ba setse ba tlhokafetse ka ntlha ya COVID-19. Fela jaaka ditsuatsue tse di maatla tse di tsubutlang naga ya rona go tswa kwa karolong ya Borwa jwa Lewatle la Atlelanta mo pakeng eno ya ngwaga, le ka mogare ono wa corona go tla nna le dikarolo tsa naga eno tse di ka se tsubutlweng ke mogare wa corona. Setsuatsue sa mogare wa corona se bogale thata e bile se senya tota go gaisa ditsuatsue tse dingwe tse re kileng ra sutlha mo go tsona. Se tlhotlhora me-tswedi le maitlhomo a rona tota.Tlhatlogo ya ditshwaetso e re sa bolong go lemosiwa ka yona dikgwedi di le tharo tse di fetileng ke baitseanape ba rona ba tsa boitekanelo le ba tsa saense gore e mo tseleng, e re aparetse. E simolotse kwa Kapa Bophirima mme jaanong e tswe-letse go tsubotla Kapa Botlhaba le Gauteng.Le fa tota ditshwaetso di tswe-letse go tlhatloga ka bontsi, go botlhokwa thata go nopola gore palo ya tlhatlogo ya dikgetse tsa dintsho ya phesente e le nngwe le halofo ke e nngwe ya dipalo tse di kwa tlase thata mo lefa-tsheng ka bophara. Eno ke fa re e bapisa le palo ya tlhatlogo ya dikgetse tsa dintsho e e tletseng mo lefatsheng ya diphesente di le 4.4. Re tshwanetse go leboga ba-tlhankedi ba rona ba boitekanelo ka maitemogelo le boineelo jwa bona mmogo le dikgato tse re di tsereng go ithulaganya sentle mo tsamaisong ya boitekanelo go bo re na le palo eno e e kwa tlase ya dintsho mo nageng ya rona.Le fa tota go na le batho ba le bantsi ka fa nageng ba ba tsereng dikgato go thibela go anama ga mogare ono, go santse go na le ba bangwe ba le bantsi ba ba sa direng jalo. Go na le ba bangwe mo go rona ba ba itlhokomolosang melaokiletso eno e e neseditsweng pula gore e ka dirisiwa go lwantshana le bolwetse jono.Mo nakong eo re aparetsweng ke leroborobo leno, go namela thekesi o sa apara maseke wa go hema, go kokoana go etela ditsala, go ya meketeng kgotsa go etela balelapa, go dira gore go nne bonolo gore mogare o aname mme seno se ka tlhola dintsho. Jono e ka tswa e le bolwetse jo bo tlhodiwang ke mogare, fela bo anama ka ntlha ya maitsholo a batho.Ka maitsholo a rona – re le batho ka borona, re le masika, re le baagi – re ka fetola ka fao leroborobo leno le itirela-ng ka teng boithatelo e bile re tshwanetse go dira jalo. Re tshwanetse go apara maseke wa lesela o o thibang nko le molomo fa re tswa ka malapa a rona. Re tshwanetse go tswelela go tlhapa diatla tsa rona ka gale ka metsi a sesepa kgotsa ka go a tlotsa ka sebolayamegare.Re tshwanetse go tswelela go phepafatsa mafelo otlhe a a di-risiwang ka gale ke batho.Se se botlhokwa go fetisisa, re tshwanetse go katogana – go ka-toga motho yo mongwe sekgala sa dimitara di le pedi. Jaanong go na le bopaki jo bo supologang jo bo reng mogare ono o ka tsamaya ka dikarolo tse dinnye thata tse di leng mo moweng mo mafelong a go nyeumang batho mo go ona, a a tswalegileng kgotsa ao a sa tsenelweng ke phefo. Ka ntlha ya seno re tshwanetse gore ka gangwe fela re tokafatse mafelo a batho ba tsenang ka fa gare ga ona ao mo go ona kgonagalo ya go anama ga mogare ono e leng teng.Tshwetso ya rona ya go tsena mo kgatong ya go sekega na-kwana ditiro tsa ka fa nageng e re thusitse gore re se gosomelwe ke ditshwaetsego tse dintsi re santse re le mo tshimologong fao ka nako eo maokelo a rona a neng a santse a ise a ithulaganye, e leng seo se ka bong se bakile dintsho tse di seng kana ka sepe.Mo nakong eo re nnileng le yona, re tsere dikgato tse di botlhokwa thata go matlafatsa maokelo a rona gore a kgone go samagana le mogare ono. Re se-tse re dirile diteko tsa mogare wa corona di feta di le dimilione di le pedi mme ka fa letlhakoreng le lengwe batlhankedi ba boiteka-nelo ba ba tsenang ntlwana ka ntlwana bona ba setse ba dirile ditlhatlhobo tsa boitekanelo di feta di le dimilione di le 20Re beetse thoko malao a ka nna  28 000 kwa dipetlele go thusa balwetse ba COVID-19 mmogo le go tlhoma dipetlele tsa nakwana tse di leng kgakala le baagi tse di dirang go ralala le naga. Ga jaana re na le malao a feta a le 37 000 kwa maokelong a puso le a poraefete go ralala le naga a a beetsweng balwetse ba ba nang le mogare ono mme ba tlhoka go katosiwa, a a letetseng fela go amogela balwetse bao ba batlang go ka katosiwa mo bathong ba bangwe mme ba se na ditlogo tsa go ka ikatosa ka bobona fa ba le kwa malapeng a bona.Re rekile ra bo ra romela di-milionemilione tsa didirisiwa tsa ipabalesego kwa dipetlele, ditleliniki le kwa dikolong go ralala le naga e le go ka babalela batlhankedi ba rona ba ba ko-panang le badirelwa. Re thapile e bile re tsweletse go thapa baoki, dingaka le batlhankedi ba tirelo ya tshoganyetso ya boitekanelo.Re tsweletse go nna le kga-telopele mo matsapeng a rona a go samagana le COVID-19, le fa go le jalo, kgwetlho ya rona e e namagadi e santse e tla. Go ralala le diporofense tsotlhe, re samagane le go oketsa palo ya diphaposibookelo tse di amoge-lang balwetse ba malwetse a a farologaneng mmogo le malao a a tlhokegang go amogela ba-lwetse ba COVID-19. Mo dipetleleng di le dintsi-nyana balwetse ba ba sa tlhokeng kalafo ya tshoganyetso ba fokodiwa mo diphaposing tsa bookelo go romelwa kwa mala-peng a bona, dikarolo dingwe tsa dipetlele di fetolwa go nna diphaposi tsa balwetse e bile go tlhomiwa kgotsa go okediwa gape le dipetlele tsa nakwana tse di leng kgakala le baagi.Re samagane le go oketsa tlamelo ya oksijene, metšhini ya go thusa go hema mmogo le didi-risiwa tse dingwe gape tse di bo-tlhokwa tse di tla tlhokagalang go thusa bao ba leng mo maemong a a tlhobaetsang, go tsenyeletsa go tlamela ka oksijene mabapi le ditirelo tse di rileng.Re dirisa thekenoloji ya di-jithale go gagamatsa matsholo a go nopola, go gata motlhala le go beela kwa thoko batho bao ba kopaneng le bao ba tshwaetse-gileng, mmogo le go tshegetsa bao diteko di fi  tlhetseng ba na le mogare ono.Jaanong jaaka re tsena mo maemong ao ditshwaetso di tla bong di le kwa godimo, re tlhoka go tsaya dikgato tse di gagame-tseng tsa polokesego mmogo le go gagamatsa dikgato tse ga jaana di leng teng go ka fokotsa lebelo la ditshwaetsego.Melawanataolo ya gore ba-tho ba apare dimaseke e tla gagamadiwa. Bathapi, beng ba mabentlele le balaodi, beng ba dipalangwa tse di dirisiwang ke baagi, mmogo le balaodi le beng ba meago yotlhe e e dirisiwang ke baagi jaanong ke molao gore motho mang le mang yo a tsenang mo mafelong a bona kgotsa yo a namelang di-palangwa tsa bona o tshwanetse go bo a apere maseke.Dithekesi tse di tsayang maeto a fa gautshwana di tla letlelelwa gore di ka tlatsa banamedi, mme tseo di tsayang maeto a maleele tsona di tla tshwanelwa ke go pega fela 70% ya banamedi, mme seno se tla letlelelwa fa fela ba ikamanya le dikgato tsa tsa-maisokgwebo tse di ikamanyang le tiriso ya dimaseke, go tshela sejanaga seo ka sebolayamegare mmogo le go bula a mangwe a matlhabaphefo a sejanaga seno.Jaanong go bopaki jo bo to-tobetseng gore go letlelelwa gore notagi e ka simolola go rekisiwa go nnile le ditlamor-ago tse di seng kana ka sepe mo dipetleleng, go tsenyeletsa le mo ditirelong tsa dikgobalo tse di masisi le mo ditirelong tsa diyuniti tsa balwetse ba ba lwelang botshelo le badimo, mme seno ke ka ntlha ya dikot-si tsa dijanaga, tirisodikgoka mmogo le ditiragalo tsa mothale ono tse di tlholang dikgobalo tse di masisi. Ka ntlha ya seno, re tsere tshwe-tso ya gore, gore re kgone go somarela bokgoni jwa dipetlele go ka samagana le matsapa a re tobaneng le ona, thekiso, kabe-lano le phasalatso ya notagi e tla tshwanelwa ke go kgaotswa go tloga mo motsing one o.
Go tsaya kgato e nngwe gape go ka fokotsa boima jo dipetlele di bo rweleng, re tla tsenya gape le dikiletso tsa go tsamaya masigo magareng ga ura ya bo robongwe mo maitsiboeng le ura ya bone mo matsheng.Re tsaya dikgatokiletso tseno re itse sentle gore ke tseo batho ba sa itumeleleng tsone mo matshe-long a bona. Fela di botlhokwa thata mo pakeng eno gore re kgone go kgabaganya paka eno eo bolwetse jono bo tlhatloge-lang kwa godimo mo go yona. Ga go tsela e nngwe e re ka efogang setsuatsue seno sa mo-gare wa corona. Fela re ka fokotsa bogale jwa tshenyo eo e ka bo dirang mo matshelong a rona.Re le naga kgetse eno ya tsie re e kgona ka go e tshwaraganela, ka go thoba matswalo a bao ba gateletsweng mmogo le go ro-tloetsana gore re amogele bao ba tshelang ka mogare ono.Mo motsing ono, go feta mo malobeng, re na le maikarabelo a go sireletsa matshelo a bao re tshelang le bona.Re tla se sutlha setsuatsue seno. Re tla busetsa naga ya rona mo maemong a itekanelo le a khumo. Re tla sutlha mo dinaleng tsa phage.