Aforika Borwa e tsaya dikgato go samagana le tlhaelo ya metšhini ya go thusa go hema

Silusapho Nyanda

MOTŠHINI wa go thusa go hema o o dirilweng ka fa nageng o tla thusa balwetse ba ba nang le matshwao a a seng bogale a COVID-19  go hema botoka.
Ntwa kgatlhanong le bolwetse jwa mogare wa corona (COVID-19) ka fa nageng ya Aforika Borwa e tshegedi-tswe ka tlhagiso ya metšhi-ni ya go thusa go hema e e dirilweng ka fa nageng.
Motšhini wa go thusa go hema o o bidiwang Contin-uous Positive Airway Pressure (CPAP) o thusa balwetse ba ba nang le matshwao a a seng bogale a COVID-19 go hema botoka ka go ba bodulolela mowa o o itekanetseng mo dikarolong tsa bona tsa go hema gore di se tswalege.Metšhini ya go thusa go hema eno e dirilwe ke Lekgo-tla la Dipatlisiso tsa Saense le Intaseteri (CSIR) mmogo le badirisani mmogo ba yona ba le bantsinyana ba ka fa nageng mme e tla phasaladiwa naga ka bophara go thusa ba-lwetse ba ba nang le matshwao a go sokodisiwa ke go hema fa ba le mo tshimologong ya go tshwaediwa ke COVID-19.“Mowa o gantsi batho ba o hemang o na le diphesente di le 23 tsa oksijene. Metšhini ya go thusa go hema ya CPAP e kgona go pompa palo e e kwa godimo ya oksijene, mme seno se kgona go thusa motho go hema. CPAPA e pompa oksijene e e sa feleng e e hu-mileng. O ka kgona go oketsa kgotsa go fokotsa oksijene e motho a e hemang,” ga rialo Molaodikhuduthamaga wa CSIR mo Ditlhagisweng tsa mo Isagong: Tlhagisodikuno e bong Martin Sanne.
Balwetse ba ba dirisang metšhini ya go thusa go hema ba e dirisa ka go apa-ra maseke wa go thusa go hema. Oksijene e tswa mo tankeng ya oksijene mme e tswakwa le mowa o o tlwaelegileng o o leng mo motšhining wa go thusa go hema mme go tsweng foo e fetela mo masekeng moo e tla hemiwang ke molwetse. Sanne a re mo godimo ga go thusa go pompa mowa o o fetlhilweng ka oksijene, CPAP e thusa gape balwe-tse gore ba kgone go hemela kwa ntle mowa o o tswang ka fa teng ga matshwafo a bona.Didirisiwa tseno tsa CPAP di ka dirisiwa mo mafelong a bookelo a a dirisang the-kenoloji ya maemo a a kwa godimo le mo maokelong a nakwana, a a jaaka di-petlele tse di leng kgakala le baagi mmogo le mafelo a go katosa bao ba nang le mogare. Sanne a re CSIR e tla re kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Phatwe monongwaga ya bo e tlhagisitse metšhini ya go thusa go hema e le 10 000. Ka tirisanommogo le Siemens, Simera, Akacia, Gabler, Umoya le Yunibe-siti ya Motse Kapa, CSIR e kgonne go tlhagisa di-CPAP ka go ikamanya le metheo ya Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO).Metšhini ya go thusa go hema ya ntlha e tla neelwa dipetlele tsa puso tse di tobaneng le matsapa a go tlhoka didirisiwa tsa go samagana le COVID-19.CSIR e simolotse ka tiro ya go dira di-CPAP mora-go ga gore go nne le tlhaelo ya metšhini ya go thusa go hema mo lefatsheng ka bophara. “Mo kgweding ya Mopitlwe le Moranang, go ne ga nna le tlhaelo ya metšhini ya go thusa go hema mo batlameding ba rona ba boditšhabatšhaba. Fao e neng e le teng gone e ne e rekisiwa ka madi a a boitshegang mme puso e ne ya rebola thendara ya gore go tlhagisiwe metšhini ya go thusa go hema,” ga rialo Sanne.Thendara eno e ne e le karolo ya Porojeke ya puso ya Naga ya Metšhini ya go Thusa go Hema e e neng e laolwa ke Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo.CSIR e samagane gape le go dira motšhini wa go thusa go hema wa Bi-level Positive Airway Pressure (BPAP) o maitlhomo a ona e leng go thusa balwetse ba ba leng mo maemong a a tlhobaetsang  a COVID-19. Motšhini ono wa go thusa go hema o tla thusa balwetse go goga mowa le go hemela kwa ntle mowa o o leng mo matshwafong a bona, e ka tswa e le ka mok-gwa wa go o beela nako go dira tiro eno kgotsa ka go o dira gore o dupelele fa molwetse a tlhoka go goga kgotsa go hemela kwa ntle mowa o o leng mo matsh-wafong mme e le ona o o itirisang ka bo ona go ya ka seo molwetse a se tlhokang.