Motimamelelo wa setlhopha sa Crew Juliet o abelana ka naane ya gagwe

Dale Hes 

BASADI ba tshwanetse go gotetsa molelo, ga rialo motimamelelo.
Mošwa wa moti-mamelelo Vuyiseka Arendse  (wa dingwaga di le 26) ke yo mongwe wa setlhopha sa Crew Juliet, setlhopha sa ntlha sa basadi fela ba bati-mamelelo ba naga ya Afori-ka Borwa. Maatla a gagwe le phisegelo ya gagwe ya gore e nne motho bathong mo le-kaleng la botimamelelo leo le tletseng ka banna ke seo se tlhotlheletsang basadi e le ruri.
Arendse o goletse ko tero-pong e nnye ya kwa Kapa Bophirima ya Beaufort West. Fa a sena go konosetsa dithuto tsa gagwe o ne a iteka lesego kwa kholejeng kwa Oudtshoorn, fela o ne a fetola mogopolo mme a boela gae go tlhokomela balelapa la gagwe. O ne a dira sebakanyana se se khutshwane kwa lebentleleng la dijo le legolwane, fela tiro ya go tima melelo e ne ya mo ngokela. “Ke ne ka bona batimamelelo ba apere diaparo tsa bona le diteroko tsa bona tse dikgolo tse dikhibidu, ka gangwe ke ne ka nna le kgatlhego mme ka batla go itse go le gontsi ka tiro eno,” ga rialo Arendse. Arendse ke yo mongwe wa dialogane tsa bajalefa ba le-naane la tlhabololo ya bašwa la ngwaga wa 2016 la puso ya Kapa Bophirima la Chrysalis Academy. Fa lenaane leno le sena go konosela, o ne a dira kwa seteišeneng sa batimamelelo kwa Beaufort West, mo a neng a gola R1 900 ka kgwedi. Mme o ne a bona tšhono  e e neng e rebotswe ke ba Koporasi ya Tshomarelo ya Tlhago (NCC) ya Ditirelo tsa Tikologo mo ngwageng o o fetileng.“Ke ne ke santse ke le motlhatlheledi kwa sekolong sa Chrysalis Academy fa ba NCC ya Ditirelo tsa Tikologo ba ne ba tla kwa sekolong go buisana le baithuti ka tšhono ya go dira dikopo tsa katiso mo setlhopheng sa ntlha sa batimamelelo mo dikgweng sa basadi fela. Le fa ke ne ke se moithuti mo nakong eo, ke ne ke na le kgatlhego e e seng kana ka sepe mme ke ne ka tsenya kopo ya katiso, mme ba ne ba nkamogela,” ga rialo Arendse. Arendse o ne a tsenela katiso eo, e mo go yona e neng e tse-nyeletsa dithuto tsa go buisa le go dira tiro. “Go gontsi go ke ithutileng gone. Go naya motlhala, ke ne ke sa itse gore go na le bati-mamelelo bao tiro ya bona e leng fela go tima melelo mo dikgweng. Ke ne ke tsaya fela gore batimamelelo ba tima fela melelo kwa diteropong mo meagong,” a rialo. Arendse o tlaleleditse ka gore o ikutlwa a le motlotlo go bo a falotse katiso le go nna yo mongwe wa ditokololo tsa setlhopha sa ntlha se se tshwa-nang se le nosi sa basadi fela ba batimamelelo. “Ke ne ke le motlotlo e le ruri, bogolosegolo ka ntlha ya gore fa ke ne ke bolelela batho gore ke batla go nna motimamelelo, bontsi bo ne bo nkgalala bo re ga nkitla ke atlega ka ntlha ya gore ke mosadi e bile ga nkitla ke kgona go itshokela tiro eno. Seno se ne sa dira gore ke ikgotlokotse ke ba bontshe gore ga go sepe se se ka nkgoreletsang gore ke dire tiro eno, e se fela ka ntlha ya fa ke batla go itirela seno ke le esi, mme ke ne ke batla gape le go bontsha basadi ba naga ya Aforika Borwa gore le bona ba ka kgona go fitlhelela seno.”Arendse a re o simolotse go tima molelo lwa ntlha mo botshelong jwa gagwe ka molelo wa kwa Noordhoek o o neng o le boima go o lwantsha fela go o timeng go dirile gore a nne le maitemogelo a a seng kana ka sepe.“E ne e le letsatsi la me la ntlha ke dira bosigo le motshe-gare e bile e ne e le lantlha re dira mmogo le batimamelelo ba banna. Diaparo tsa rona tsa ipabalelo di ne di le boima e bile di le mogote mo go maswe fela re ne ra konosetsa tiro ya rona mme maitemogelo ano a ne a se kana ka sepe.”Arendse o rotloetsa basadi ba naga ya Aforika Borwa gore ba se ke ba inyatsa. “O seke wa ya ka batho fa ba re ke eng se o ka kgonang go se dira le se o ka se kgoneng go se dira.”  
Go lekola ditšhono tse dingwe tse di ntshiwang ke NCC ya Ditirelo tsa Tikologo, latela tsebe ya bona ya Facebook. O ka ba letsetsa gape le mo go 021 702 2884 (Kapa Bophirima), 010 007 5272 (Gauteng), 031 003 2964 (KwaZulu-Natal) kgotsa mo go 041 101 1033 (Kapa Botlhaba).  Mošwa wa motimamelelo Vuyiseka Arendse ke yo mongwe wa setlhopha sa ntlha sa basadi fela ba batimamelelo ba naga ya Aforika Borwa. “Women of South Africa, be proud of what you  have achieved.”Raditshwantsho ke Alistair Burt NCC ya Ditirelo tsa Tikologo