Go aga botshelo jo bo botoka

vukuzenzele unnamed

Go tswa mo lapeng le le dikobo di magetleng kwa Motseng wa KwaNongoma, KwaZulu-Natal, Silondiwe Magwaza wa dingwaga di le 23, o fentse dikgoreletsi di le dintsi go fitlhelela toro ya gagwe go nna motsamasi wa tsa kago. Go tswa kgolong ya ga-gwe a dikaganyeditswe ke mafaratlhatlha a a loleya, go rotloeditse Magwaza go sekasekana le mekgwa e mešwa go tokafatsa baagi ba gaabo. Gajaana ke leloko lantlha go balelapa go iponela gerata.
Magwaza o ithutetse kwa yubesithing ya Witwatersrand ka 2019, a iponela ge-rata ya ntlha go dithuto tsa dikago.
“KwaNongoma e na le ma faratlhatlha a a bokoa mme le tirelo ya go baakanya seno e bonya tota. Fa ke lebelela di-kgwetlho tse di itemoge-lwang mo teropong ya ga-etsho, ke ne ka rotloetsega go dira sengwe se se amanang le tsa kago jalo go fetola maemo a gajaana,” a rialo. Go fitlhelela dithutego tse go ne go se bonolo. Magwaza a re o fitlhetse go le boima go tsepamisa maikutlo ka ntlha ya matshwenyego a a neng a le mo magetleng a gagwe ka matlole. Mme, Agente ya Tshegetso go Mafaratlhatlha a Dimmasepala (MISA) e ne ya mo rola boima jono.
“Ke ne ke tlhola ke tshwenyegile thata ka matlole gonne ke tswa kwa lapeng la kobo dikhutswane. Seo e nnile go fitlha ka 2018, fa ke amogela basari go tswa MISA. E nthusitse go digela gerata ya me ntle le matshwenyego. E ne e duelela tsotlhe, sa me fela e le go tsepamisa mogopolo go dithuto tsa me,” a rialo.
Magwaza ke o mongwe wa makgolo a baithuti bao ba thusiwang ke mananeo a tlhabololo ya baṧwa ya MISA ngwaga le ngwaga. Mananeo ano a neelana ka matlole go tshegetsa le go thusa baithuti go bona ditiro fa ba digela dithuto tsa bona.
“Ke ne ke emetse moletlo wa rona wa go aloga ka patla le jase. O na le bokao jo bogolo mo go nna ka e bile ke le sealogane sa ntlha mo lelapeng. Ke santse ke na le tshepo ya gore re tla keteka go aloga, fela ga go bonale go tla kgonega ka ntlha ya leroborobo le la mogare wa corona ,” a rialo.
Intaseteri ya kago e tletse ka banna bontsi.
“Gantsi, basadi ba ikutlwa ba nyenyefaditswe gonne bokgoni jwa bona go tlisa phetogo bo a belaelwa. Nako dingwe ga ba reediwe.
“Ke kgethile botsamaisi go tsa dikago gonne ke dumela gore ke na le matla go fetola intaseteri le go tokafatsa fa go tlhokegang gona. Ke bone basadi mo intasetering e ba fitlhelela maemo a a godimo mme ka nna le tlhotlhele-tso. Ke dumela gore le nna ke tla kgona,” a rialo.
Dibasari tsa MISA di phasaladiwa go www.misa.gov.za go simolola ka Lwetse, go Facebook  @MISA, go Twitter @MISA_CoGTA le go Instagram  @MISA_CoGTA. 

Jaaka e le wa ntlha go balelapa la gaabo go iponela gerata ya thuto, Silondiwe Magwaza o leboga ba MISA ka tshegetso ya bona.




