Molemi yo mošwa o amogela tshegetso ya COVID-19

Silusapho Nyanda

 MOLEMIRUI  yo o runyang wa Kapa Botlhaba ke mongwe wa baungwamelemo ba Letlole la puso la Namolo go Mogare wa Corona .
Nomagcinandile Suduka (27) o godisa boswa  le khumo ya balelapa la gagwe ka go beeletsa go temothuo.
Mong wa 4 U and 4 Me Primary Cooperative kwa Motseng wa Mooiplaas o amogetse tshegetso go tswa go Lefapha la Temothuo, Tlhabololo ya Mafatshe le Tlhabololo ya Magae ya Le-tlole la Namolo go Mogare wa Corona  (COVID-19) go polase ya gagwe ya merogo, mae le diphologolo.
Lefapha le neelane ka di boutšhara di ka nna bokana ka R1.2 bilione go balemirui ba ba tlhokang thuso.
Suduka a re diboutšhara tsa gagwe di tla mo thusa go godisa tlhakore la tlhagiso ya mae mo kgwebong ya gagwe. “Ke amogetse diboutšhara di le tharo tsa bokana ka R19 000. Ya R12 000 go reka dikgogo di le 100 tsa mae, ya R6 500 go di rekela dijo mme ya R500 ke ya go di rekela melemo.”O simolotse polase ya go tlhagisa mae ka go fepa di-kgogo tsa legae tsa balelapa ka dijo tsa moalo kgodiso, tseo di kgontshang dikgogo gotlhagisa mae ntle le go kopana le mekoko. Gajaana, dikgogo tsa gagwe di le 50 di tlhagisa mae a le 50 ka letsatsi, mme o a rekisa ka beke le beke.
Suduka, yo o ruileng gape le dipodi di le 73, dinku di le 25 le dikgomo di le 25, o simolo-tse temothuo ka 2015 morago ga go amogela Setifikeiti sa Botsamaisi jwa Ditheo tsa Puso sa N6 go tswa kwa Kholejeng ya Thuto ya Tiro ya Diatla le Ikatiso ya Ikhala. Morago ga go lemoga gore ga gona ditšhono di le dintsi tsa ditiro, o ne a swetsa go tsamaisa polasi ya temo ya gaabo ya go itshidisa mme a e fetola go nna motswedi wa kgwebo e e nang le poelo.Suduka a re: “Re godile re lema le go rua, jalo morago ga go aloga ke ne ka swetsa go lema go na le go ya go batlana le tiro.” Se se bontshitse e le tshwetso e e nang le thotloetso, jaaka ga jaanong a setse a okeditse palo ya dipodi le dikgomo.
Polase ya merogo ya ga Suduka ya dihektara di le thataro, e tlhagisa mmopo mo dihektareng di le nne, ditapole mo hektareng e le nngwe mme diphisi le dinawa di jadilwe mmogo mo hektareng ya bofelo.
Suduka o ithutile go le gontsi ka mo pakeng ya COVID-19 , segolobogolo gore diatla le go dira ka thata ga gagwe, ke tsona dithoto tsa botlhokwa mo go ene.  
Nomagcinandile Suduka o fetotse tshimo ya go itshedisa go nna kgwebopotlana.



