Molaetsa wa tlotlomatso go badiredi ba rona ba tlhokomelo ya boitekanelo 

vukuzenzele unnamed

Se šweng jaana, palo ya dintsho tsa mogare wa corona  e fetile 2 000. Gareng ga bao ba latlhe-getsweng ke matshelo go na le badiredi ba tlhokomelo ya boitekanelo, baitseanape ba ba neng ba tlhokomela balwetse, mme e bile ba tshegetsa le go okobatsa maikutlo a bao ba leng mo maokelong mme ba le kgakala le bamalapa a bona.
Go utlwisa botlhoko go bona banna le basadi bao ba dirang ditiro tse tsa boineelo e bile di tlhophegile ba lwala le go tlho-kafala.
Ba di goga kwa pele go lwantshana le leroborobo leno. Ba dira ka thata le ka fa tlase ga kgatelelo e e seng kana ka sepe ya maikutlo ka kitso ya gore ba ka tloga ba tshwaetsega ka mogare. Ke bagaka ba mmatota ntweng kgatlhanong le mogare wa corona .
Re rolela hutshe maAforika Borwa a a pelokgale, a a tlogelang magae, malapa le bao ba ba ratang go leba kwa tirong letsatsi le letsatsi ntle le go sitwa go dira kwa ditleliniking, maokelo-ng le ditheong tse dingwe tsa tlhokomelo ya boitekanelo. Ke teng koo ba neelanang ka tirelo ya tlhokomelo go boitekanelo, tshegetso ya botsamaisi le ditirelo tse dingwe jaaka go phepafa-tsa le go baakanya diyamaleng.
Fela jaaka ba dira tiro ya bona, le rona re na le boikarabelo mo go bona le go bamalapa a bona. Boitekanelo le pabalesego ya bona di botlhokwa.
Re ba neela tlotla le thoriso jaaka banna le basadi bao ba bontshitseng gore ba ikaeletse go baya matshelo a bona mo kotsing gore re kgone go phela.
Gore ba kgone go dira tiro e ya bopelokgale ba tlhoka tshegetso ya rona mmogo le tshireletso ka go ba tlamela ka didirisiwa tsa go itshireletsa (di-PPE).
Ka tshegetso ya Letloletshwa raganelo le meneelo go tswa go maAforika Borwa ka bontsi, dikgwebo, mekgatlho le mebuso e mengwe, re kgonne go senkela badiredi ba rona ba ba di gogang kwa pele di-PPE. Fao go nnileng le tlhaelo ya di-PPE, maokelo a rona a mekamekane le go netefatsa gore di nna gona.
Re a itse gore go fitlhelela di-PPE ga se yona fela kgwetlho eo badiredi ba tlhokomelo ya boitekanelo ba itemogelang yona. Ditleliniki le maokelo go ralala naga di itemogela tlhaelo ya badiredi. Re mekamekane le bothata jo.Go tshegetsa tiro ya bomasu patsela ba rona go dikologa naga, re romela Ditona le Batlatsatona go didika dingwe le dingwe tsa naga go ya go iponna ka matlho dikgwetlho tse di rileng mo didikeng tse le go dirisana mmogo le bolaodi jwa boitekanelo jwa porofense.
Re tlhoka go dira mmogo go sireletsa boitekanelo jwa bomasupatsela ba rona le jwa badiredi botlhe.
Mekgatlho ya badiri le yone e dirile tiro e e duleng diatla ka go ruta maloko ka ga go laola tshwaetsego, go e thibela le go latela mekgwa ya bophepa. Gape, ba tsweletse go tshegetsa tiro ya Lefapha la Merero ya Ditiro le Badiri mo go tsweletseng ditlhatlhobo tsa mafelotiro go netefatsa gore diphorotokholo tsa boitekanelo le pabalesego di a latelwa go badiri ba ba boelang ditirong. Bontsi jwa mekgatlho ya rona ya badiri bo neelana ka tshedimosetso mabapi le mogare wa corona  fa bathapi bona ba tsweletse ka matsholo tsiboso.Nngwe ya dikgwetlho tse di runtseng mo nageng ya rona ke go tlhaolwa ga batho bao go netefaditsweng ba tshwaetsegile ka mogare wa corona . Go nnile le dipegelo tse di tlhobang boroko ka ga bangwe bao ba tlhopololwang ke baagi mmogo le baagi ba bangwe ba ipelaetsa kgatlhanong le go amogelwa ga balwetse ba mogare wa corona  mo maokelong le mo ditleli-niking tsa selegae. Ba tshwanetse go emisa se.
Fela jaaka re nnile seopose-ngwe mo go amogeleng batho bao ba tshelang ka HIV mme ra ema kgatlhanong le kgobelelo, re tshwanetse go bontsha kutlwisiso, kutlwelobotlhoko, itshokelano le bopelonomi go bao ba tshwaeditsweng ke moga re ono le go ba malapa a bona.
Ga twe go tlhaolana gono go fetlhiwa ke letshogo la go tshaba go tshwaetsiwa ke bolwetse jono le go tlhoka go tlhaloganya go go tletseng ka ga jone. Tsela e e siameng go fenya tshabo ya bolwetse le go tshwaetsega ke go latela diphorotokholo tsa bophepa tse di tsentsweng tirisong. Letshogo le le a tlhaloganyega e bile ke la boammaruri. Go le jalo, re itse se re tshwanelang go se dira go itshireletsa mmogo le ba bangwe.Re itse gore mogare ono o tlholwa ke eng le gore re ka dirang go itshireletsa mo go tshwaetsegeng. Re a itse gore re tshwanetse go katoga batho ba bangwe, re itlhaole fa re ka nna le kgokagano le bao ba nang le tshwaetso le go iponatsa kwa bookelong fa re na le matshwao.
Re tshwanetse go kaelwa ke dintlha tsa boammaruri e seng magatwe.
Nako ya gore mongwe a nnele gore ga a itse ope yo o nang le tshwaetso kgotsa yo a amilweng ke mogare wa corona  e fetile bogologolo. Gajaana, ditsala, bamalapa, badirammogo le baagisani ba rona ba tlhoka boutlwelobotlhoko le tshegetso ya rona.
Mo malatsing, dibekeng le dikgweding tse di tlang, re tla iphitlhela nako dingwe re wele mowa e bile re tshogakakile fa re bona dipalo tsa batho ba ba tshwaetsegileng le go tlhokafala di tsweletse go tlhatloga. E ka nna ka lebaka la gore go ma-swemaswe, fela re na le tshepo ya gore go tla siama. Borasaense le bagakolodi ba bongaka ba rona ba re boleletse gore kelo ya ditshwaetsego e tla tlhatloga fa seemo se tswelela go rotoga. Fela se se totobetseng ke gore a tla boela a ya kwa tlase gape.
Re tlotlomatsa badiredi ba tlhokomelo ya boitekanelo bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bona ba tlhokometse balwetse. A re ba gopoleng ka go tsaya karolo go itlhokomela mmogo le baagimmogo ka rona.
Re tlile go fenya mogare o mme ra aga sešwa setšhaba sa rona. Re fetile maimeng a a fetang ano mme ra a fenya.
Tla re semeleleng mmogo goboloka matshelo mme re se  tshameke ka maatla le sebete sa rona.  