Puso e ipakanyetsa palo e etla tlhatlogang ya ditshwaetso tsa  COVID-19

Allison Cooper

DITHULAGANYO TSA GO IPAAKANYETSA KGONAGALO YA  go tlhatloga ga dikgetse tsa  COVID-19  tse di solofetsweng mo puso le makala a poraefete ba tshwarisaneng go tlhoma dipetlele tse di leng kgakala le baagi, mo go rekeng didirisiwa tsa ipabalelo le go netefatsa gore naga ya Aforika Borwa e itirela didirisiwa tsa go thusa go hema.
Dikgetse tsa ditshwaetso tsa bolwetse jwa mogare wa corona  (COVID-19) di solofetswe fa di tla tlhatloga mo dibekeng tse di tlang mme puso e dira ka natla go netefatsa gore lekala la boitekanelo le bo le ithulagantse.
“Re ntse re tsweletse go reka didirisiwa tsa ipabalelo (PPE) go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle mmogo le go tshegetsa ditlamo tsa ka fa nageng gore di kgone go ka tlhagisa didirisiwa tseno,” Moporesitente Cyril Ramaphosa o totobatsa ntlha eno.
“Re tsweletse go tokafatsa ma-faratlhatlha mo dipetleleng, ra tlhoma dipetlele tsa nakwana le go reka malao a mangwe gape a a tla thusang balwetse ba COV-ID-19,” o tlaleleditse jalo.
Fa Seetebosigo a ne a roga, malao a feta 27 000 kwa dipetleleng tsa setšhaba a ne a beelwa kwa thoko go leta balwetse ba COVID-19 . Fa e le dipetlele tse di leng kgakala le baagi tsone, fa go setse go kono seditse go di rulaganya, tsona di tla bo di na le malao a le 13 000.
Mafelo a go katosa balwetse le dipetlele tse di leng kgakala le baagi Tona ya Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba Patricia de Lille o rile:  • Mafelotiriso a le 1 751 a tshwa  ilwe gore a tla dirisiwa jaaka
mafelo a go katosa balwetse,
mme ona a na le malao a feta
a le 129 600 ka fa nageng mo
ditikologong tsotlhe di le 44 le mo diteropokgolong tsotlhe di le robedi. • Mafelotiriso a le 358 a tshwa  ilwe kwa porofenseng ya
Kapa Bophirima mme ona a
na le malao a feta a le 27 500.  • Mafelotiriso a le 395 a setse
a tlhatlhobilwe ke ba Lefapha
la Boitekanelo mme ona a na
le malao a le 35 759. •  Dipetlele di le 32 kwa poro fenseng ya Kapa Botlhaba, di petlele di le 19 kwa poro  fenseng ya KwaZulu-Natal
mmogo le dipetlele di le 10 kwa porofenseng ya Mpuma  langa tsotlhe di nopotswe  gore di ntšhwafadiwe le go baakanyediwa go dira jaaka
dipetlele tse di leng kgakala
le baagi. Cape Town International Conven-tion Centre (CTICC), e ga jaanong e dirisiwang jaaka sepetlele se se leng kgakala le baagi se segolo go gaisa mo nageng ya rona se na le malao a le 862. Se amogetse balwetse ba sona ba ntlha ba le 10 mo letsatsing la bo 8 Seetebosigo 2020.Kwa porofenseng ya Bokone Bo-phirima, ditlhopha di semeletse ka go oketsa bogolo jwa dipetlele tse ba nang le tsona ka go aga dikarolo dingwe mo dipetleleng tseo. Maemo a ipaakanyetso a porofense ya GautengTona ya Gauteng David Makhura o rile porofense eno:
•  E na le malao a dipetlele a le 8 301,• E lokolotse balwetse ba ba seng mo maemong a a diphatsa kwa dipetleleng tse dingwe gore ba alafiwa ba le kwa malapeng a bona mme dikarolo tsa maokelo ao tsa fetolelwa go dirisediwa jaa-ka dikarolo tsa COVID-19 , mme kgato eno e dirile gore re nne le malao a le 555 a dioto tse di amo-gelang balwetse mmogo le malao a mangwe a le 308 kwa diotong tsa balwetse ba ba lwelang bo

 tshelo le badimo, e tlhomile dio-to tse dintšhwa tse di tla dirisediwang saruri kwa sepetleleng sa Kopanong, sa Jubilee, sa Chris Hani Baragwanath le sa George Mukhari mme seno se okeditse palo ya malao ka malao a le 800, mme ya  netefatsa gore lefelotiri-so la kwa Nasrec le na le malao a mangwe a mantšhwa a le 500.Ka kgwedi ya Motsheganong, Makhura o amogetse dithuso go tswa kwa setlamong sa BMW le sa Nissan go thusa ka go aga sepetlele se se leng kgakala le baagi kwa Ross-lyn, Tshwane.Dipetlele tse di leng kgakala le baagi tsa porofense ya Kapa BotlhabaKwa porofenseng ya Kapa Bo-tlhaba, sepetlele se se leng kgakala le baagi se se nang le malao a le1 000 se tlhomilwe kwa Lebaleng la Metshameko la Nelson Mandela Bay.
Mabala a mangwe a metshameko le one a dirisiwa jaaka mafelo a go katosa bao ba nang le mogare mmogo le go dirisiwa jaaka dipetlele tse di leng kgakala le baagi, ona a tsenyeletsa Lebala la Metshameko la Cape Town le Lebala la Metshameko la FNB. Puso ya naga ya Jeremane mmogo le setlamo sa Volkswagen ba solofeditse R107 milione e e tla dirisediwang go aga sepetlele se se leng kgakala le baagi kwa Port Elizabeth. Fa go setse go konoseditswe ka dithulaganyo tseno, sepetlele seno se tla kgona go amogela malao a le 4 000.
Didirisiwa tsa go thusa go hema  Aforika Borwa, ka thuso ya dipuso tse di farologaneng, ditlamo tse di farologaneng le mekgatlho e e farologaneng, e kgonne go bokeletsa di-PPE tse dintsi, melemo e mengwe le didirisiwa tse dingwe tsa go thusa go hema.Didirisiwa tsa go thusa go hema tsa kalafo ke motšhini o o thusang matshwafo go hema. Di dirisiwa go thusa balwetse ba ba retelelwang ke go hema. Balwetse ba ba tshwe rweng ke bolwetse jwa mogare wa COVID-19  ba retelelwa ke go hema. Puso ka kgwedi ya Moranang e ne ya thankgolola Porojeke ya Naga ya Didirisiwa tsa go Thusa go Hema, gore go betliwe metšhini e mengwe gape e mentsi ka ntlha ya fa e ne e tlhaela mo lefatsheng ka bophara. Go solofetswe gore didirisiwa tse di phasisitsweng di tla simolola go tlhagisiwa ka kgwedi ya Seetebosigo mme puso e solofetse gore go tlatlhagisiwa didirisiwa tse dingwe tsa go thusa go hema di ka nna 20 000 mo dikgweding tse di tlang.Letlole la Tshwaraganelo le solofeditse matlole a go tla rekwang ka ona didirisiwa tsa go thusa go hema di le 200, tseo di tla neelwang dipetlele go ya ka ditlhoko tsa tsone.Amerika e thusi-tse naga ya Aforika Borwa ka didirisiwa tsa go thusa go hema di le 1 000, mme di le 20 tsa tsona di amogetswe ke Tona ya Boitekanelo Zweli Mkhize ka Seetebosigo 2020.
Di ne tsa gokelelwa kwa Sepetleleng sa Dithuto tsa Bongaka sa Chris Hani Baragwanath kwa Soweto. Dithuso tse di latelang di tla dirisiwa mo mafelotirisong a kwa porofenseng ya Kapa Bophirima.Didirisiwa tsa ipabalelo tse di dirisiwang ke batlhankedi ba boitekaneloE nngwe ya ditiro tsa Letlole laTshwaraganelo tse di kwa setlho-gong ke go tlamela badiredi ba ditiro tsa boitekanelo ka di-PPE ba ba jaaka dingaka le baoki. Letlole leno, le le kgonneng go bokeletsa R2.61 bilione go ﬁ  tlha mo motsing wa gompieno, le kgonne go reka di-PPE tse di ka kgonang go thusa maokelo a setšha-ba le badiredi ba boitekanelo ba mo metseng sebaka sa dikgwedi di le pedi.Le fa go le jalo, di-PPE di santse di tlhaela go ralala le lefatshe lotlhe, go akaretsa le mo nageng ya Aforika Borwa.Ditheo tse di  tsentshitseng  letsogo ka go thusana ka di-PPE di tsenyele-tsa mokgatlho wa Business for South Africa, setlamo sa Naspers, setlamo sa First National Bank , mokgatlho wa United Pharmaceutical Distrib-utors, puso ya the People’s Republic of China, Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO), setla-mo sa Ford Motor Company  mmogo le Letlole la Tshwaraganelo.
Boikuelo jo bo tobaneng le Badiredi ba tlhokomelo ya boitekaneloPalo e ntsinyana ya badiredi ba tlhokomelo ya boitekanelo e tlatlhokega fa dikgetse tsa ditshwae-tsego tsa COVID-19  di tswelela go tlhatloga mme puso e ikuetse mo go badiredi ba tlhokomelo ya boiteka-nelo ba ba sa direng mmogo le di-ngaka go ikgolaganya le diporofense tse ba nnang mo go tsona. “Re ikuela mo go badiredi botlhe ba tsa boitekanelo, go tsenyeletsa le bao ba rotseng tiro, go itlhagisa le go thusa mo tirong eno – le fa tota e le go thusa  sebaka se se khutshwanyana fela go tla bo go siame,” ga rialo Tona Mkhize.Puso e rometse gape le dingaka di le 217 tse di tswang kwa nageng ya Cuba kwa dikarolong tsotlhe tsa naga eno.

“Re tsweletse go tokafatsa mafaratlhatlha mo dipetleleng, ra tlhoma dipetlele tsa nakwana le go reka malao a mangwe gape a a tla thusang balwetse ba COVID-19 .