Mme wa bana yo a nang le malwetse a a iphitlhileng o paletse COVID-19

Silusapho Nyanda 

INSAAF MOHAMMED  a re go botlhokwa thata gore maAforika Borwa, bogolosegolo ao a nang le malwetse a a iphitlhileng, a rwale maikarabelo fa go tla mo itekanelong ya maphelo a bona.
Batho ba ba nang le malwetse a a iphitlhileng – a a jaaka bolwetse jwa go hupelana, bolwetse jwa kgatelelo ya madi a ma-golo, malwetse a diphio le bolwetse jwa tshukiri – ba ka itemogela matshwao a a bogale a mogare wa corona (COVID-19), mo ba ka feletsang ba thutse botala ka tlhogo ka ntlha ya kgatelelo eo mogare ono o e dirang mo mebe-leng ya bona.
Ke ka lesego fa ngaka ya boitseanape jwa  dikgobalo le bogolo-fadi e e nnang kwa Mo-tsekapa e ne e welwa ke leru la go ﬁ  tlhelwa a na le COVID-19, mme mmemo-tsadi yono wa bana ba le ba-raro Insaaf Mohammed, wa dingwaga di le 40, ka a ne a ntse a tshwenngwa ke bo-lwetse jwa go hupelana, o ne a kgona go laola malwetse ano ka bobedi mme ga a a ke a iphitlhela a gatelegile.Mohammed o tshwaedi-tswe ke monna wa gagwe ka COVID-19, yo a dirang kwa laboratoring ya Sepetlele sa Groote Schuur. Ngwana wa mosimanyana wa Moha-mmed yo a nang le dingwaga di le supa le ene go ne ga ﬁ  -tlhelwa gore o tshwaetse-gile.Morago ga gore go ﬁ  tlhe-lwe ba tshwaetsegile, boraro jono bo ne ba nnela kgakala le batho mme ba itswalela mo ntlong. “Re ne ra inotlelela ka fa kamoreng ya rona, mme mma-tsale wa me – yo le ene a nang le bolwetse jwa tshukiri le  bolwetse jwa kgatelelo ya madi a magolo ka lesego ene o ne a sa tshwae-tswa ke mogare ono – o ne a re tlhokomelela bana ba bangwe ba rona ba le babedi,” ga rialo Moha-mmed.Go ya ka Lefapha la Boitekanelo la porofense ya Kapa Bophirima, batho ba ba nang le bolwetse jwa kgatelelo ya madi a mago-lo, bolwetse jwa tshukiri le malwetse a diphio ke ba bangwe ba batho ba ba nang le malwetse a a iphi-tlhileng ba ba tlhorontshi-wang ke COVID-19.Go tloga ka la bo 25 Mo-tsheganong, batho ba ba nang le malwetse a a iphi-tlhileng a a latelang ba bo-ntshitse ba na le matshwao a a bogale:
• Bolwetse jwa kgatelelo ya madi a magolo, 58%• Bolwetse jwa tshukiri, 56%• Malwetse a diphio, 17%• Bolwetse jwa Mogare wa Lebolelateng (HIV), 16%• Bolwetse jwa go hupela-na kgotsa malwetse a go sitisa go hema, 15%• Bolwetse jwa pelo, 11%• Go nona pheteletsa, 13%• Bolwetse jwa lehuba (TB), 13%• Bolwetse jwa kankere, 2%• Malwetse a mangwe a mantsi a a iphitlhi-leng, 16%.Mohammed a re se se mo tshositseng thata ke fa a ne a hupelana le go feta ka ntlha ya COVID-19. “Ke ne ke ikutlwa ke lapile mo go maswe, ke gotlhola le mafatlha a me a hupelane, mme seno se ne se thusiwa ke peipi ya me ya bolwetse jwa go hupelana. Matshwao a me a ne a sa tshwane le a monna wa me yo ene a neng a opelwa ke mmele, a silega, a hupelane mafatlha, a hupela mowa, a thibana diphatlhana tsa nko tsa go hema, a na le sehuba se se humileng mo mafatlheng a gagwe mmogo le go opiwa ke tlhogo. Ngwana wa me wa mosimanyana ene o ne a opiwa ke tlhogo matsatsi a le mararo, fela o ne a ithara-bologelwa ka bonako fa ma-tshwao a gagwe a okobala,” o tlhalositse jalo.Ba lelapa la ga Mohammedba ne ba obamela dikgato tsotlhe tsa boitekanelo tse di ka ga go itisa kwa gae le kwa tirong, go efoga go tshwaetswa ke mogare ono. “Ba lelapa la me ba ne ba tlhaloganya, ba na le tlhokomelo e bile ba re tlhokometse, ba ne ba re tli-setsa dijo tsa dilalelo bosigo jo bongwe le jo bongwe, fela baagisani ba rona ka dinako dingwe ba ne ba sa kgathale mme e bile kutlobotlhoko e e tlhodiwang ke mafara-tlhatlha a ditlhaeletsano ke e e boitshegang tota,” ga rialo Mohammed.Lefapha la Boitekanelo la porofense ya Kapa Bophiri-ma la re fa o phela ka go nwa metsi le go ela tlhoko maemo a tshukiri mo mme-leng wa gago, go tlhokome-la maemo a gago a madi le a go ﬁ  sa ga mmele ke tsona di-kgato tse di botlhokwa thata mo go laoleng COVID-19, bogolosegolo mo balwe-tseng ba ba nang le malwe-tse a a iphitlhileng.Mo godimo ga seno, lefapha le eletsa batho ba ba nang le malwetse a a iphitlhileng:
• Go nwa melemo ya bona ka tshwanelo, jaaka o lae-tswe ke modiredi wa tlho-komelo ya boitekanelo. • Go tlhapa diatla tsa bone ka metsi a sesepa sebaka sa disekono di le 20, pele ba ka kgoma melemo ya bona.• Go se kgaotse go nwa me-lemo ya bona ntle fa e le gore ngaka ya bona e ba laetse jalo e bile ba seke ba nwa melemo ya bona le ope.• Go leka go ikatisa mebele sebaka sa metsotso e le 30 ka letsatsi.Lefapha la re batho ba ba nang le bolwetse jwa tshukiri ke bona ba leng mo kotsing thata ya go ka itemogela matsapa a ma-golo ka ntlha ya COVID-19, fela fa e le gore motho o tlhokometse bolwetse jwa tshukiri sentle kgonagalo ya gore a gatelege ke e e kwa tlase thata.“Ka kakaretso, batho ba ba nang le bolwetse jwa tshuki-ri ba na le kgonagalo e ntsi ya gore ba ka itemogela ma-tshwao a a bogale le matsapa a magolo fa ba ka tshwae-tswa ke mogare ono. Ka ntlha ya fa batho ba ba nang le bo-lwetse jwa tshukiri ba le mo kotsing e e kwa godimo ya go gatelelwa ke COVID-19, go tshwaelwa gore go tswe-lelwe ka dikgato tsa go ka-togana fa go kgonagalang. Go nona pheteletsa le yona ke e nngwe ya dikotsi tse dikgolo mo bathong ba ba gateletsweng ke COVID-19. Fa go kgonagalang batho bano ba elediwa gore ba fokotse bokete jwa mebele ya bona.”Go alafegaMorago ga go nna kgakala le batho sebaka sa matsatsi a le 14, Mohammed o ne a boela kwa tirong. A re go fola ga mogare ono mo go ene go fetotse ka fao a naganang ka teng le ka fao a bonang bo-tshelo ka teng.“O simolola go bona sentle botlhokwa jwa balelapa la gago le dilo tse dinnye tse o di itemogelang tsone mo botshelong. Ke batla batho mo mafelong otlhe a tiro go tsaya maikara-belo mo boitekanelong jwa bona le go ruta bamalapa le bana ba bona, bogolosegolo jaanong ka bana ba boetse kwa dikolong. “Thusa ngwana wa gago gore a batle ditsela tse dingwetse dintšhwa tsa go bontsha fa a santse a na le lerato mo ditsaleng tsa gagwe, ntle le gore ba atumelane le go kgomana. Dira gore ba lapa la gago ba iphepafatse ka go bolaya megare pele ba tsena ka ntlo, a ba apolele ditlhako tsa bona ka fa karatšheng mme ba di sie foo fa go kgo-nega, apola diaparo tsotlhe tse o neng o di apere fa o ne o le mo bathong mme o tsene mo metsing pele o ka dumedisana le ba lelapa la gago mme o ipabalele mo boitekanelong gore o kgone go ba sireletsa,” o tlhalositse jalo.Lefapha le eletsa batho ba ba nang le malwetse a a iphi-tlhileng go ja dijo tse di nang le dikotla, ba ikatise gangwe le gape, ba tlho-komele maemo a bona a kgatelelo ya monagano, ba obamele melao ya ka fao ba tshwanetseng go nwa melemo ya bona ka teng le go latela dikgato tsotlhe tsa go thibela kgonagalo ya go tshwaetsega.  vmo ntlong.
“Re ne ra inotlelela ka fa kamoreng ya rona, mme mmatsale wa me – yo le ene a nang le bolwetse jwa tshukiri le  maemo a tshukiri mo mmeleng wa gago, go tlhokomela maemo a gago a madi le a go ﬁ  sa ga mmele ke tsona dikgato tse di botlhokwa thata mo go laoleng  COVID-19bogolosegolo mo balwetseng ba ba nang le malwetse a a iphitlhileng.
Mo godimo ga seno, lefapha le eletsa batho ba ba nang le malwetse a a iphitlhileng:
•  Go nwa Insaaf Mohammed, yo gape a nang le bolwetse jwa go hupelana, o paletse COVID-19 .
Fa e le gore o na le matshwao mangwe le mangwe, a a jaaka go opiwa ke tlhogo, go gotlhola kgotsa go hupela mowa, ikgolaganye le mogala wa tshoganyetso wa COVID-19  mo go 0800 029 999 kgotsa o romele ka WhatsApp  lefoko le le reng ‘Hi’ mo go 0600 123 456.