Bašwa ba naga ya Aforika Borwa ke  bona moodi wa thotloetso le tsholofelo 

vukuzenzele unnamed

Mafoko a ga Frantz Fanon a gore ‘ko-koma nngwe le nngwe e tshwanetse go ipa-tlela seo maitlhomo a yona a leng ka ga sona’ ke mafoko a a ntlelang gangwe le gape fa ke neelwa tšhono ya go buisana le bašwa ba naga ya Aforika Borwa.
Go sa kgathalesege gore ba nna kae le gore ba dira eng, se se mo pelong tsa bona ke go fetola lefatshe.Le fa e le boammaruri gore ba batla go fetola matshelo a bona, ba batla gape le gore ba age setšhaba se se botoka le lefatshe le le botoka. Ba ipona e le baronngwa ba ba ka tlisang phetogo e e botlhokwa thata.Go tswa kgale kwa loe bašwa ba ntse e le bona ba ba lwelang phetogo. Mo dingwagasomeng di le mmalwa tse di fetileng, bašwa ba ne ba thankgolola matsholo a kgaratlho kgatlha-nong le botlhoka bosiamisi jo bo neng bo le teng, re simolola fela ka go melela puso meno ga baithuti ka ngwaga wa 1968 kwa Paris, go leba kwa mo-gwantong o o kgatlhanong le ntwa kwa nageng ya Amerika mo dingwageng tsa bo 1960, go ya kwa ditiragalong tse di neng di ema kgatlhanong le dipuso tsa bokoloniale mo dinageng di le dintsi tsa Aforika le tsa Asian, go akaretsa gape le ntwa kga-tlhanong le puso ya tlhaolele, mmogo le megwanto ya go ema kgatlhanong le mebuso ya maArab.Go sa le sešweng jaana, bašwa ba ntse ba goga kwa pele mo-gwanto wa #BlackLivesMatter o ga jaanong o tshegediwang lefatshe ka bophara go latela go bolawa ga George Floyd kwa nageng ya Amerika.Mo dibekeng di le mmalwa-nyana fela tse di fetileng, balwe-lakgaratlho go ralala le lefatshe ka bophara ba ntse ba lwela gore matshwao otlhe a a babatsang ditiragalo tse di setlhogo le tse di renang tirisodikgoka mo go rekisiweng ga makgoba le mo dipusong tsa bokoloniale a thubakakiwe.Kwa Yunibesiting ya Oxford go runtse megwanto mo ma-lobeng moo batsholeditseng melaetsa e e neng e re ‘Rhodes must Fall’, e leng go supa tshe-getso mo go seo se neng se lwelwa ke baithuti ka fa nageng ya rona mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng.Bašwa go ralala le lefatshe ka bophara ba kopanngwa ke mogopolo o o tshwanang. Ba ruthaganya difikantswe le matshwao a mangwe otlhe a a ka ga ditiragalo tsa go nyefola merafe e mengwe, ba batla gore kharikhulamo mo ditheong tsa thuto e rutlomololwe gore e se nne ya bokoloniale jaaka e ntse, e bile ba batla gore ditheo tse di leng teng di rutlumolole dikgato tsa tlhaolele tse di leng teng mo ditheong mmogo le tsa go tlodisa batho ba bangwe matlho.Ka jalo, jaaka re tla bo re tlotla bašwa ba 1976 ka letsatsi la bo 16 Seetebosigo 2020, re batla gape le go supa tlotlo mo go bašwa ba ba tlileng morago ga puso ya tlhaolele mo nageng ya Aforika Borwa, e leng bona bajalefa ba ba matshwanedi ba lefa leno la tlotlo. Maitlhomomagolo a bašwa bano ba 1976 e ne e le go rutlu-molola thuto ya bathobantsho; mme a bašwa ba gompieno ke go tsweletsa porojeke ya tshwa-relano le poelano ya naga.Mo dinakong tse di tlang e tla re fa go buiwa ka monongwaga, ngwaga wa 2020, ga ‘twe ke ngwaga o o rebotseng dikgato tse dintšhwa mo hisetoring ya batho.Ga se fela seabe se segolo se mogare wa corona o nnileng le sona mo matshelong a batho le ka fao ba itshedisang ka gone, o kgotlhokgoditse gape le ka fao lefatshe le neng le dira dilo ka gone.Tsela eo leroborobo leno le dirileng dilo ka gone ke se-gakolodi sa ka fao batho mo lefatsheng ba golaganeng ka teng le tlhokotekatekano e e tse-neletseng eo e leng teng gareng ga dinaga le gareng ga batho ka fa nageng e le esi.Leroborobo leno le re naya tšhono ya go rulaganya sešwa lefatshe le le senang dinaga tse di batlang go huma di le esi go gaisa tse dingwe, le go senang go inaganela o le esi e bile go sena go ipona o le motho o le esi gareng ga batho ba bangwe, e seng fela mo bathong ka esi fela le mo ditšhabeng tsotlhe.Bašwa ba re bolelela gore me-theo ya botlhokwa ya go nna le botho, kutlwelobotlhoko le go nna ngatana e le nngwe e tshwa-netse go nna selo se se botlho-kwa thata mo setšhabeng se sentšhwa se se tla supologang, le gore ba na le maikemisetso a go etelela pele lefatshe le lentšhwa le le botoka.Mo dipuisanong tse ke di tshwereng le bašwa ke ba bo-leletse gore ba se tsee botlhofo maatla a dikakanyo di nang le ona, ka ntlha ya gore ke dika-kanyo tse di ka fetolang lefatshe e bile ke dikakanyo tse di fe-totseng lefatshe. Ke dikakanyo tse di fetlhileng kgatelopele ya motho e bile ke tsona tse di tla re kgontshang gore re simolole tsela e ntšhwa fa re sena go tsena mo pakeng e ntšhwa ya morago ga paka ya mogare wa corona. Bašwa bano ba fetotse mego-polo ya bona go kaela dikgato tse ba di tsayang. Ga ba a ke ba letlelela go tlhoka didirisiwa go ba ema ka fa pele. Ba ipu-letse ditšhono mo makaleng a le mantsinyana go tloga mo go a dithekenoloji tsa maemo a a kwa godimo go tsenyeletsa le a tshomarelo ya tikologo.Ke mo nakong eno go feta mo malobeng mo re solofelang go le gontsi mo bašweng ba naga eno go tla ka ditharabololo tse di tla ba unngwelang mmogo le go unngwela metse e ba tswa-ng kwa go yona mabapi le kgwe-tlho ya botlhokatiro.Mme go ntse go le jalo, ke gwetlha bašwa ba naga eno go tla ka manaane a a tla re kgontshang go ﬁ  tlhelela dipeelo tsa rona tsa tlhabololo.Ka ngwaga wa 1961, Cuba e ne ya romela baromiwa ba yona ba bašwa ba baithuti bao ba ithao-pileng go ya kwa dithabeng le kwa metseng ya kwa magaeng go ya go thusa go aga dikolo, go ruta go buisa le go kwala le go katisa barutabana ba bantšhwa. Letsholo la bona la go buisa le go kwala le santse le tsewa jaaka la a mangwe a a atlegileng thata mo hisetoring ya segompieno.Bašwa ba rona ba tshwanetse go ithuta matsholo a go ithuta go itirela dilo ka bobona le go etelela kwa pele matsholo ano.Fela jaaka ba ne ba ema ba kgaratlhela go tlhoka tekateka-no mo ditheong tse dikgolwane, matlhagatlhaga a bašwa ba rona a tshwanetse go dirisiwa go lwela tekatekano mo ditirelong tsa tlhokomelo ya boitekanelo, go refosana maemo a beng ba lefatshe mmogo le se se botlho-kwa go gaisa, go lwela bosia-misi mo bathong ba bong jo bo farologaneng.Fela jaaka maAforika Borwa a mangwe otlhe, le nna ke yo mongwe wa batho ba ba ga-gamaditsweng ke dipolao tse dintsi tsa makgarebe a a bola-wang ke batho ba borre. Tseno ke ditiro tse di gagamatsang mo go maswe tse di senang botho e bile ka fa nageng ya rona ga go foo re di bayang.Matsholo a kgaratlho ya baagi a a eteletsweng pele ke bašwa, matsholo a temososetšhaba le a go thobiwa maikutlo ke bankane ba gago a botlhokwa mo go maswe mo go fediseng tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV) mo baaging ba rona. Go santse go le jalo, re tshwanetse go gagamatsa thulaganyo ya naga ya rona ya bosiamisi, re netefatse gore di-tlhokotsebe tseno di a golegwa, dikgato tsa kgonagalo ya gore ditlhokotsebe tseno di ntshiwe mo kgolegelong ka beili kgotsa ka parola di a gagamadiwa le go netefatsa gore batho bao ba atlholelwang botshelo jwa bone jotlhe kwa kgolegelong ba golegwa koo matshelo a bona otlhe.Le fa kgato eno e tlhoka setšhaba sotlhe go nna le seabe, ke ikuela bogolosegolo mo ma-kaung a naga eno go samagana le GBV . Fa re sa fenye ntwa eno e basadi ba naga ya Aforika Borwa ba tobaneng le yona, toro ya rona ya go aga setšhaba se sentšhwa e tla nna e e letobo.Batho ba ba jaaka nna ba e neng e le karolo ya mogwanto wa baithuti mo nakong ya tlhaolele gantsi ba botsisiwa gore re nagana eng ka bašwa ba mo matsatsing ano. Ka dinako dingwe motho o ikutlwa e kete o ka boela morago ‘ko matsa-tsing a phenyo’ fa dipolotiki tsa baithuti le kgaratlho, di neng di dira semaka mo seo se ka se tlholeng re se bone gape.Fela jaaka bašwa ba mo malobeng ba itshupile seo ba se emetseng, le ba gompieno le bona ba itshupile seo ba se emetseng.Bašwa ba naga ya Aforika Borwa mo ngwageng wa 2020 ba tlhatlositse maemo go gaisa a ba mo malobeng. Ba na le tsho-lofelo, ba kakatletse e bile ba na le sebete, e bile mo dinakong ka bontsi ba iphitlhela ba tobane le mathata a a seng kana ka sepe.Ke bona moodi wa thotloetso le tsholofelo. Ka ditiro tsa bona, ba aga lefatshe le le nang le bo-siamisi go gaisa, le le nang le tekatekano, le le somaregang e bile le rena ka kagiso.
