Tla re babaleleng le go tshegetsa bana ba rona

vukuzenzele unnamed

Letsatsi la Boditšha batšhaba la go Keteka Pabalesego ya Bana, leo le ketekiwang ka la bo 03 Seetebosigo go ralala le lefatshe le lemosa batho ka ditshwanelo tseo bana ba nang le tsona le tlhokomelo eo e ba siametseng. Jaaka go le matshwanedi, ka lona letsatsi leo, go ketekiwagape le  Letsatsi la Lefa tshe ka Bophara la Dinaga kopano (UN) go Keteka Seabe sa Batsadi, mo go ketekiwang maikano a batsadi le batlhokomedi ba bana mo go netefatseng gore ba nna le tlhokomelo e e siameng mo baneng.Ke rata go ka leboga dimilionemilione tsa batsadi, bokoko le bontatemogolo mmogo le batlhokomedi ba bana go ralala le naga ya Aforika Borwa ba ba tswelelang go nna le seabe se se botlho kwa mo go godiseng baagi ba naga eno ba ba potlana. Thotloetso, tshegetso le pabalesego e bana ba e bonang mo batsading ba bona le mo batlhokomeding ba bona e botlhokwa thata mo bokamosong le mo go direng sentle ga ngwana.Ka la bo 01 Seetebosigo 2020 naga e ne ya tsena mo kgatong e ntšhwa ya go lwantsha na le mogare wa corona. Ditiragalo di le dintsinyana di ne tsa boela sekeng, tse di tsenyeletsang le tsa go bula dikolo ka makgaokgao. Re itlhalositse gore dikgato tsa rona di tla ikaega ka di kgato tse di seng mo lebe long, re sekegela tsebe le go tlhabiwa botlhale ke dikeletso tsa borasaense le go gogwa kwa pele le ke seo re se bonang se diragala mmogo le go sekegela tsebe maikutlo a bannaleseabe botlhe. Mo dibekeng tse di fetileng di le malwanyana, jaaka re ne re ipaakanyetsa go boela kwa sekolong, re ne ra nna le dipuisano di le telele tse di tseneletseng le botlhe ba ba nang le seabe mo lekaleng la thuto. Tseno di re butse matlho gore re tseye dikgato dife mo go samaganeng le ntlha eno e e matswakabele e e nang le dikgwetlho di thiba letsatsi eno.Bannaleseabe ba le mmalwanyana – go tsenyeletsa barutabana le batsadi – ba tlhagisitse matshwenyego a bona ka ga maemo a go ipaakanya mo dikolong di le dintsi. Re ba utlwile, re itumelela ditshwaelo tsa bona mme e bile re tsaya dikgato go rarabolola ma tshwenyego a ba nang le ona mmogo le go tsibogela ditshitshinyo tsa bona.Go a tlhaloganyega gore batsadi ba le bantsi ba bana mmogo le batlhokomedi ba bana ba na le megopolo e le mentsi ka ga go bulwa sešwa ga dikolo maemo a ntse jaaka a le. Fela seno se wetsa ma tshwafo go itse gore bana jaa nong ba tla kgona go tswele tsa dithuto tsa bona morago ga gore ba emisiwe go ya sekolong sebaka se se telele. Bana ba fisegela go ya sekolong le go bona ditsala tsa bona le barutabana ba bona.Le fa go le jalo, go na gape le ketsaetsego mo batsading, mo barutabaneng le mo barutwaneng ka bobona. Batsadi ba batla gore re ikane gore dikgato tsotlhe tsa pabalesego di tla tlhomiwa ka tshwanelo gore di babalele barutwana. Pabale sego ya baagi ba ba potlana ba naga ya rona mo mererong ya boitekanelo le ya pholo ga se selo se re tla se tsayang botlhofo. Ke selo se se botlho kwa thata mo go rona.Jaaka re ipaakanyetsa go bula sešwa dikolo le ditheo tsa thuto e kgolwane, batlha nkedi ba bagolo ba ditheo tsa thuto ba ntse ba semeletse ka go rulaganya le go tsenya tirisong dikgato tsa pabale sego ya boitekanelo kwa di kolong le kwa ditheong tseo. Ba netefatsa gore ditokomane tsotlhe tse di ka ga dikgato tsa go dira tiro tse di letle letsweng di neelwa dikolo tsotlhe. Dikgato tseno tse di letleletsweng di tsenyeletsa dintlha tse di jaaka katiso le go katisa batlhankedi ba ba tla samaganang le ditiro tsa tlhatlhobo, thulaganyosešwa ya lenaneo la dithulaganyo tsa dithuto mmogo le go rulaganya diphaposi gore di obamele melao ya go katogana ga batho. Re tswelela ka dikgato tsa go tlamela ka didirisiwa tsa go ipabalela le go netefatsa gore tlamelo ka metsi le kgeleloleswe e a diragadiwa. Dikgato tsa thuto, gang fa di sena go simolola, di tla diragadiwa ka tsela e e nang le melaokiletso e e gagametseng mo palo e e nepileng ya barutwana e tla letlelelwang mmogo le ya baithuti.Jaaka re le batsadi, barutabana, Makgotlataolo a Dikolo (di-SGB) e bile re le puso, re a dumelana gore ga go sekolo sepe se se tla bu lwang go fitlha dikolo di nna mo maemong a a siameng a go ka itepatepanya le dikga to tsotlhe tsa pabalesego. Dikolo ga di a tshwanela go fitlha maemo a tsona a ipaakanyo. Motho mang le mang yo a nang le seabe se se botlhokwa mo lephateng leno, e ka tswa e le motsadi, tokololo ya SGB, morutabana kgotsa motlhankedi wa puso o tshwanetse go bona tshedimosetso e e nepagetseng e e ka ga maemo a ipaa kanyo a sekolo se sengwe le se sengwe. Ke maikarabelo a rona rotlhe go netefatsa gore maemo kwa dikolong a babalesegile.Ke rata bogolosegolo go ka rolela hutshe batsadi le batlhokomedi ba bana, ka karolo e ba e tshamekileng mo dikgweding di le pedi tse di fetileng. Jaaka dikolo di tswaletse, ba ne ba tshwa nelwa ke go jara joko e e seng kana ka sepe ya go ithutela bana ba bona letsatsi le lengwe le le lengwe. Batsadi ba le bantsi le batlhokomedi ba bana ba ne ba gapeletsega go thusa bana ba bona ka ditiro tsa sekolo fa ba ne ba le kwa magaeng a bona, mme ga gona nnete e e fetang eno gore seno tota se totobaditse botlhokwa jwa tiro eo barutabana ba samaganang le yona letsatsi le letsatsi.Gang fa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng go sena go fedisiwa mme barutwana ba bangwe ba bantsinyana ba simolola go boela sekolong, re le batsadi re tshwanetse go tswelela ka tiro ya rona ya go nna le seabe mo mererong ya thuto ya bana ba rona, e ka tswa e le mo go nneng karolo ya SGB, go ithaopa go thusa mo sekolong kgotsa ka mo kgwa o mongwe le o mongwe wa go thusa sekolo. Batsadi e ka nna karolo ya go ithaopa go phepafatsa dikolo, go dira ditshingwana kwa dikolong kgotsa ya nna karolo ya komiti ya baagi e e disang sekolo. Seno se ka retolola kgang ya gore “diko lo ke mafelo a baagi” go nna boammaruri. Le fa re belaela e bile re tshoswa ke go bona bana ba rona ba tswa mo dintlong tsa rona go leba dikolong, re tshwanetse go ikgothatsa ka gore go diriwa dikgato tsotlhe go ka ba babalela.O le motsadi o re neile  ngwana wa gago gore re mo tlhokomele le go mo babalena. Eno ke tiro e re sa e tseeng botlhofo. Mo ma tsatsing le mo dibekeng tse di tlang, re tla leba ka leitlho le le ntšhotšho dikgato tseno tsa go boela sekolong.Fa re ka latela dithulaganyo tsa pabalesego tse di leng teng – re le batsadi, barutabana, baagi ba mo metseng le barutwana – re tla kgona go fokotsa dikotsi tse di tlhodiwang ke mogare wa corona. Kwa bokhutlong e tla bo e le dikgato tseo re di tsayang mmogo le matsapa a re a tshwaraganetseng tse di tla babalelang bana ba rona. Sengwe le sengwe se re tla se dirang, re tlhoka gore re se dire ka go se tshwaraganela. 