Aforika Borwa e tsena mo kgatong ya boraro

vukuzenzele unnamed

Moporesidente  Cyril Ramaphosa o itsisitse gore Aforika Borwa e tla tsena mo kgatong ya boraro go tloga ka la 1 Seetebosigo 2020 – ka go bula bontsi ba makala a ikonomi le go tlosa palo ya dithibelo tsa motsamao wa batho.
Fa a bua le setšhaba pejana ka ga tswelopele mo togamaanong e e baakantsweng ya maemo a a masisi a Aforika Borwa a go laola go anama ga mogare wa COVID-19, Moporesitente a re naga e tla nna le mekgwa e e farologaneng go mekana le dikgaolo tse di nang le maemo a a kwa godimo go gaisa a tshwaetsego le phetalano.
Mafelo ao mo go ona tshwaetsego ya COVID-19  e leng kwa godimoDikgaolo tseno di supilwe e le mafelo a a nang le tshwaetsego e e kwa godimo ya bolwetse jwa mogare wa corona. Tsona di tsenyeletsa ditoropokgolo tse di latelang:: City of Tshwane  City of Johannesburg  Ekurhuleni  eThekwini  Nelson Mandela Bay  Buffalo City le Cape Town.Dikgaolo tse dingwe tse di supilweng e le mafelo a a nang le tshwaetsego e e kwa godimo ke  didika tsa bommasepala tsa West Coast, Overberg le Cape Winelands kwa Kapa Bo-phirima, sedika sa Chris Hani kwa Kapa Botlhaba, le sedika sa iLembe kwa KwaZulu-Natal.Lefelo le le nang le tshwaetsego e e kwa godimo ke fa go na le go feta batho ba le batlhano ba ba tshwaetsegileng go batho ba le 100 000 kgotsa fao ditshwaetsego tse dintšhwa di oketsegang ka lobelo. Go mekana le mogare mo dikgaolong tseno, puso e tla tsenyatirisong ditsenogare tse di tseneletseng tseo maikaelelo a tsona e leng go fokotsa palo ya ditshwaetsego tse dintšhwa.“Re tlile go dirisa mekgwa e e oketsegileng ya patlisiso, taolo ya mogare le tsamaiso. Re tla neela lefelo le lengwe le le lengwe le le nang le tshwaetsego e e kwa godimo  setlhopha sa leruri sa badiri ba ba nang le maitemogelo,” Moporesitente a rialo.Setlhopha seno se tla tse-nyeletsa dingaka tsa kanamo ya malwetse, dingaka, baoki, badiri ba tsa boitekanelo jwa baagi, baitseanape ba boite-kanelo jwa baagi le ditirelo tsa tshoganyetso tsa boitekanelo, di tshegediwa ke baitseanape go tswa kwa nageng ya Cuba.“Re tla gokaganya mafelo a tshwaetsego e e kwa godimo le ditirelo tsa tlhatlhobo, mafelo a phapho, mafelo a tswalelo, kalafi, malao a bookelo le go gata motlhala bao ba kileng ba kopana le batho bao go fitlhetsweng ba tshwaetsegile.“Fa go ka tlhokega, karolo nngwe le nngwe ya naga e ka busediwa mo kgatong ya bone kgotsa ya botlhano fa go anama ga tshwaetsego go sa nne ka fa tlase ga taolo le fa re dirile ditsenogare mme go na le kotsi ya gore didiriswa tsa rona tsa boitekanelo di tlala go feta selekano,” a rialo.Mafelo a a nang le tshwaetsego e e kwa godimo a tla sekasekiwa gangwe le gape mo sebakeng sa morago ga dibeke tse dingwe le tse dingwe di le pedi, mme seno se tla diriwa go ikaegilwe ka lebelo leo mogare ono o golang ka lona.Go bulwa ga ikonomiGo tsena mo kgatong ya bo-raro fa e sale Seetebosigo a roga, go raya gore makala a le mantsi a ikonomi a boela sekeng, mme seno se tla bo se ikokotletse ka go obamela ditsamaiso tsa boitekanelo tse di gagametseng le melao ya go katogana. Badiredipuso ba le bantsi le bona ba boetse tirong go ya ka metheo ya Molao wa Pabalesego le Boitekanelo kwa Tirong jaaka e kaelwa ke Lefapha la Tirelo tsa Setšhaba le Tsamaiso, le dira mmogo le mafapha a mangwe a puso.
Ditsamaiso le maano a lefelotiroFa makala a mangwe a mantsi a ikonomi a bulwa, puso e tla ikaega ka ditumelano tsa tirisano tse e di utlwanetseng le batshameka karolo botlhe ba ba botlhokwa tse di ka ga go samagana le mabaka a a botlhokwa a a ka ga dikotsi tsa kwa mafelong a tiro le a a ka bakang dikgore-letso magareng ga badiri le setšhaba.
“Ka jalo re tla konosetsa palo e le ntsinyana ya ditsa-maiso mo makaleng mme re tla kopa khamphani e nngwe le e nngwe go tlhama leano la lefelotiro pele e bulwa gape,” a rialo.Go ya ka maano ano, dikhamphani di tla tlhoka go tsenya dikgato tsa ite-kanelo le sekgala sa kamano le didiriswa; ba tla tlhoka go tlhatlhoba badiri letsatsi le letsatsi fa ba tla tirong, ba beele kwa thoko bao ba ka bong ba tshwaetsegile le go dira dithulaganyo tsa go ba tlhatlhoba.
“Gape ba tlhoka go thusa ka dikgato tsa go gata motlhala bao ba kopaneng le bao ba tshwaetsegileng fa badiri ba fitlhelwa ba na le mogare. Ka ntlha ya bokoa jwa bona, badiri botlhe bao ba nang le dingwaga di feta 60 le bao ba nang le malwetse a a jaaka bolwetse jwa pelo, bolwetse jwa sukiri, bolwetse jo bo sa foleng jwa mafatlha le kankere ba tshwanetse sentle sentle ba nne kwa gae,” go bua jalo Moporesitente.
Badiri bao ba kgonang go dira ba ntse ba le kwa gae ba tshwanetse go letlwa go dira jalo.Go ikaegile ka dikgato tseno, batlhagisi botlhe, dimaene, kago, ditirelo tsa ditšhelete, ditirelo tsa boporofešenale le kgwebo, thekenoloji ya tshedimosetso, ditlhaeletsano, ditirelo tsa puso le ditirelo tsa bobegakgang, di butswe go tloga ka la bo  1 Seetebosigo 2020. Dithulaganyo tse di maleba tsa dikgato tsa go bulwa  di tlhokwa go tsenngwa ti-risong go lefelotiro lengwe le lengwe.
“Dikgwebo tsa marekelo-magolo le a diaparo a tla bulwa ka gotlhe, go tsenye-letsa mabenkele, di-spaza le barekisi ba mo mebileng.Kgwebo ka inthanete e tla nna e butswe. Makala a mangwe a a ntseng a butswe, a a jaaka temothuo le dikgwa, dilwana tsa botlhokwa, di-tirelo tsa bongaka, tlhagiso ya dijo le tlhagiso ya dikuno tsa itekanelo, a tla nna a butswe ka gotlhe,” a rialo.
Ditiro tsa ikonomi tse di nang le kgonagalo e e kwa godimo ya go anamisa mogare di tla nna di tswaletsweDitiro tsa ikonomi tse di nang le kgonagalo e e kwa godimo ya go anamisa mogare di tla nna di tswaletswe. Tseno di tsenyeletsa:
• Ditirelo tsa mafelo a dijo, tsa dibara le tsa mareki-setso a bojalwa, ntle le di-tirelo tsa go isetsa moreki dijo kgotsa tsa gore moreki a tle go itseela otara ya gagwe ya dijo ka boene.• Ditirelo tsa mafelo a marobalo le tsa maeto a selegae ka sefofane, ntle le tsa maeto a kgwebo, ao a tla tsenngwang tirisong mo matlheng a a tla itsiseweng.• Ditirelo tsa dikhomferense, tsa ditiragalo, tsa ditiro tsa boitapoloso le tsa metshameko.• Ditirelo tsa tlhokomelo ya batho, go tsenyeletsa ditirelo tsa ntlafatso ya meriri le ya mmele.Motsamao wa batho le thekiso ya nnotagiBatho ba tla kgona go ika-tisa nako nngwe le nngwe mo letsatsing, fela eseng ka ditlhopha. Melaokiletso ya taolo ya nako ya motsamao wa batho e tla khutlisiwa.“Nnotagi e ka rekiswa go nowa kwa gae fela ka fa tlase ga maemo a a gagametseng, ka matsatsi a a rileng le ka diura tse di lekanyeditsweng. Dikitsiso mo ntlheng eno di tla dirwa fela fa dipuisano di weditswe le lekala leno ka ga maemo a a farologaneng,” go rialo Moporesitente.
Thekiso ya dikuno tsa motsoko e tla nna e sa letlele-lwa mo kgatong ya boraro, ka ntlha ya dikotsi tse di amanang le go tsuba.“Dikopano tsotlhe di tla nna di sa letlelelwe, ntle le diphitlho ka palo e e sa feteng 50 ya batho kgotsa dikopano kwa lefelotirong tebang le mabaka a tiro,” a rialo.Baagi ba solofele go tlhatloga ga ditshwaetsegoMoporesitente Ramaphosa a re, mo dipaakanyetsong tsa koketsego e e solofetsweng ya ditshwaetsego tsa COVID-19 mo nageng, bokana ka malao a bookelo a le 20 000 a baakantswe le go baakanyediwa go dirisetswa dikgetse tsa bao ba nang le COVID-19, le maokelo a nakwana a le 27 a agiwa go ralala naga.“Palo ya maokelo ano a sia-metse go amogela balwetse ba mogare wa corona.” Moporesitente a re puso e lebogela tiro e e tsweletseng go dirwa ke badiredipuso, bogolosegolo bao ba leng kwa pele mo ntweng kgatlhanong le COVID-19.
“Pabalesego ya badiri botlhe, go tsenyeletsa badiredi-puso, ke ntlha e e re tlhobae-tsang. Re tla tswelela go dira matsapa otlhe go neelana ka didiriswa tsa itshireletso go netefatsa gore mongwe le mongwe o babalesegile fa a le kwa tirong.“Se se botlhokwa mo go rona ke go fokotsa tšhono ya tshwaetso ya mogare le go dira tikologo e e babalesegileng,” a rialo. 

Maele a o ka a latelang go efoga go ka tshwaetswa ke bolwetse jwa mogare wa corona »Nna kwa gae ka moo o ka kgonang. »Gakologelwa go katoga batho ba bangwe. »Apara maseke wa gago wa go hema. »Tlhapa diatla tsa gago ka metsi a sesepa. Tlhapa bokwantle jwa matsogo a gago, magareng ga menwana le ka fa tlase ga dinala. Ka gale tlhapa diatla tsa gago ka metsi a sesepa pele o ja le fa o tswa kwa ntle. »Tswalela molomo wa gago ka thišu fa o gotlhola kgotsa o ethimola. Efoga go itshwara sefatlhego ka diatla tse di leswe ka nako tsotlhe.  »Senka thuso ya kalafi fa o sa ikutlwe sentle. Ma tshwao a a tlwaelegileng a COVID-19  mo mmeleng a tsenyeletsa go gotlhola, go elela ga mamina mo dinkong, letshoroma le go retelelwa ke go hema. Fa o itemogela nngwe ya matshwao ano, senka kalafi ka bonako.
Go bona tshedimosetso ka botlalo letsetsa mogala o o dirang bosigo le motshegare wa Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanang mo go 0800 029 999 kgotsa tsena mo go  www.health.gov.za le mo go www.nicd.ac.za