Kiletso ya motsoko e tla boloka matshelo a batho

Silusapho Nyanda

Batho ba ba tsubang ba ba welwang ke leru la go tshwarwa ke mogare wa corona (COVID-19) ba mo kotsing ya go welwa ke dingalo tse di boitshegang.
Mogare wa COVID-19 ke mogare o o kgoreletsang dikarolo tsa go hema. Ka ntlha ya seno, batho ba ba tsubang ba na le kgonagalo e tona ya go ka welwa ke leru la dingalo tse di seng kana ka sepe go feta tseo batho ba ba iseng ba kgome motsoko mo matshelong a bona ba ka itemogelang tsona, ga rialo Ngaka Catherine Egbe, moitseanape wa saense mo Yuniting ya Dipatlisiso tse di Malebana le Notagi, Motsoko le Diritibatsi tse Dingwe kwa Lekgotleng la Dipatlisiso ka tsa Boitekanelo la Aforika Borwa.Ngaka Egbe o tlhalosa gore go goga motsoko go a itsege gore go tlhola malwetse a le mantsi a magolo a a tsa-maisanang le matshwao a a bogale a COVID-19. Ona a tsenyeletsa:
• malwetse a kankere • bolwetse jwa pelo le jwa go swa letlhakore • bolwetse jwa go hupelana• bolwetse jwa tshukiri.“Le fa go goga motsoko e se selo se se tlholang gore motho a bolawe ke COVID-19, fela go ka tlhola seno ka tsela nngwe ka ntlha ya gore bagogi ba motsoko ba ka tshwarwa ke bolwetse jo bo ka koafatsang motho mme a bolawa ke mogare ono,” o tlhalositse jalo.Mo godimo ga seno, go goga motsoko go koafatsa dikarolo tsa ka fa teng tsa motho mme seno se tlhola gore mmele o retelelwe ke go dira tiro ya yona ya go lwantshana le malwetse. Ngaka Egbe a re go goga motsoko go lokolola dikhe-mikhale di feta di le 7 000 mme mo go tsona; di le 250 tsa dikhemikhale tseno di totobaditswe gore di kotsi mo mmeleng wa motho. Mme go tswa mo go tsona dikhemikhale tseno di le 250, di le 69 tsa tsona di itsege gore ke tsona tse di tlholang bolwetse jwa kankere. Seno se koafatsa boitekanelo jwa bagogi ba motsoko mmogo le jwa batho ba ba leng gaufi le bona fa ba goga motsoko.O tlhalositse gape le gore balwetse bao ba tshwerweng ke bolwetse jwa lohuba (TB) mmogo le bao ba tshwerweng ke bolwetse jwa go hupelana le bona ba mo kotsing e kgolo fa go tla mo go COVID-19. “Ga jaana, go na le bopaki jo bo bontshang gore batho ba ba nang le bolwetse jwa go hupelana ba mo kotsing e e seng kana ka sepe e e ka fe-letsang e ba thudisitse botala ka tlhogo fa ba ka tshwarwa ke COVID-19. Ga jaanong ga gona dipatlisiso tse di re-botsweng tse di totobatsang fa balwetse ba ba nang le TB ba le mo kotsing, fela Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO) o lemositse batho gore ga go sepe se se ka thibelang gore motho yo a nang le TB a ka welwa ke matsadi fa a ka bo a tshwarwa ke COVID-19.”O tlhalositse gore tshwetso ya go ilediwa ga go rekisiwa ga motsoko mo kgatong ya ga jaana ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng e mabapi le go thusa baagi.Go rekisiwa ga motsokoMoporesitente Cyril  Ramaphosa kwa tshimologong o ne a tlhalosa gore fa re tsena mo kgatong ya bone, go rekisiwa ga motsoko go tla letlelelwa fela puso e ne ya busetsa mora-go tshwetso eno go latela gore Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo a Mogare wa Corona (NCCC) le batle maikutlo mmogo le go tlhabiwa botlhale ke baitse-anape mo mererong ya boitekanelo le bannaleseabe ba ba farologaneng.Ngaka Egbe a re ntle le ditlamorago tsa go goga motsoko tse di tlholang malwetse a mangwe, gantsi fa batho ba goga motsoko ba na le go gogisana e leng selo se se ka oketsang lebelo la tshwaetsano ya COVID-19 mo baaging.“Gakologelwa gore batho ba gakolodiwa gore ba se kgome melomo ya bona, dinko le matlho. Fa motho a tsuba, a ka se kgone go latela ditaelo tseno tsa go  itlhokomela,” ga rialo Ngaka Egbe.Mo nageng e e renang ka malwetse a Mogare wa Lebolelateng/Lebolelateng, TB, tirisobotlhaswa ya diritibatsi mmogo le ka go itshiela, gareng ga dikgwetlho tse dingwe tse dintsi, Ngaka Egbe a re o dumela gore puso e tsere tshwetso e e nepileng go tswelela ka dikiletso tsa yona.O tlhalositse gape gore puso e dirisa tshedimosetso e ba nang le yona go tsaya dikgato tsa go ipabalela gore e tswelele go sireletsa maAforika Borwa gore ba se ke ba welwa ke leru le le wetseng dinaga tse dingwe tse di jaaka naga ya Italy.“Batho ba tshwanetse go gakologelwa gore dikiletso tseno ga di a tla go nnela ruri,” o tlhalositse jalo. Ga jaanong naga ya Aforika Borwa e na fela le didirisiwa tsa go thusa go hema di se kalo mme fa go ka diragala gore palo ya batho ba ba  tlhokang thuso ya didirisi-wa tseno e oketsege fa leuba leno le santse le re aparetse, naga e ka iphitlhela e le mo tobetobeng e e seng kana ka sepe mme ya iphitlhela e sa tlhole e kgona go tswa thuso batho ba ba e tlhokang.“Re na fela le bobotlana jwa dithusa go hema tse di kwa godingwana ga di le  3 000. Nagana fela fa batho ba ba leng kwa godimo ga dingwaga di le 65 ba ba tsubang ba ka tlhoka dithusa go hema tseno. Re ka iphitlhela re tlhoka di-thusa go hema di le 10 000 go ka thusa fela batho bao. Seno ke se sengwe sa dilo tse puso e batlang go ka di fapoga. Re solofela gore batho ba tla tsaya seemo seno jaaka tšhono ya go simolola go tlogela go goga motsoko,” o tlhalositse jalo.Dipegelo tse dingwe ka ga seno di ka fitlhelwa mo go sanews.gov.zaand stroke .

A o ne o itse?  O ka letsetsa Mokgatlho wa Naga o o Emang Kgatlhanong le go Goga Motsoko mo go 011 720 3145 go bona thuso ya go tlogela go goga motsoko. Mokgatlho wa Naga ya Aforika Borwa wa Merero ya Bolwetse jwa Kankere o na le lenaane le o le tsamaisang mo inthaneteng, le le tlamelang batsobi ba ba batlang go tlogela go goga motsoko ka tshegetso le tshedimosetso mo go: http://www.ekickbutt.org.za.
